Cape Snowbush

© Alice Notten of Kirstenbosch
Ditlhatsana tse, o tla lemoga ka matlhare a mmala wa selefera le dithunya tse ditshweu. Se bidiwa Eriocephalus Africanus, mme se wela mo lelapeng la di-Asteraceae. Setlhatsana se se bone leina la sone ka lebaka la peo ya sone e e bobowanyana. Mme ka pou ya seAfrikaanse, se bidiwa Kapokbos. Go na le mefuta ele 34 e e farologaneng ya Eriocephalus tse di bonwa kwa borwa jwa Afrika, mme tsotlhe di thunya maungo a bobowanyana. Mongwe ga a tshwanela go dira phoso ya go tshwantshanya Eriocephaluss Africanus (Cape Snowbush) le Eriocephalus Punctulatus (Cape Chamomile) ka ga di sa tshwane ka tlhago.
Mo meetlong ya sechaba sa baKhoi le bathibeledi bantlha (early settlers) ba kwa Kapa, se ne se dirisediwa go phekola matlhoko a mala, go tsoseletsa maikutlo a boitumelo le go idibatsa mesifa e e tiileng. Ba ne ba dumela le se kgona go godisa meriri ya tlhogo, go fodisa tshwakgogo (addiction) le go koba maikutlo a a maswe (negetive emotions).
Fela jaaka Rosemary, Cape Snowbush e na le bokgoni ba go tsoseletsa mafolofolo a mongwe, mme e na boleng mo bathong ba ba fokolang ka bolwetse ba manyaapelo (antidepressant), e bile, se ka go fokoletsa maikutlo a seterese (stress), go sa nnisege (anxiety) le kgalefo (anger).
Oli e, e kokobetsa go tlhotlhona (spasms) ga mesifa ya mmele, mafatlha le mala, mme e kgona go kgaotsa phallo ya madi. E bolaya megare, mme e thusa mmele kgatlhanong le go tshwaetsega (infections). E dirisediwa go phepafatsa mmele, maswe a a borai, (toxins) ka go a tsamaisa mala (diaretic). E phekola sefuba (chest cough), mofikela (cold and flu) le go fodisa tlhogo (headache). Fa o ka fogotlha matlhare a setlhatshana se o tla utlwa a ntsha monko oo monate wa camphor.
Ditlhatshana tse, di mela le go gola ka bontsi kwa Namaqualand le kwa Bophirima le Botlhaba jwa Kapa. Mmala wa matlhare a sone a a selefera a kgona go galaletsa kganya ya letsatsi, go fokotsa temperetshara ya letlhare le go thusa kgatlhanong le go latlhegelwa ke metsi ka mokgwa wa go nna mowa kgotsa evaporation. Se ke enngwe ya ditsela tse sejalo se se kgonang go iphodisa, le go tshela kwa mafelong a komelelo (arid). Eriocephalus e rata mafelo a letsatsi le le ntsi le mmu o o omeletseng (well drained/sandy).

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Ikalafeng Maedi