Dr Peter Magubane o gopola kopano ya ntlha ya gagwe le monna yo kwa morago a tla balwang jaaka tsala ya botshelô jotlhe. 'E ne e le ka matsatsi ao Mandela e eng e le rramolao. Ke ne ke tlhoka mmueledi go ka emela rre wa me yo a neng a amegile mo kotsing ya sejanaga, mme ke ne ka ya kwa dikantorong tsa ga Mandela le Tambo', oa gopola. 'Ka nako eo ke ne ke sa itse gore ba na le seabe mo dipolotiking tsa naga.
Mandela o ne a mpolelela fa a sena nako mme a sa batle go tsaya dikgetse di le dintsi, ka ge a ne a feleletsa dikgetse tse a setseng a di tsere. Ke ne ka tshwanela ke go batla mmueledi o mongwe.' Fa nako e ntse e tsamaya, bana ba ga Peter ba ne ba tsalana le ba ga Mandela ka ge ba ne ba tsena sekolo mmogo kwa Swaziland. 'Ke ne ka kgona go ba fa senamelwa sa go ya sekolong, ka ge ke ne ke itse gore mmaabona [Winnie Madikizela-Mandela] ga a kgone go dira jalo ka ge a kganeditswe.
Ka lesego ke ne ke na le batho ba ke neng ke ba tshepa ba ba ka se rothising mmutla madi.' Peter o a tlhalosa. Ka iketlo, go sa lebagana, botsala bo a tlholega magarenga ga borradipolotiki ka bobedi – yo a buang ka mafoko le ditiro, le yo o buang ka setsayaditshwantshô sa gagwe.
Dr Peter Magubane o etela Nelson Mandela kwa kgolegelong ya Robben Island, go tiisa botsala magareng ga, ka motsi oo, mopresidente wa nako e e tlang wa naga le rraditshwantsho yo o mafolofolo. 'Ke ne ke dirisa leina le e seng la nnete la seXhosa – Ralanqobuso Mtirara. Ga ke itse gore ba ntetleletse jang go tsena, fela ba ntetleletse.
Re ne ka bobedi ra makatswa ke ka fao nako e amileng ditebego tsa rona fela mmogo re ne re le balwantwa ba ba tiileng mo pelong,' go bua Peter. 'Mandela o ne a nkakgolela tiro ya batsayaditshwantshô e ke neng ke e dira go senola naga ke sa boife.' Kopano e khutshwane mme puisano ga e bonolo ka fa ba lebilwe ke baokamedi ba kgolegelo ba le babedi ba ba emeng gaufinyana.
Le fa go le jalo, Peter o a itse gore kgolagano e e botlhokwa e dirilwe magareng ga banna ka bobedi.
Ka 11 Tlhakole 1990, Dr Peter Magubane o lebagana le maswabi a a bosula. 'Letsatsi le le golo mo historing ya naga, fa Mandela a gololwa kwa kgolegelong, le ne la mpha kgwetlho e kgolo ya batsayaditshwantshô jwa me. Boidiidi jwa batho bo ne bo kokoane kwa ntle ga kgolegelo ya Victor Vester kwa Paarl.
Batho ebile ba ne ba pagame mo godimo ga dibese le dillori. Batsayaditshwantshô ba ne ba le fa fatshe mme ke ne ka golagana le bona mo go batleng bodulo jo bo siametseng go tsaya motlha o montle ono. Fa Mandela kwa bokhutlhong a tswa, boidiidi bo ne ba kgomogela kwa pele ka maatla a a dirileng gore re gatakwe mo boitumelong joo.
Mo tirong ya me yotlhe, e ne e le sona setshwantshô se se botlhokwa se ke reteletsweng ke go se tsaya. Ke ne ke swabile nko go feta molomo, fela ke ne tla dira jang? Selo se le nosi fela e ne le go tswela pele le go ikgomotsa ka kitso ya gore ke kgonne go tsaya ditshwantshô tsa metlha e mengwe e e kgethegileng.' Tshono ya botshelô-jotlhe e fitlha fa Peter a nna le kopano e nngwe le Mandela.
Le fa a fetilwe ke 'dikgato tsa ntlha tsa kgololosego' tse di botlhokwa, Peter o tlotlomadiwa ke go tlhopiwa jaaka motsayaditshwantshô wa semmuso wa ga Mandela go gatisa phetogelo ya dingwaga tse nne go puso ya batho botlhe mo nageng.
Mme ka jalo loeto lwa histori lo a simolola. Peter o itse mateng a dikgagamatso tsa ka letsatsi tse di diragalang mo matshelong a MaAfrika-Borwa mo temeng eno ya dingwaga di le nne jaaka motsayaditshwantshô wa semmuso.
O tsaya ka bofefo maemô a a kwa godimo a a rebolwang ke ditshono tse di sa feleng tsa go tsaya ditshwantshô mo tseleng e e yang go puso ya dipolotiki e ntšha. Magubane o tlhalosa ka fa botsala jwa gagwe le Mandela bo tiileng ka teng jaaka ba tsaya loeto mmogo mo 'tselaneng ya kagiso'. 'Re ne re setse re tshepana mme re tlhomphana.
Jaaka motsayaditshwantshô, jaaka mongwe yo a gatisang histori, o ka se kgone go bua nnete fa o sa kgone go ka itshwarela. Mo dingwageng tse di kgethegileng tseno, ke ithutile gore o tlhoka go nna le bopelotelele; o tlhoka go ithuta go amogela gore diphoso di a dirwa.'
O tla fitlhela ditshwantshô tsa ga Mandela a tlhoafetse mme gape a kukile lesea; nako dingwe o a bina. Yo ke monna yo MaAfrika-Borwa a batho basweu a le mantsi a neng a akanya gore a ka farologana. Gore a netefatse letshogo lwa bona lo lo golo lwa go ba kgarametsa go tswa mo nageng, o rebotse diatla tsa kagiso, are: “Tlayang, a re direng mmogo, a re ageng naga eno mmogo.”.
Go na le tlhase mo matlhong a ga Peter fa a gopola motsi o o isitseng go setshwantshô se a se ratang mo bukeng ya gagwe ya Man of the People: A Photographic Tribute to Nelson Mandela. 'Ka go tlhoka pelaelo ke se Mandela a binang kwa moletlong wa matsalo a gagwe a dingwaga tse 72 se se tserweng kwa Kippies kwa Newtown, Johannesburg.
O kgona go bona boitumelo jwa kgololosego bo phatsima mo matlhong a gagwe'. Fa Peter a ne a fana ka makgolokgolo a ditshwantshô go Nelson Mandela o rile 'Ke ne ke batla go leboga Madiba go ntshepa, go mpha tshono ya go gatisa karolo eo ya botshelo jwa gagwe.'. Ka mafoko a Nelson Mandela, ditshwantshô-kgang tsa ga Peter Magubane ka ga tlhaolele, 'di thusitse go tlhagola tsela ya diphetogo mo Afrika Borwa'. Mo tseleng, Peter o itemogetse botswasetlhabelo jo bogolo mo botshelong jwa gagwe.