Di-Cherries

© Louise Brodie

Maungo ano a mannyennye a a tswina a a farologaneng gotswa go serolwana, khibidu goya go phepolo-ntsho a tletse ka dikotla le di-antioxidants, mme a na le mokoa wa dipoelo tsa phôlô.

Mo Afrika Borwa, ke fela di-cherry tse di tswina, Prunus avium, tse di tlhagiswang, fela di-cherry tse di botšarara kgotsa bodila, Prunus cerasus, tse di diriswang mo go beikheng le mo dimonamoneng, di tlhagiswa kwa dinageng tse di jaaka Russia, USA le Ukraine. Tlhagiso e kgolo go gaisa ya di-cherry tse di tswina e tswile kwa Turkey dingwagasome di le di ntsi, fela mo sešweng Chile e ntse motlhagisi yo mogolo go gaisa wa di-cherry tse di tswina mo lefatsheng.

Mo Afrika Borwa, go feta halofo ya tlhagiso ya ditone di le 1 000 le go feta e rekiswa jaaka leungo le le jewang le le foreshe, kwa marekisetsong le mebarakeng ya selegae, fa mo go ka nnang 26% go romelwa-ntle. 8% e nngwe e a phetolwa.

Ditlhagiswa tsa Cherry

©Benny Mazur

Ntle le di-cherry tse di tswina tse di foreshe tse di leng teng jaaka selekanyô sa boleng sa Grade 1 kgotsa Grade 2 mme di pakelwa mo setshoding sa polasetiki kgotsa ka mo lebokosong la 5kg, di-cherry di diriswa gape go dira dinotagi tsa cherry le mefeine. Ditlhagiswa tse dingwe tsa cherry tse di jaaka cherry sauce, jêmê, di-cherry tse di tsentsweng mo mmolopiting le tse di phatsimisitsweng le tsona di tlhagiswa mo Afrika Borwa. Di-cherry tse di omisitsweng, tse di dirilweng lorole, tse di gatseditsweng le tse di omisitsweng tsa dirwa lorole ka mo gare ga kgapapeo le tsona di teng. Fela seloisi sa cherry (se se diring dinomatute jalo le jalo) se lerwe gotswa kwa ntle ga naga.

Di-cherry tse di phatsimisitsweng di tlhagiswa kwa Ficksburg kwa Porofenseng ya Free State ka tsamaiso e e bonolo fela e tsaya nako e telele. Ka tlwaelo di-cherry tse di serolwana di a diriswa, di kgetlwa fela pele ga di nna khibidu. Fa di simolola go nna khibidu, di tshwanelwa ke go sweufatswa kgotsa sebala se tla bonagala fa di phatsimiswa. Di-cherry di sweufatswa mo motswakong wa metabisulphite sebaka sa dibeke di le thataro, mme di tlhaolwe ka seatla, di bewe goya ka bogolo le go ntshiwa dithapo. Di-cherry di bediswa malatsi ale matlhano mo themphoritšhareng ya 90°C mme di sutsiswe mo go 50°C sebaka sa dibeke di le pedi. Morago ga tsamaiso ya kapeo, disukiri le ditsenya-mmala di a lokelwa. Pele di pakiwa, di-cherry tse di phatsimisitsweng di fetiswa mo godimo ga tafole ya lebone go tlhola fa dithapo tsotlhe di ntshitswe. Di-cherry tse di phatsimisitsweng di rategile thata mo go beikheng ka nako ya Paseka le Keresemose.

Phetolo ya di-cherry tse di serolwana e ka aroganngwa ka ditlhopha di le tharo: di-cherry tse di phatsimisitsweng, Maraschino le di-cherry tse di sa tsweng metsi tsa maungo-tswako a mmolopita. Ke fela 10% ya di-cherry tse di phetotsweng tse di tswang mo Afrika Borwa; tse dingwe tsotlhe di tswa kwa Italy.

Ke Eng Maraschino Cherry?

©Zylenia

Di-cherry tsa Maraschino ga se mofuta wa cherry fela ke cherry ya mmala o o bohibidu jo bo phatsimang e e phetotsweng, e e diriswang mo di-cocktail le di-dessert, tse di jaaka ice cream.

Di-cherry tsa ntlha tsa maraschino di tlholegile gotswa kwa ‘marasca’, cherry e ntsho e nnyennye e e bodila e e neng e tlhoga ka botlhaga kwa lobopong lwa Croatia. E ne e somarelwa ka go inelwa mo bojwaleng jo gotweng ‘Marascino’. Di-cherry tsa Maraschino tse di tlhagiso-kgwebo ga di somarelwe ka nnotagi, mme di inelwa mo motswakong wa sukiri, o mo go ona go tsenngwa ga calcium go tsholang di-cherry di tiile.

Dipoelo tsa Di-Cherry

Di-cherry ke dijo tse di tletseng dikotla, di kwa tlase ka di-kilojoule fela di na le fibre, polyphenols, carotenoids, vitamin C le potassium tse di kwa godimo. Polyphenols, carotenoids le di-vitamin E le C di na le seabe mo go nneng le bo-antioxidant le bolwantsha-rurugo ga di-cherry. Dipholo gotswa mo dipatlisisong di fitlhetse fa go ja di-cherry go ka fokotsa go nna mo kotsing ya malwetse a thurugo a a akaretsang arthritis, bolwetse jwa pelo le kankere. Mo godimo ga fao, dipatlisiso di fitlhetse bopaki jwa gore go jewa ga cherry go ka rotloetsa tsamaiso e e itekanetseng ya sukiri mo mmeleng mme go ka fokotsa go bakega kgotsa go etegela ga arthritis. 

Di-cherry tse di tswina di ba le di-antioxidant tse di kwa godimo mme seno ebile se segolo thata go di-cherry tse di botšarara (bodila), tse di nang le bosukiri jwa tlhagô jo bo tshwanang le jwa di-cherry tse di tswina. Di-cherry tse di botšarara di na le di-phytochemical tse di bodila go feta le go latswega bogalaka mme di kwa godimo ka dielo tsa antioxidant.

Ntle le di-antioxidant, di-cherry ke tsona fela motswedi wa tlhagô wa melatonin, eleng hormone e e laolang poeletso-tiragalo ya mmele ya go robala le go tsoga.

Ela tlhokô:
Tshedimosetso ke ya go ruta le go sedimosetsa fela mme e ka se tsewe jaaka kgakololô ya kalafi. Tshedimosetso ga e a ikaelela go tsena mo boemông kwa kgakololô ya kalafi kgotsa kalafi e e rebolwang ke baitseanape ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo