Tshologo-Pula mo Afrika Borwa

© Peter Delaney

Bogolo jwa Afrika Borwa ke karolo ya tshologo-pula ya selemo, Ngwanatsele go fitlha Mopitlwe, fa Porofense ya Kapa Bophirima e itemogela bogolo jwa pula ka mariga, Motsheganong go fitlha Phatwe.

Mo bogolong jwa Afrika Borwa, go na le mokgwa o o tsepameng wa tshologo-pula ka tshologo-pula e e oketsegelang gotswa bophirima goya botlhaba. Seno se bontshiwa ke pharologano ya tshologo-pula ya ngwaga le ngwaga magareng ga Port Nolloth kwa lobopong lwa bophirima, 50 mm, le Richards Bay, 1 000 mm, e e mo latitude ele nngwe kwa lobopong lwa botlhaba.

Plateau ya naga-gare, botlhaba jwa Free State, KwaZulu-Natal, Kapa Botlhaba le Mpumalanga, e itemogela pula e e ka nnang yotlhe ele matlakadibe, dipula tsa tshekelelo. Dipula tseno tsa tshekelelo di tlholega ka ntlha ya gore dikgaolo tseno tsotlhe di na le mogote o o lekaneng ka selemo. Ka bokhutshwane, mowa o o bometsi jo bo bothitho ono o a tlhatlhoga, o rurufale, mme o phokafale le go komotega jaaka matlakadibe.

Kwa karolong e e kwa bophirima jwa Afrika Borwa, tshologo-pula e kwa tlase ka ntlha ya fa go sena bometsi jo bo lekaneng mo lefaufaung go dira dipula tsa tshekelelo. Gape, ga gona kamego e e bonalang ya pula ya orographic mo dithabeng go ikala le mekgokologa ya bophirima. Seno ke ka ntlha ya gore mowa gotswa kwa moeleng wa lewatle o o tsididi ga o tshole bontsi jwa bometsi, mme diphefo tsa lobopo di foka ka go rapalala le dithaba. Pula ya orographic e tlholega fa diphefo tse di bometsi di pateletswa go tlhatlhoga le letlhakore la thaba.

Dikgaolo tsa Tshologo-Pula e e Godimo mo Afrika Borwa

©Eric Miller

Tshologo-Pula e e kwa godimo go gaisa mo Afrika Borwa e diragala kwa dithabeng tse di kwa botlhaba le tse di kwa borwa tse di jaaka Drakensberg, go tloga kwa Limpopo, go tsena ka Mpumalanga le KwaZulu-Natal goya kwa dikarolong tse di kwa bokone jwa Kapa Botlhaba. Dithaba tse dingwe tse di nang le tshologo-pula e e kwa godimo di akaretsa Thaba ya Outeniqua, dithaba tsa Borwa-botlhaba jwa Kapa le dithaba tsa Winterberg le Amatola, kwa dikarolong tse di mo bogareng jwa Kapa Botlhaba. Tshologo-pula e e kwa godimo mo dithabeng e ka ntlha ya di pula tsa orographic. 

Dipula tsa orographic tsa dikgaolo tsa dithaba di botlhokwa thata mo nosetsông ya dikgaolo tsa temô tse di omileng, tse nako dingwe di leng bokgakala jwa di-kilometer di le makgolo makgolo. Kelelo gotswa kwa dithabeng tsa Drakensberg/Maluti tsa Lesotho le Kapa Botlhaba di tshelwa ka go tsamaisiwa ka megorogoro go nosetsa dikgaolo tsa bogareng le bokwatlaseng jwa Noka ya Orange. 

Sekai se se ntle sa dipula tsa orographic se ka bonwa kwa Kapa Botlhaba gaufi le Alice. Tshologo magareng ya ngwaga le ngwaga kwa Alice mo dinaong tsa Dithaba tsa Amatola e ka nna 500 mm, fela kwa Wolfridge kwa dithabeng, tshologo-pula ya ngwaga le ngwaga ke 1 700 mm. Mo go tseneletseng go gaisa ke kwa Wemmershoek kwa dithabeng tse di fa godimo ga Franschhoek, kwa tshologo-pula magareng ya ngwaga le ngwaga e fetang 3 000 mm.

Difefô le Mewa e e Maruru

Tshologo-pula e e kwa godimo kwa KwaZulu-Natal le kwa dikarolong tse di kwa bokone-botlhaba tsa Kapa Botlhaba e ka ntlha ya mowa o o hupileng bometsi o o lerweng ke moela o o bothitho wa Mozambique. Gangwe le gape ledimo le a bopega, le le tlisang dipula le merwalela e e tseisang manya.

Dipula tsa mariga tsa borwa-bophirima le bophirima jwa Kapa di lerwe ke difefô kgotsa mewa e e maruru. Mewa e e maruru e atumela Kapa Bophirima gotswa kwa bophirima, mme e fete fa godimo ga porofense goya kwa botlhaba. Mewa e e maruru eno e tlisa malatsi a dipula tsa medupi, fela tshologo-pula magareng ya ngwaga le ngwaga mo dikgaolong tseno e kwa tlase. Lebaka le le golo malebana le tshologo-pula e e kwa tlase ke gore mowa o o bometsi o tswa kwa lewatleng le le maruru, le le isang kwa dielông tsa mowafalo tse di kwa tlase.

Diphêthêne tsa Tshologo-Pula tse di Kgethegileng

©Jacques Marais

Dikgophu tse di boteng
Phêthêne e e botlhokwa e e kgethegileng ya phasalatso ya tshologo-pula ya tikologo e fitlhelwa kwa dikgophung tsa noka tse di boteng tsa Kapa Botlhaba le KwaZulu-Natal. Dikgophu tseno tse di mogote di na le tshologo-pula e e kwa tlasenyana go feta ya dikgaolo tsa plateau tse di leng mo magareng ga tsona. Ka ntata ya dithemphoritšhara tse di kwa godimo mo dikgophung, go na le seêlô se se kwa godimo sa transpiration, eleng tatlhegelô-bometsi mo dijalong, le mowafalo, selo se se tlhokang temô e e nosetswang. 

Kwa Kgophung ya Noka ya Sunday, tshologo-pula ya ngwaga le ngwaga kwa Addo ke fela go ka nna 390 mm, mme themphoritšhara e e kwa godimo go gaisa mo Afrika Borwa e ne ya gatisiwa kwa Kirkwood, 55ºC. Gape, kwa Kgophung ya Noka ya Keiskamma e e boteng tshologo-pula magareng kwa Dank den Goewerneury ke fela 390 mm, fela ke 500 mm kwa Middledrift, gautshwane fela kwa ntle ga kgophu e e boteng. 

Dikomelelô tsa mo gare ga selemo

Dikgaolo tsa tshologo-pula ya selemo di arogantswe ka tse di nang le tshologo-pula ya go sale gale ka selemo, tsa ya mo gare ga selemo, le tsa thari kgotsa thari thata ka selemo. Seno se supa kgwedi e mo go yona pula ya selemo e yang magoletsa, eseng fa pula ya selemo e simolola. 

Bogare jwa Kapa Botlhaba bo senotse phêthêne e e botlhokwa e e kgethegileng ya pula ya selemo; goya magoletsa go go potlana ka dikgakologo le goya magoletsa go go totang go le godimo mo botharing jwa selemo/go sale gale ka letlhabula. Mo magareng go na le dikomelelô tsa bogare jwa selemo. Ditshologo-pula tse di kwa tlase le dithemphoritšhara tse di kwa godimo thata di tsenya kgatelelô ya metsi mo dijalong tse di golang ka selemo. 

Balemirui ba tshwanela ke go nna le dithulaganyo le ditogamaano tsa phosagalo mo tirisong go lekanyetsa ditatlhegelô le ditshenyego tsa dijalo ka dipaka tsa thebolelo metsi e e lekanyeditsweng.

Digasi tsa twantsho tatlhegelô-bometsi mo dijalong e ka lekanyetsa ditatlhegelô tsa metsi ka mokgwa wa transpiration. Tseno di ka nna tlhwatlhwa-godimo le go nna le ditlamorago tse di sa siamang, tse di jaaka phokotso ya itirelonjo. Mo mabakeng a a masisi, ditlhare di ka segwa go fokotsa karolo ya matlhare le go lekanyetsa transpiration. Seno se ne sa dirwa kwa ditshimong tsa monamune kwa kgaolong ya Letsitele ka motsi wa komelelô e e masisi ka dingwaga tsa bo-1980.

Translated by Nchema Rapoo