Viognier

Thanololô

Viognier ke mofuta wa mofeine o mosweu, o o tsalanang terebe ya Piedmontese, Freisa. Leina le tswa mo lefokong lwa seCeltic eleng vidu, le le rayang gore logong.

Tlhôlegô

Mofuta ono o tlhôlegile kwa Dalmatia – e e bidiwang Croatia gompieno – go kaiwa fa mookamedi wa Roma eleng Marcus Aurelius Equitius Probus a o tsere teng mme a o isa kwa France ka dingwaga tsa 280 AD. Mofuta ono o ne wa tlhaselwa thata ke bolwetse jwa phylloxera, jo bo sentseng ditshimo tsa morara tsa kwa Yuropa kwa bofelong jwa ngwagakete wa bo 19 mme o batlile o nyelela.

Mo dingwageng tsa bo1980, jalô kwa Rhone Valley, mo ka nakong eo e ne e ka fitlhelela bojotlhe jwa jalô-semmuso ya Viognier mo lefatsheng, e ne ya ya tlase go ka fitlha fela go 20ha. Go tuma ga mofeine ono go ile godimo morago ga foo mme gompieno, Viognier e jalwa mo bontsing jwa dikarolo tse di tlhagisang mofeine me lefatsheng.

Maina A Mangwe

Leina la ntlha la mofuta ono ene e le Vugava Bijela mme o itsagale gape jaaka Petit Vionnier le Vionner.

Ntshô-Tlhagiso mo Afrika Borwa

Charles Back wa Fairview kwa Paarl e ne e le ene mokgweetsi mo go tlisiweng ga Viognier mo Afrika Borwa. Sejalo sa ntlha se ne sa tlisiwa mo Afrika Borwa ka 1989 mme Back e ne ya nna motlhagisi wa ntlha go jala le go ntsha mofeine o o theilweng Viognier ka dingwaga tsa bo1990.

Dikgaolo tsa Ntshô-Tlhagiso

Viognier e santse e emela bonnye fela jwa karolo-kakaretso ya ntshô-tlhagiso ya mofeine wa terebe mo Afrika Borwa. Legale mofuta ono o jadilwe mo dikgaolong tsotlhe tse di tlhagisang mofeine mo nageng, mme Paarl ke yona e e nang le karolo e kgolo e e tlhagisang mofuta ono, e selwa morago ke Swartland le Stellenbosch.

Le fa mofuta ono o itumela ka fa tlase ga maemo a bosa a a bothitho, ditatsô tse di itshupileng tsa mofeine di fitlhelelwa fa e tlhagiswa ka fa tlase ga maemo a bosa a a tsedifetseng. Sekai, mo mekgokologong ya borwa e e kwa godingwana, kgotsa fa e jadilwe mo dikarolong tse di itemogelang dipheswana tse di tsedifetseng tsa selemo.

Kgolô

Mofuta ono o gola ka go lekanyetsa, ka ntshô magareng e e ka nnang 6t/ha go ya go 8t/ha.

Go Butswa

E butswa go sa le gale, go tloga kwa bokhutlhong jwa Ferikgong go ya mo seripagareng sa bobedi sa Tlhakole.

Meretlwa

Meretlwa e e botala jo bo sweunyana, e nna le mmalanyana wa borokwe jo bo serolwananyana fa e butswitse thata. Meretlwa e me nnye, e motôpô ka matlapi a ma sesane. Leungokobolwa le na le tatsô e e tseneletseng ya leungo.

Matlhare

Matlhare a bogolo jo bo mo magareng, a kgolokwe mme a na le ditsebe tse tharo go ya go tlhano.

Disinyi le Malwetse

Merara e tshwanetse go ageletswa go fapoga tshenyo ya letsatsi mme go netefadiwe gore lesedi le kgona go tsena sentle. Mofuta ono o tshabelelwa ke bolwetse jwa phori mme o ka tshwariwa ke bolwetse jwa botrytis fa o jadilwe mo mmung o o nonneng thata.

Tiriso

O rekiswa jaaka mofuta-nosi wa mofeine kgotsa o tswakantswe le mefuta e mengwe e mehibidu kgotsa tshweu, jaaka Chardonnay kgotsa Shiraz.

Tatsô

Dika-mefuta tsa Afrika Borwa di amanngwa le leloba la namune, perekisi, leungo la tropical, mamepe le dinoki tse di monate.

Translated by Nchema Rapoo