Tlôtla go Dr Peter Magubane ka David Meyer-Gollan

© David Meyer-Gollan

Ditshwantshô Di Buela Godimo

Go tswa kwa mebileng ya motsesetoropo go ya kwa matlolohalahaleng a taolô, Peter Magubane o tsamaile go feta halofo ya ngwagakgolo a tshwantshisa kgaratlho kgatlhanong le tlhaolele mmogo le mathata a mangwe a tsa botshelo. Ka motsi ono o ne gape a itsane le Nelson Mandela sentle – lwantlha jaaka moeteledipele yo moša wa dipolotiki yo a neng a dira matshetshe go ralala naga, mme morago jaaka mogaka wa kgaratlho.

Fa dingwaga di ntse di tsamaya, botsalano jo bogolo bo ne jwa bopega magareng ga 'borrapolotiki' ka bobedi – mongwe yo a buang ka mafoko le ditiragatso, yo mongwe yo a buang ka setsayaditshwantshô sa gagwe.

Morago ga go gololwa ga Mandela ka Tlhakole 1990, Magubane o ne a tlhophiwa jaaka motsayaditshwantshô wa gagwe wa semmuso go gatisa phetogelo ya naga go puso ya botlhe ya dingwaga di le nne. Go tswa mo o ne a dira ka natla go dirisa ditshono tse di tlhageletseng mo tseleng e e lebileng kwa mmusong o mo ša. Se segolo, Magubane o ne a na le tumelelo-tseno go Mandela le lolapa lwa gagwe.

Bodiri Jo Bo Itshupileng

Dr Peter Magubane ke mongwe wa batsayaditshwantsho ba Afrika Borwa ba ba tlotlomatswang boditšhabatšhaba thata. O simolotse bodiri jwa gagwe jo bo itshupileng ka 1954 le makasine wa Drum, e e mmeileng mo pelong ya mananeo-tshupetso kgatlhanong le tlhaolele. Morago ga dingwaga tsa kwa Drum, Peter o ne a dira dipontshô kwa Yuropa mme gape a ithuta kwa Amerika. Fa a boela gae ka 1966, o ne a nna karolo ya lokwalo-dikgang lwa Rand Daily Mail.

Mo sebakeng sa Seetebosigo 1969 go ya go 1971, Peter o ntse matsatsi a le 586 e le motshwarwa-nosi, mme morago a kganetswa go dira jaaka motsayaditshwantshô dingwaga di le tlhano. Go tloga ka bo-1980, Peter o ne gape a direla makasine wa Time. Ka 1990 o ne a tlhophiwa go nna motsayaditshwantshô wa semmuso wa ga Nelson Mandela go gatisa phetogelo ya naga go puso ya botlhe ya dingwaga di le nne. Peter Magubane o filwe dikabo di le mmalwa tsa boinêêlô jwa gagwe le seabe se se tswileng diatla mo lefatsheng la batsayaditshwantshô.

Mo go tsona go: Mother Jones-Leica Lifetime Achievement Award; Martin Luther King Award; kabo ya botsalano go tswa go Tom Hopkinson School of Journalism; le makwalo a tlotlô a bongaka a le mane go tswa kwa diyunibesithing tse di farologaneng tsa Afrika Borwa. Mo godimo ga fao, e ne e le motho-montsho wa ntlha wa moAfrika-Borwa go abelwa kabo ya batsayaditshwantshô – mo kgaisanong ya Best Press Pictures ka 1958. Gompieno Peter Magubane gantsi o supetsa lense ya gagwe go mefutafuta ya ditso le dingwao tsa maAfrika-Borwa.

Dr Peter Magubane

Dr Peter Magubane, mmegadikgang wa ditshwantshô yo o itsegeng boditšhabatšhaba, o belegwe ka di 18 Ferikgong 1932 kwa Vrededorp mme a god...more