Tsa Botshelo jwa ga Dr Peter Magubane

© David Meyer-Gollan

Dr Peter Magubane, mmegadikgang wa ditshwantshô yo o itsegeng boditšhabatšhaba, o belegwe ka di 18 Ferikgong 1932 kwa Vrededorp mme a godisetswa kwa Sophiatown. O ne a kgothatswa ke batsayaditshwantshô fa rraagwe, morekisi wa mo mmileng wa maungo, a sena go mo rekela setsayaditshwantshô sa Kodak Brownie fa Peter e ne e santse e le ngwana wa sekolo.

Bodiri jwa gagwe jwa batsayaditshwantshô bo simolotse ka motsi wa kgaratlho ya Afrika Borwa go bona temokrasi. Bodiri jwa ga Dr Peter Magubane jwa batsayaditshwantshô jwa porofešenale bo simolotse ka 1955 morago ga gore a bone tiro kwa Drum magazine jaaka mokgweetsi le morongwa.

Moragonyana o ne a bona tiro jaaka mothusi wa mo phaposing e e tlhatswetsang ditshwantshô, a thusa Jurgen Schadeberg. Tiro ya ntlha e kgolo e a e neilweng e ne e le ya go bega ka kopano-kgolo ya African National Congress ya 1955. O dirisitse setsayaditshwantshô sa gagwe go tsaya ditshwantshô tsa maitemogêlô le dikgaratlho tsa bantsho ba Afrika Borwa ka motsi wa tlhaolele.

Ditshwantshô tseno di fitlheletse bobegadikgang jwa lefatshe mme tsa bo bontsha botlhoka-tshiamiso jo bo diragetseng mo Afrika Borwa ka nako eo. Eno ke kgang ya monnatia yo o neng a utlwile botlhoko gore dingwe tsa ditshwantshô tsa gagwe ga di a fitlhelela bobegadikgang jwa lefatshe ka ntlha ya gore lepodisi le mo pateleditse go senola filimi ya setsayaditshwantshô sa gagwe mo leseding, gona le go utlwa botlhoko gore lona lepodisi leo le mo thubile nko.

Peter o ne a le teng go gatisa ka setsayaditshwantshô sa gagwe ditshupetso kgatlhanong le melao ya dipasa, kgolô ya Umkhonto we Sizwe, go tshwarwa ga Nelson Mandela, Tsheko ya Rivonia, kiletso ya ANC, dikhuduego tsa kwa Sharpeville, kgolô ya Black Consciousness Movement ya ga Steve Biko, le ditsogô-kgatlhanong tsa baithuti kwa Soweto. Kwa ditsogô-kgatlhanong tsa kwa Soweto, o boleletse baithuti ba ba neng ba tsaya karolo mo dikhuduegong gore “Kgaratlho e e senang kgatiso ga se kgaratlho”.

Ka ntlha ya go nna le seabe ga gagwe mo ditsogô-kgatlhanong tsa kwa Soweto, ntlu ya gagwe e ne ya senngwa ka molelô mme o ne a tshwarwa le babegadikgang ka ênê ba bangwe ba bantsho sebaka sa matsatsi a le 123. Kopô ya gagwe ka 1957 ya gonna leloko la Photographic Society of South Africa ya basweu fela e ne ya ganwa.

Batsayaditshwantshô ba Drum ba ne ba tlhoma Progressive Photographic Society e e neng e sa tlhophe ka go ya ka mmala. Ka 1961. Dr Magubane e ne e ke motsayaditshwantshô wa ntlha wa montsho mo Afrika Borwa go tshwara dipontsho tse e leng tsa gagwe.

Bathapi ba gagwe kwa Rand Daily Mail ba ne ba mo agela phaposi e e tlhatswetsang ditshwantshô e e leng ya gagwe. Melao ya Afrika Borwa ka nako eo e ne e sa letle gore a dirise phaposi e e tlhatswetsang ditshwantshô e le nngwe le badirammogo ka ênê ba basweu.

E ne e le motsayaditshwantshô wa ntlha wa montsho kwa lekwalodikgang leno mme o ne a thapilwe teng go simolola ka 1967 go fitlha ka 1980. Se se akaretsa taelô-kganetso ya dingwaga di le 5 go fitlha ka 1975. Ka motsi onô o itemogetse matsatsi a le 98 a bogolegwa-nosi le dikgwedi di le tharo mo kgolegelong.

Dr Magubane o itemogetse gape tlhorontsho, dipetso, dintho tsa marumo a tlhabolo ya diphologolo, le paka tse telele tsa go tshwarwa le go botsolotswa. O ne a thuntswa makgetho a le somesupa kwa phitlhong ya moithuti kwa Natalspruit. O ntse matsatsi a le 586 jaaka mogolwega-nosi ka 1969. O fitlhetse sepodisi setsayaditshwantshô sa gagwe. O ne a se fitlha mo Beibeleng e e gwailweng, ka mo gare ga baki ya gagwe, lebôkôsô la maši kgotsa mo halofong ya senkgwe.

O ne a itira yo o jang senkgwe fa a tsaya ditshwantshô. O ntse nakwana kwa London go sale gale ka bo-1960 mme a direla Time Magazine mo magareng ga 1978 le 1980. O ntse gape nakwana kwa New York go simolola ka 1980. O diretsa gape dikgatisô di etsa National Geographic, Life, New York Times, Washington Post, Paris Match le Sports Illustrated. United Nations le yona e sale ya nna modirisi wa gagwe. Kamanô ya gagwe le Nelson le Winnie Mandela, ka tiro le jaaka tsala, e simolotse ka bo-1950.

E ne e le motsayaditshwantshô wa semmuso wa ga Madiba go simolola ka nako ya go gololwa ga gagwe go fitlha mo dingwageng tsa ntlha tsa gagwe mo botautoneng. Dr Magubane o gatisitse dintwa tse di matswakabele tsa bosemorafe le tsa boselefatshe tsa morago ga phetogelo ya Afrika Borwa go temokrasi. Dr Magubane o kaya fa tlotlomatsô e kgolo e a e boneng e le ya South African Order of Meritorious Service ya Silver Class II, e a e abetsweng ke Tautona Nelson Mandela.

O itswe ka nako di le dintsi ka go baya setsayaditshwantshô sa gagwe kwa thoko go thibela polao ya batho. Ka ntlha ya seno o ne a abelwa American National Professional Photographers Association Humanistic Award. E ne e le montsho wa ntlha wa moAfrika-Borwa go fenya Press Photo of the Year ka 1958.

O na le makwalo a bongaka a tlotlomatsô a le robongwe mme o abetswe Cornel Cappa Lifetime Achievement Award go tswa go International Center of Photography kwa New York.

Dikabô tse dingwe di akaretsa Robert Capa Award, Special Missouri Honor Medal for Distinguished Service in Journalism, Martin Luther King Luthuli Award, Lifetime Achievement Award go tswa go Mother Jones Foundation le Leica Cameras, mmogo le Fellowship ka Tom Hopkinson School of Journalism and Cultural Studies kwa University of Wales.

Dikabô tsa go sale gale fa gae di akaretsa kabô ya matsetseleko mo bobegadikgang e e rebotsweng ke Walter Cronkie mme ya etleletswa ke Stellenbosch Farmers' Winery.

Dr Magubane o dirile dipontsho makgetlhô a le mabedi tsa ditshwantshô di le 100 tse a di kayang fa e le tse di gaisang tota tsa Nelson Mandela: lwantlha kwa kopanong ya United Nation kwa Poland, kwa teng dipontsho di butsweng ke tautona ya maloba ya Poland e leng Lech Walesa. Dipontsho tsa bobedi di rulaganyeditswe mo pakeng ya 1 Phukwi go fitlha ka 30 Lwetse 2018 kwa kgorong ya Nelson Mandela Gateway go ya kwa Robben Island. Ditshwantshô tseno filwe ke Dr Peter Magubane jaaka mpho go Nelson Mandela Foundation.

Dr Peter Magubane and Solitary Confinement

Letsatsi le le neng le tsamaya ka tlwaelo ka Seetebosigo 1969 le ne la fetola botshelo jwa mmegadikgang Dr Peter Magubane. Lebole le le setl...more

Dr Peter Magubane and the Soweto Riots

Fa babegadikgang ba kganelwa go tsena ka Soweto, Dr Peter Magubane o mo felotiragalong, didiriswa tsa gagwe di tlhometse. Lesole ka setsayad...more

Dr Peter Magubane Exposes Child Labour

Dr Peter Magubane o fitlha kwa Soweto ka ditsela tse di fitlhegileng tse di matsôkêtsôkê. Peter o phuruphutsha badiri ba e santseng e le...more

Dr Peter Magubane Official Photographer to Nelson Mandela

Dr Peter Magubane o gopola kopano ya ntlha ya gagwe le monna yo kwa morago a tla balwang jaaka tsala ya botshelô jotlhe. 'E ne e le ka mats...more

Peter Magubane by Desmond Tutu in 1986

Peter Magubane ke motaki o o matsetseleko ka lense, mme ka tshwanelo o bone serodumo boditšhabatšhaba se se itshupileng. Ditshwantsho tsa ...more

Peter Magubane's Career

Peter Magubane, mongwe wa batsayaditshwantshô ba ba tlotlomatswang go gaisa mo Afrika Borwa, o ne a tsaya tseno tsotlhe ka boganka. O tsere...more

Snapshot of Dr Peter Magubane's Career

Ka 1990, Dr Peter Magubane o tlhophiwa jaaka motsayaditshwantshô wa semmuso wa ga Nelson Mandela go gatisa phetogelo ya naga go puso ya bot...more

A Tribute to Dr. Peter Magubane by David Meyer-Gollan

Dr Peter Magubane ke mongwe wa batsayaditshwantsho ba Afrika Borwa ba ba tlotlomatswang boditšhabatšhaba thata....more

Letter to Dr. Peter Magubane from Nelson Mandela

Peter Magubane, yo a ntseng le seabe se se tswileng diatla mo batsayaditshwantshông jwa dikgang mo dingwagasomeng di le nne tse di sa tswan...more

At Home with Dr Peter Magubane

Phaposi ya boiketlo ya ga Dr Peter Magubane e tletse ka dipitsa tse di phatsimang mme di kgabisitswe ka dibaga le dibetlwa tsa logong. Fa th...more