Bolemirui jwa Tlhapi ya Metsi a a Foreshe - Tsela ya go Fepa Tlhapi

© Marinda Louw
Phepô ya ditlhapi ke nngwe ya dintlha tse di botlhokwa thata mo bolemiruing jwa tlhapi ya metsi a a foreshe (temôwatle). Mo bontsing jwa dithulaganyo tsa bolemirui tse di jalo, sefepi se nna le seabe mo go ka nneng 60% ya tlhwatlhwa-tshenyegelo ya bodirelo. Go nna le lotseno ga polase ya tlhapi go ikaega ka taolô-phepô e e siameng, tiriso e e manontlhotlho ya sefepi ke ditlhapi le tshenyô e e kwa tlase.
Go na le dintlha di le tharo tse di botlhokwa tse di tshwanelwang ke go akanyetswa:
Boleng jwa sefepi gotswa kwa batlameding
Bobolokelo
Tsamaiso ya phepô
Fa ditlhapi di bona sefepi se se nnye kgotsa sefepi sa boleng jo bo bokoa, di ka latlhegelwa ke bokete jwa mmele kgotsa tsa bolawa ke tlhaelô mo phepông. Kgolô e tlile go diragala fela morago ga gore ditlhokegô tsa tlhokomelo tsa tlhapi (tsona di akaretsa ditiro tsa mmele tse di jaaka go hema le tsamao ya madi) di sena go kgotsofatswa. Ditlhokegô tseno di oketsega le dithemphoritšhara tsa metsi tse di kwa godimo ka gonne go dira ga tlhapi le go a oketsega.
Phepô-tlase e tlile go isa kwa tatlhegelông ya tlhagiso ya ditlhapi. Phepô e e feteletseng ga e sonage mme e ka nna le seabe mo boleng jwa metsi jo bo bokoa le ditatlhegelô tsa tlhagiso.
Ditaelô di le mmalwa ke tseno tsa go tsotsoropanya bolaodi jwa phepô le phepô ya tlhapi:

Poloko ya Sefepi sa Tlhapi

O seke wa reka ditlamelwa tsa sefepi tse di tla dulang go feta dibeke di le 4 – 6 mme o se reke sefepi se se mouta ka ge mouta o ka tlhagisa botlhole bongwe jo bo ka nnang kotsi go ditlhapi.
Bolokela sefepi sa tlhapi mo pellet mo lefelong le le rurufetseng le omile mme le na le kelomowa e e siameng. Baya sefepi kgakala le mabota fao bometsi bo ka nnang teng.
Netefatsa fa phaposi-polokelo e sena dikeketi le disenyi tse dingwe tse di ka kgotlhelang sefepi.

Bogolo jwa Pellet le Legato la Kgolo la Tlhapi

Tlhopha bogolo jwa thoro jo bo tshwanetseng le mofuta wa sefepi goya ka legato la kgolô mo tikotshelong ya tlhapi. Henk Stander, principal technical manager of the Aquaculture Division of Stellenbosch University, o tlhalosa gore difepi di totana le mefuta e e farologaneng ya tlhapi ya metsi a a foreshe mme di tlile gape go farologana goya ka dingwaga tsa tlhapi.
Ditlhapi tse di nnye di tlhoka protein e ntsi mo phepông ya tsona go na le ditlhapi tse kgolo tsa mofuta ka tsona. Gape, go fepa bogolo jo e seng jona go ka isa kwa tshenyegong: fa pellet ele kgolo thata e ka se jewe ka gangwe. Ka ge pellet e letefala mo metsing, ditlhapi di tlile go sia gotswa fa go yona jaaka e phutlhama. Seno se baka gore sefepi se senyege jaaka bontlhanyana jwa sona bo nwela goya kwa tlase mo letamong mme bontlha bongwe bo tlhaologela mo metsing.

O Ka Fepa Tlhapi Mo Go Kana Kang?

O seke wa fepa tlhapi go feta selekanyô. Batlhagisi bangwe ba sefepi sa tlhapi ba na le manaane a phepô mo mafaratlhatlheng a internet a balemirui ba tlhapi ba ka a fitlhelelang ka di-computer kgotsa di-smartphone. Manaane ano a phepô ya tlhapi a neela kgakololô ka ga bokete jo bo matshwanedi jwa dijo jo bo ka fepiwang tsatsi le tsatsi, goya ka bokete jwa mmele jwa tlhapi. Sekai, mo matamong a nosetsô a kwa ntle, go fepa tilapia ya bokete kwa 100 – 200 g go tlhoka 3 g tsatsi le tsatsi, fela ga e godisetswa mo ditankeng tse di khurumeditsweng tlhapi nngwe le nngwe e tlhoka 4.5 g tsatsi le tsatsi, go bua Henk Stander.

Ditsamaiso tsa Phepô mo Temôwatleng

Tshola ditsamaiso tsa phepô tse di tshwanetseng. Seno se akaretsa nako ya phepô mo letsatsing, lobelo lwa phepô, phasalatso ya sefepi mo dihôkông (kgotsa letamo) le bokgapetsa jwa phepô.
Lebelela boitshwaro jwa tlhapi pele ga phepô, ka motsi le kwa morago ga phepô mme o fetofetole sefepi goya ka boitshwaro. Sekai, ditlhapi tse kgolo (tse di godileng) di fepiwa gabedi goya go gararo ka letsatsi fa ditlhapi tse di nnye di fepiwa kgapetsa kgapetsa. Ditlhapi tse di nnye gape di fepiwa kgapetsa ka bojêlô jwa motšhine. Lebelela boitshwaro mme o tseye kgatô ka tsibogô nngwe le nngwe e e sa tlwaelegang, sekai, tlhapi e ja go le go nnye go feta mo nakong e e fetileng.

©Louise Brodie
Tsenyô ya carotene mo phepông ya rainbow trout e tshwanetse go ka dirwa dibeke di le 8 - 10 pele ga thekiso e e rulagantsweng kgotsa fa tlhapi e fitlhelela halofo ya bokete jo bo rekiswang, sekai, fa ditlhapi di rekiswa ka 800 g, tlhapi e rebolelwa carotene fa ele 400 g. Carotene e na le dibalafatsi tsa sejalo tse di nang le seabe mo mmaleng o mo pinki wa nama ya rainbow trout.
Fa metsi ale lekganarite, segolo thata morago ga dipula tse di kgolo, ponagalo e a fokotsega mme sefepi se tshwanelwa ke go rebolwa ka iketlo thata go netefatsa gore ditlhapi tsotlhe di fepilwe sentle. Dilekanyo tse di potlana di ka rebolwa le tsona makgetho ale mmalwa mo letsatsing.
Emisa go fepa fa tsibogô ya tlhapi e lekanyeditswe mme tswelela go fepa gape fela fa tsibogô e tokafala. Bogolo jwa phepô jo bo tshitshintsweng jo bo neng jwa latlhega bo ka tsenngwa gape mo dipakeng tsa phepô tsa mo isagong go tlisa lenaane la phepô ya tlhapi mo dinakong.

Translated by Nchema Rapoo