Go boela morago mo nakong le Dr Peter Magubane thari ka bo-1950. O tshwaya leina la gagwe mo lefatsheng. Mo sešweng o ne a bega ka ga African National Congress (ANC), e leng assignment ya gagwe ya ntlha e kgolo e a e filweng ke makasine wa Drum. Motlhotlhi Tom Hopkinson o kgatlhwa ke tiro ya lekawana le la motsayaditshwantshô. Peter o tla tswelela go dira mo di kgang-tshenolong le bakwadi ba Drum, jaaka pegelo ya ga ‘Nude “Pass” Parade’ ka ga melawana e e tlontlololang ya makwaloitshupo le ka tshwaro ya batho-bantsho mo Afrika Borwa.
Ngwaga o o latelang, Peter o bona seêmô sa ntlha le sa boraro mo kgaisanong ya batsayaditshwantshô. Motsayaditshwantshô wa mosweu yo o tsereng maemô a bobedi o gana go mo tshwara ka seatla. Le fa gona le kgôbêlêlô e kgolo ka motsi oo, bodiri jo bo ka se emisweng bo a simolola. Ka nako e le nngwe Sophiatown e a phutlhamiswa, e gagolelwa fatshe. Mmogo le malapa a mangwe, lwa gagwe lo ntshiwa ka dikgoka – lo a kgomolwa le go beiwa kwa Diepkloof.
Di-1980 di buletse motsayaditshwantshô wa dikgang Dr Peter Magubane menyako ya boditšhabatšhaba. Assignment ya United Nations High Commissioner for Refugees e atolosa tiro ya gagwe mo Afrika. ‘Ka batsayaditshwantshô ke bone dikarolo di le dintsi tsa lefatshe’, o a kaya. Leuba le a begang ka lona kwa mafelong a a tshwanang le Somalia le Ethiopia mo ngwagasomeng ono ‘Le go otla mo seribeng.’ Ka nako e le nngwe, o direla makasine wa Time mo Afrika Borwa.
Ka assignment e nngwe, ka 1985, o bega ka phitlho ya moithuti kwa Natalspruit. Fa ntwa e runya ka letsatsi leo o thuntshwa makgetlhô a le somesupa ka fa tlase ga letheka ka marumo a tlhobolo ya diphologolo. Morago ga go boela tirong ka ponyo ya leitlho, ka 1986, o a tsereganya go falosa mosadi le morwadiagwe go tswa mo matsogong a setlhopha tsa batho se se šakgetseng kwa Leandra.
Ka 1990, Dr Peter Magubane o tlhophiwa jaaka motsayaditshwantshô wa semmuso wa ga Nelson Mandela go gatisa phetogelo ya naga go puso ya botlhe ya dingwaga di le nne. ‘Mofuta wa tiro ya “batsayaditshwantshô jwa sepolotiki” e e neng ke e dira fa ba ne ba le kwa kgolegelong e mpaakanyeditse tsela gore ke tlhophiwe jaaka motsayaditshwantshô yo a tla salang Mandela morago go fitlha nako ya gore e nne mopresidente wa Afrika Borwa.
'Ke ne ke itumetse!’ Peter o a tshega. ‘Ke eng gape se motsayaditshwantshô a ka se batlang gona le go bitswa gore a sale morago botshelo jwa moitshepi?’. Go ne go itumedisa go tlhophiwa mo gare ga batsayaditshwantshô ba le bantsi jalo go sala monna yo o sebete ono morago. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse ke dire ka fa go siameng go gatisa botshelo jwa gagwe jaaka ke bo nona, go fitlha ka nako e a nnang mopresidente ka yona’.
Peter o gatisitse dibuka di le somethataro, tse tharo tsa tsona di ne tsa kganelwa mo Afrika Borwa ka dingwaga tsa bo-1970 le tsa bo-80: Mugabane’s South Africa, Black as I Am le ya Black Child. Ka motsi wa moletlo o o neng o tlotlomatsa tiro ya ga Dr Peter Magubane, tshwaelô e ne ya dirwa ya gore ‘Difofane di le dintsi di fofa fa godimo ga kgaolo ya lefatshe e nnye fa go bapiswa le dipontsho tsa ga Magubane!’.
Dintlha tse a di amang le tsona di atologile, go tswa go ditso tse di nyelelang go ya go botshelo mo Afrika Borwa ya morago ga kgololosego. Mo gare ga bontsi jwa ditlotlomatso tsa boditšhabatšhaba tse Peter a di filweng, go na le kabo e le nngwe e a ikgantshang ka yona mo shelofong ya gagwe: Order for Meritorious Service Class II, e a e filweng ke mopresidente wa maloba Nelson Mandela ka 1999.
‘Ke filwe dikabo di le dintsi tsa batsayaditshwantshô, go tswa mo nageng eno ka bo-1950 go ya go dikabo di le mmalwa tsa boditšhabatšhaba le phitlhelelo ya botshelo, fela e ke e filweng ke Madiba ke e ke e tlotlang thata. Fa ona le kabo go tswa go monna wa seêmô sa Mandela – o ka batla eng gape?’ o a nyeba.
Translated by Nchema Rapoo