Tsela ya go Simolola Bolemirui jwa Tlhapi jwa kwa Metsemagaeng

©Nicholas James
Go simolola kgwebo ya temôwatle mo Afrika Borwa ka maitlhomo a go tlhagisa tlhapi ya metsi a a foreshe, balemirui ba ba ntšhwa ba tlhapi ba tlile go tlhoka maano, bokgoni le lefelo le le matshwanedi le thulaganyo e e tshwanetseng ya bolemirui jwa tlhapi e e tshwanetseng tikologo ya bona.

Dintlha tse di Botlhokwa tsa Bolemirui jwa Tlhapi

Dintlha di le tharo di botlhokwa pele o ka simolola ka bodirelo jwa temôwatle. Molemirui wa tlhapi yo montšhwa o tlile go tlhoka:
Leano la kgwebo
Togamaano ya kagô
Leano la bodiri

Ka maswabi, tshedimosetso eno ya leano gantsi e tsewa kwa bathong kgotsa metswedi e e tlamelang tshedimosetso e e seng mo dinakong kgotsa e e sa nepang. Makgetho ale mantsi mekgatlho ya papatso ya maitlhomo a a siameng e boeletsa diphoso tsa dipalêlô tsa temôwatle ya bo-1960. Mme diprojeke tse di ntšhwa di retela gape.
Go ralala Afrika, re fitlhela makadiba a mannye, a tladitswe metsi a a tlhapileng a a seng boteng, a tladitswe ditlhapinnye tsa mongrel tsa tshika e e sa itsiweng. Phepô ya ditlhapi mo dithulaganyong tseno gantsi ke e potlana, bolaodi bo tota bo seo mme ka nako e projeke e phutlhamang ka yona, mokgatlho wa bogakolodi e a be ele kgale o ile.

Lekala la Poraefete

Tsweletsopele ya temôwatle ya kwa metsemagaeng e tlhoka maitlamô a a tiileng ka puso le dikema tsa borulaganyi tse dingwe go dirisa bokgoni jwa lekala la poraefete le le maleba. Lekala la poraefete le ka thusa ka go tlhama maano a kgwebo, ditogamaano tsa polase le katiso ya balemirui ba tlhapi ba ba ntšhwa.
Bolemirui jwa tlhapi jo bo atlegileng bo teng mme bo diriswa kwa dinageng tse di jaaka China, Thailand, Indonesia, Bangladesh mme ka go oketsega kwa metsemagaeng a Amerika Borwa le Amerika Bogare. Dipolase tseno tse di atlegileng di dirisa makadiba a mmu a a tsentsweng monontsha le sefepi. Makadiba ano a mo mmung a na le dipoelo tse di leng botlhokwa go katlego ya bolemirui jwa tlhapi jwa kwa metsemagaeng: matshosetsi a bokotsi a a kwa tlase, go ikaega mo maatleng go go kwa tlase, tlhokego ya bokgoni e e kwa tlase le botlhagisi jo bo kwa godimo, ka go tlhagisa go fitlha go 18 tons tsa tlhapi mo heketareng. Thulaganyo eno ya bolemirui jwa tlhapi e na le rekoto e e ka kopiswang bonolo e e ka selwang morago le go boeletswa mo Afrika Borwa. Ditogamaano tsa temowatle di bonolo fela di botlhale mme ga se tsa segologolo ka tsela epe.
Kelotlhoko e e gagametseng e tshwanetse go ka bewa mo togamaanong ya lekadiba le kagô ya makadiba ano a mo mmung, taolô ya boleng jwa metsi, tlatso le kumisô ya metsi, go letla kgolô ya dijo tsa tlhagô tsa tlhapi. Tshedimosetso mo bolemiruing jwa tlhapi ya mo lekadibeng la kgwebo le yona e teng.

Balemirui ba Tlhapi ba ba Ntšhwa

Go tshitshinngwa gore thotloetso ya temôwatle ya kwa metsemagaeng e tsepamiswe mo ketleetsong ya pontsho ya lekala la poraefete le ditlabakelo tsa katiso go bolemirui jwa tlhapi. Ditlabakelo tseno ga di a tshwanela ke go nna dithulaganyo tsa maêmô a a kwa godimo tse di matswakabele.
Ditlabakelo tsa katiso tsa balemirui ba tlhapi ba ba ntšhwa ga di a tshwanela ke go nna kwa dikgaolong tse di kwa kgakala le ditlhokegô tsa merafe ya selegae, kgotsa mo boseng jo bo tswileng mo boseng jo bo bothitho jo bo tlhokegang. Bogolo, ditlabakelo tsa pontshiso di ka nna kwa tlhokegô eleng kwa teng, kwa dikgaolong tsa bogodimo jo bo kwa tlase tsa merafe ya metsemagae. Ditlabakelo tseno tsa pontshiso di tshwanetse go tshwana le tse merafe ya kwa metsemagaeng e tlileng go tlhoka go di aga go fitlhelela katlego mo diprojekeng tse eleng tsa bona.
Maano a kgwebo a a ikaegileng ka maiteko a kgwebo a a atlegileng jaana a tlile go bona matlole bonolo go na le a a lekang go bona matlole ka go ikaega ka technology ya Recirculating Aquaculture Systems (RAS) e e marara mme nako dingwe ese maleba, gantsi e santse ele mo legatong la patlisiso le botsweletsi, ntle le rekoto ya ga jaana e e bonalang ya katlego.
Dikgang tsa bolemirui jwa tlhapi jo bo atlegileng di teng kwa ntle kwa, gangwe le gape kwa Asia, fela ka go oketsega gape mo Afrika, thata thata kwa Zambia. Re tlhoka go di kopisa.

Translated by Nchema Rapoo