SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedDr Peter Magubane le Botshwarwa-Nosi

Dr Peter Magubane le Botshwarwa-Nosi

© David Meyer-Gollan

Lebole le le Setlhogo la Thibelo-Puo

Letsatsi le le neng le tsamaya ka tlwaelo ka Seetebosigo 1969 le ne la fetola botshelo jwa mmegadikgang Dr Peter Magubane. Lebole le le setlhogo la thibelo-puo le betsa ka maatla. Ga se lwantlha a kgarakgatshiwa ke sepodisi, fela mo nakong eno o gogagogelwa kwa Kgolegelong ya Bogareng ya Pretoria. Kwa teng o botsolotswa ke sepodisi.

Ba mo laela go ba bolelela fa a ka tswa a 'rometswe ke makomonisi go bontsha Afrika Borwa fa e sa siama'. Ba dira gore a eme mo godimo ga ditena tse di sa itshetlêlang matsatsi a le matlhano le masigo a le matlhano, Peter o wela fatshe ka letsatsi la botlhano. O dira motshwarwa-nosi go fitlha ka Diphalane 1969, fa a latofatswa ka fa tlase ga molawana wa Suppression of Communism Act.

Tlhaselo ya ditatofatso e a tswelela. Ka Tlhakole 1970, morago ga go se bonwe molato mo ditatofatsong tsotlhe, o tshwarwa gape ka gangwe, mo kgotlhatshekelo. Ba tswelela go mo dira motshwarwa-nosi. Ka Phatwe 1970, o latofatswa gape, ka fa tlase ga molawana wa Terrorism Act – o o letlelelang go tshwarwa ga gagwe nako e e sa feleng. Kwa bofelong o gololwa ka 1971. Peter o dutse matsatsi a le 586 e le motshwarwa-nosi.

O Se Lebale, Fela Itshwarele

O pateleditswe go tlogela tiro kwa Rand Daily Mail mme fa a santse a le ka fa tlase ga taelô-kganelô ya dingwaga di le tlhano ka 1972, o a e roba mme o ya kgolegelong gape dikgwedi di le thataro. 'Ke duetse tlhwatlhwa go nna motsayaditshwantshô mo nageng eno', o a kgaoganya.


Fa fela taelô-kganelô e sena go ya bokhutlhong ka Diphalane 1975, o boela tirong gape kwa Rand Daily Mail. 'Ne go sena yo a ka nthibelang go bua nnete!'. Ka boitsetsepêlo o tlhalosa ka mo a boneng ditsela le mekgwa ya go falola botshwarwa-nosi. Maatla a gagwe a tswile 'go Modimo', o a phuthologa, 'gape ke ne ke itse gore ga ke a dira sepe se se phoso!


Se ke se dirileng fela e ne e le go tsaya ditshwantshô tsa bana ba dira mo dipolaseng.'. O a gopola, 'Ke ne ke utlwa batshwarwa ba bangwe ba kua bosigo jotlhe, ba tlhokofatswa. Fa nkabe ke gopotse gore ke nna ke le nosi, ke ne nkabe ke fetogile setsenwa. Go nthusitse thata go itse gore e ne e se nna fela ke bogang.


Go ne go na le bangwe ba ba bogang go mpheta, kwa Robben Island, ba le koo botshelo jotlhe.' Gompieno ke monna yo o ritibetseng maikutlo yo o bonako go tshega, mme go itshupile gore ga a letlelela letlhôô go tlatsa pelo ya gagwe. 'O se lebale, fela itshwarele. O tshwanetse go tswelela ka botshelo jwa gago.'

Mo Robben Island e Leng Teng

Robben Island e bokgakala jo bo khutshwane gotswa lôbôpong lwa Cape Town....more

Robben Island: Kgolegelo Go Bontsi

Maemô mo setlhaketlhakeng ka dingwaga tsa bo-1700 a thata go ka a lepa ka ntlha ya tlhokegô ya dikgatiso le go se nneng teng ga dikagô ts...more