Trekboers ba Richtersveld
Trekboers e ne ele Bomang?
Mme Trekboers e ne ele bomang? Kwa tshimologong, balemirui botlhe ba baYuropa ba ne ba pateletshega go dula mo sekgaleng se se khutshwane gotswa kwa Fort kwa Cape Town, gore Setlamo se se leng gotlhe se ba beye leitlho. Fela, go sale gale ka dingwaga tsa bo-1700, lefelo-bodulo le ne le feta batlamedi ba lona mme mafatshe a tlaleletso a ne a tlhokagala go samagana le tlhokego ya dijo le nama. Balemirui ba basweu ka jalo ba ne ba letlelelwa go bolola le go gapa mafatshe a mantšhwa go pota dithaba ka kwa.
Seno e ne ya nna tshimologo ya Trekboers (e e kayang balemirui ba ba bololang) mme baYuropa ba ba boitshoko bano ba ne ba tswelela go thankgolola karolo tsa mafatshe go ralala Kapa. Morago, thopo-lefatshe eno e ne ya dirwa ya semmuso ka thulaganyo ya dipolase tse di adimisanwang, e e letleletseng balemirui go gapa dikarolo tse kgolo tsa mafatshe mme ba duele rente e e kwa tlase ya ngwaga le ngwaga go Setlamo. Ditshwanelo tsa lefatshe tsa batho ba selegae di ne tsa se iswe tlhogong. Le boBastaards tota ba ba neng ba tlotlega go se nene ba ne ba pateletswa go ineela ka ga mafatshe a bona fa ba ne ba thologelwa ke molemirui wa mosweu yo o thopang lefatshe.
Katologo ya Basweu
Ka jalo, trekboers ba ne ba simolola go phatlhalala, lantlha kwa Overberg e e ungwileng kwa botlhaba mme morago kwa lefatsheng la Waveren kwa bokone-botlhaba. Le fa Namaqualand, ka bosa jwa yona jo bo komelelô, e ne kwa tshimologong e sa angwa ke katologo eno ya basweu, ditlhopha di le di ntsi tsa Khoikhoi le Bastaard di ne tsa kgarametswa gotswa mo mafatsheng a tsona ke trekboers mme di ne tsaya kwa bokone. Seno se ne sa baya kgatelelô e nngwe gape mo lefatsheng la Namaqua le bonneteng jwa lona.
Moragonyana, bookamedi jwa trekboers le ba-Dutch kwa Kapa bo ne jwa nna le seabe mo tshupong le tlhomong ya dikgosi tsa Khoikhoi, mme gape ba ne ba ba putsa ka lore lwa tlhogo ya koporo gore ba tle ba dire mmogo le go ba tshegetsa mo kgwebisanong. Seno se ne sa nyatsa ditatelano-maêmô tsa setso tsa Khoikhoi goya pele. Mme, ka dingwaga tsa bo-1750, trekboers ba ntlha ba ne ba simolola go tsena kwa Namaqualand kwa ba neng ba thopa mokoa wa dipolase.
Kgaisanelo Lefatshe
Ka ditiro, balemirui bano ba baYuropa ba ne ba sa farologane thata le balemirui ba selegae ba batlhotlhomi ba ba kileng ba lema lefatshe. Mo kgaolong e e omeletseng ya Namaqualand, ka sekai, bontsi jwa bona ba tsere tiriso ya atjieshuise tsa setso jaaka matlo a bona a boitlhophelo. Ba ne gape ba huduga le diphologolo tsa bona, ba tsamaya le ditlha go fitlhelela mafatshe a a siametseng phulô. Jaaka go bonala, seno se ne sa ba baya mo kgaisanong ka tlhamalalô le badisa ba Namaqua ka ga didiriswa tse di sewelo tsa tlhagô. Fela, balemirui ba baYuropa ba ne ba na le Modimo le puso mo letlhakoreng la bona mme, ka kakanyô ya bona ya kwa bophirima ya thuofatshe ya motho ka bongwe mo tirisong, ba ne ba thopa naga. Ka tshwanelo, mo dingwageng di le 100 tse di latetseng, trekboers ba ne ba kgapela thoko batho-selegae ba Namaqua gotswa mo mafulong a bona a bogologolo.
Batshabi ba baNamaqua, Bushmen le baKhoikhoi ga mmogo le Bastaards ba ne kwa bofelong ba kgarameletswa pele go tsenelela kwa bokone, kwa ba iphitlhetseng ba gaisana ka bo bona. Khudugo goya ka setlha e e kileng ya bo ele botshelo jwa bona e ne ga jaana e lekanyeditswe, mme mekgwa ya dikhudugo tsa setso ya bona e ne e tlhatlhamolotswe. Bangwe ba ne ba ineela mme ya nna malata a trekboers, kgotsa ba bona tiro jaaka badiri mo dipolaseng tsa bona.
Mafelo a Batho-Selegae
Ba bangwe ba boetse kwa pabaletshegong ya mathibelelo kgotsa go tsenelela ka mafelo a a kgakala a botshabelo a a neng morago a itsagale jaaka ‘mafelo a batho-selegae’, a a itsegeng thata ke a a gaufi le bothibelelo jwa Leliefontein kwa Kamiesberg le a a kwa Richtersveld (e, go fitlha ka 1847, e neng ele kwa ntle ga melelwane ya semmuso ya Cape Colony). Gompieno, dikgaolo tseno tsa merafe di bopa 25% ya Namaqualand mme di tshotse 40% ya baagi ba yona.
Ditlhopha dingwe ebile di fetogile go nna ditlhokotsebe mme tsa simolola go tlhasela masaka le metse ya baagisani ba bona. Ka nnete, kgaolo yotlhe ya Noka ya Orange e ntse sengwe sa ‘bophirima jo bo tlhaga’ ka paka eno, ka mokoa wa digongwana tsa bakgothosi tse di bopilweng ke merafe ka go farologana di nyeuma mo kgaolong, di baka tsebetsebe.
Nngwe ya ditiragalo tse di bosula e e santseng ele mo mogopolong wa Namaqualand yotlhe e diragetse mo bogareng jwa dingwaga tsa bo-1800, fa leuba le le golo lene le padimola kgaolo. Ka ntlha ya seo, batho ba ba kwa bothibelelong jwa Steinkopf ba ne ba hudusetsa malapa le metlhape ya bona kwa motsweding o monnye kwa sekgaleng se se ka nnang 15km. Mme, ka Latshipi mongwe fa bagolo ba le kwa kerekeng, setlhopha sa baBushmen ba ba sasankang se ne sa tlhasela kampa, sa bolaya bana ba baNama ba le 32. Lefelo leo le tshwailwe ka sefikantswe mme le itsagale bonolo jaaka Kinderlê (fa bana ba robetseng teng).
Translated by Nchema Rapoo