Dr Peter Magubane ka Desmond Tutu ka 1986

© Roger de la Harpe

Go Direla Kagiso

Peter Magubane ke motaki o o matsetseleko ka lense, mme ka tshwanelo o bone serodumo boditšhabatšhaba se se itshupileng. Ditshwantsho tsa ga Peter di dirisitswe go bontsha batho ba le bantsi dikgatiso tse di gakgamatsang tsa se se diragetseng mo nageng eno e ntle fela e utlwisa botlhoko ebile e kgaogane ka motsi wa ditsogo-kgatlhanong tse di tshosang tsa go simolola ka Seetebosigo 16 1976.

Ga e sale ka motsi oo, matsapa a lefatshe la rona a ile boteng mme re gaufi thata le segajaja. Peter o re fa ba botlhe tshono ya go lemoga seno, mme gongwe re ka ikgapeletsa go dira sengwe le sengwe se re ka se kgonang go thusa go rutlomolola tlhaolele le go netefatsa fa dtshwantshiso tse di tserweng ke lense ya ga Peter Magubane di ka se tlhole di boeletswa gape le gape mo lefatsheng la rona. Re direle tshiamiso mme ka jalo re direle kagiso.

Desmond Tutu

Mongwe wa ditshwantsho tse di ratwang go gaisa mo Aforika Borwa, Desmond Tutu o itsege thata ka go nna motlhotlheletsi wa ditshwanelo tsa bo...more