Athrixia e Bitswa Gape Bushman’s Tea

© JMK
E bitswa gape Bushman’s Tea (Eng.) Boesmanstee (Afr.), Icholocholo, itshelo, umthsanelo (SeZulu), Athrixia phylicoides ka matlahre a yona a botala jo bo fifetseng le malomo a a phepôle a okareng daisy, ke semela sa tshingwana se se tumileng mme se tlholega mo borwa le bogare jwa Afrika.
Ditiriso tsa setso di akaretsa go titielwa jaaka tee (ka fao leina Bushman’s tea), go tlhafunwa ke Basotho le BaXhosa go okobatsa kgokgotso e e botlhoko, fa BaVenda ba nwa metsi a medi le a matlhare go ntsha bomotlhampepe. Dikalana, tse di ntshitsweng matlhare, di dirwa mafielo. E ne gape e diriswa mo go tlhatsweng madi, go alafa tlhogo e e opang le go itsukula fa o na le ditshwaetsego tsa kgokgotso le tatlhegelo ya lentswe. Mo dikarolong dingwe tsa borwa jwa Afrika go dumelwa fa ele aphrodisiac.
Go na le tshedimosetso e potlana e e leng teng ka ga ditswakwa tsa twantsho-megare le twantsho-mouta tse di leng mo Athrixia, le fa ditiriso tsa yona tsa setso di supa kgonagalo ya bo-antimicrobial. E ne gape e dirisetswa go alafa mathata a pelo, bolwetse jwa sukiri, letshololo le kalafo ya malwetse a thobalano.
Dipatlisiso tsa Afrika Borwa di supa ntshô e e kwa tlase ya oli e e botlhokwa ya menkgo ya vanilla, caramel le mamepe. Fela menkgo eno, ga e bogale mo go lekaneng gore Athrixia e diriswe mo bodirelong jwa perfume, fela e ka nna le ditiriso jaaka setsenya-tatso mo dijong le dinong. Matlhare a ka nna le boleng jwa kgwebisano jaaka tee ya mere e e senang caffeine e e humileng ka antioxidant.
E kutulwa gantsi kwa nageng, dijalo tsa kgwebo tse di potlana di tlhamilwe jaaka mafelo a diteko kwa diporofenseng tsa Afrika Borwa tsa KwaZulu-Natal, Mpumalanga le Limpopo.
Ditlhatshana di gola kwa nageng kwa dikarolong tse di kwa botlhaba jwa Afrika Borwa, mme e fitlhelwa mo mafelong a a matlapa le a mekgokologo, gotswa kwa dinageng tsa tlhaga goya kwa dikgweng. E jalega go gaisa gotswa mesegông, e thata mme e rata letsatsi.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo