Cabernet Franc

© Glenneis Kriel

Thanololô

Cabernet franc ke mofuta wa terebe ya mofeine wa letlapi le lentsho o o diriswang mo tlhagisong ya mefeine e mehibidu ya mo tafoleng. Go dumelwa fa e le mongwe wa mefuta ya mofeine o mohibidu ya bogologolo e e santseng e le mo tlhagisong, fa dipatlisiso tsa DNA di kaya fa e ka tswa e le letlhogela kgotsa ona mofuta wa kgale wa Biturica, yo jaaka Cabernet franc o tlhôlegileng kwa Basque, Spain.

Mofuta ono o supilwe fa e le motswadi wa mengwe ya mefuta ya terebe e e botlhokwa e e lengwang mo matsatsing a: Go kopanngwa ga yona le Sauvignon blanc go tlhagisitse Cabernet Sauvignon, fa le Magdelaine noire go tlhagisitse Merlot.

Tlhôlegô

Cabernet franc go dumelwa fa e tswile kwa Spain go ya kwa borwa-botlhaba jwa France, ditebogo go babolodi ba tumelo ba ba neng ba boela France go tswa kwa Saint Jacques de Compostela. Gatwe mothusa-mopapa De Richlieu o tsere dikalana go tswa kwa borwa-botlhaba jwa France mme a dijala go ikala le dintshi tsa noka ya Loire.

Maina A Mangwe

Mofuta ono o itsagale ka maina a mangwe a a farologaneng, go akaretsa Achéria, Bidure, Boubet, Bouchet, Cabernet gris, Carmenet, Cabernet Franco le Véron.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Ga go a totobala gore Cabernet franc e tlisitswe mo Afrika Borwa leng, fela moprofesara Abraham Izak Perold o ne a setse a rotloeditse temô ya yona ka dingwaga tsa bo1920, ka ntlha ya bokgoni jwa yona jwa go tlhagisa mefeine ya boleng jo bo siameng.

Mofuta ono o ne o dirisetswa thata go tlhagisa metswako ya mokgwa wa Boudeaux, go fitlha ka 1998 fa Norma Ratcliffe go tswa Warwick Estate gaufi le Stellenbosch, e nna moAfrika Borwa wa ntlha go e rebola jaaka mofeine wa mofuta-nosi.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Karolo e e ka fa tlase ga ntshô-tlhagiso ya Cabernet franc e ntse e tsepame ga e sale ka 2009, e le fela kwa tlase ga phesente e le nngwe ya bojotlhe jwa kgaolo ya ntshô-tlhagiso ya terebe ya mofeine mo Afrika Borwa.

Le fa mofuta ono o jalwa mo dikgaolong tsotlhe tsa ntshô-tlhagiso mo nageng, kgaolo e kgolo ya ntshô-tlhagiso e kwa Stellenbosch, mme e salwe morago ke Paarl.

Kgolô

Cabernet franc e gola ka bontsi, ka ntshô magareng ya 10t/ha go ya go 14t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa thari mo gare ga setlha go simolola mo bogareng jwa Moranang.

Meretlwa

Meretlwa e botala jwa loapi jo bontsho ka mmala, e kgolokwe le bonnye, fela e kgolonyana mo meretlweng ya Cabernet Sauvignon. Letlapi le lesesane mme le thata, fa leungokobolwa le tiile mme tatsô e le e e boleta ya bojang.

Matlhare

Matlhare a botala jo bo tseneletseng, fela ga se botala jo bo tseneletseng thata jaaka jwa Cabernet Sauvignon, bogolo ke jo bo mo magareng, a kgolokwe ka ditsebe tse tlhano.

Disenyi le Malwetse

Mofuta ono o tshabelwa ke phori.

Tirisô

Cabernet franc ka setso e dirisetswa go tlisa monkgo monate le monoko go Merlot le Cabernet Sauvignon mo metswako ya segologolo ya mokgwa wa Bordeaux. E bona tumo mo Afrika Borwa jaaka mofeine wa mofuta-nosi.

Tatsô

Mefeine e ka tlhagisa ditatsô tse di farologaneng, go tswa go bojang go ya go leungo le le fifetseng, ka bontlhanyana jwa pherefere e ntsho tota le motsoko.Translated by Nchema Rapoo