Diapole

© Louise Brodie

Diapole ke e nngwe ya mefuta ya maungo e e ntshitswengkuno ka bophara ba lefatshe. Ditlhare tsa apole kgotsa Malus pumila di tlholegile kwa Bogareng ba Asia mme e jetswe kwa Asia, Yuropa le Amerika Bokone mengwagakgolo e mentsi. Ntshokuno ya apole le tiriso ke karolo ya ditso tse dintsi le jalo ka leungo, diapole di gatelela botlhokwa ba setso mo ditsong di le dintsi.

Diapole ke maungo a a tlhotlhoregang, tseo di melang mo ditlhareng. Ditlhare tsa apole di thunya ka dikgakologo mme e nontshiwa ke dinotshe. Leungo le le jewang gape le na le letlalo le le jewang mme se gola mo tsamaong ya dikgakologo le ka selemo, e butswa morago ga selemo kgotsa masimololong a letlhabula. Ditlhare tsa diapole di ka jalwa ka peu fela mo ntshokunong ya kgwebo, ka tlwaelo di phatlalatswa ka go tlhomela mefutafuta e e ratwang mo dikutung go thibela bolwetsi.

Mefutafuta e e farologaneng e jetswe ka ntlha ya ditatso tse di rileng itšego jaaka tiriso ya tse di foreše kgotsa go apaya mmogo le go dira matute le ntshokuno ya saeda.

Translated by Lawrence Ndou

Ntshokuno ya Apole

Di ntshwakuno kwa dikgaolong tsa maemo a bosa a a bothitho go ralala lefatshe, ka bobedi kwa Dikarolong tsa Bokone le kwa Borwa....more