Bastaards ba Richtersveld

Batho ba Batswakwa

©Shem Compion
Morago ga loeto-patlisiso lantlha la ga van der Stel goya kwa Copper Mountain, tsela e e yang bokone e ne e theilwe. E ne ese tsela e e tlalang, ka mokgwa ofe kgotsa ofe, fela mo dingwageng tse di fetang 200 tse di latelang palo e e rileng ya batho ba batswaka e ne e thologela go tsena le go dikologa Namaqualand. Bona ba ne ba akaretsa batsomi, baupeletsi, baithuti ba dimela, balemirui ba Yuropa, makgoba a a ngweegileng le palo e e rileng ya ba gotweng ke Basters kgotsa Bastaards (batho ba lotso lo lo kopakopaneng). Fa bagorogi ba ba ntšhwa bano ba ntse ba gaisanela lefatshe le didiriswa, palo ya dikgotlhang mo kgaolong e ne ya etegela - segolobogolo ka dinako tsa komelelô.
Santlha, a re bue ka Bastaards bao. ‘Mefare’ eno ya lotso lo lo kopakopaneng e ne e itsagale ka maina a morafe mongwe le mongwe, fela babusi ba makoloniale ba ba tlhaotse jaaka ‘Bastaards’ (bana ba baYuropa le batho ba eseng basweu) kgotsa ‘Bastaard-Hottentots’ (bana ba makgoba le baKhoikhoi). Ka ntlha ya tshika ya bona e e etseetsegisang, bontsi jwa batho bano (le fa sentle sentle ele batho ba ba gololesegileng) bo ne bo sena tshwanelo ya boagi mo koloneng. Ka ntlha ya seo, ba ne ba etelelapela motsamao wa batho go tsenelela kwa bokone, kwa ba ipatletseng lefatshe teng.

Adam Kok

Fano, ba kopakopane le ditlhopha tsa selegae tsa Nama, gantsi ba fekeetsa batho ba selegae ka ntlha ya ditlhobolo tsa bona, thuto kgotsa khumo ya bona. Ba ne gape ba tshwere tlhasenyana ya polotiki ka ntlha ya tumelo ya bona ya Bokeresete, mme ba bangwe ba kgonne le go iponela dipolase kgotsa ditshwanelo tsa mafulo gotswa go bolaodi jwa bokoloniale, mme morago ba godisa khumo ya bona.
Adam Kok yo o tumileng, motlhami wa setšhaba sa Griqua, e ne ele mongwe wa batho bao. Kok o tswile kwa Kapa goya Piketberg, kwa a dutseng mo polaseng ya Stinkfontein ka 1751. Morago, ene le lolapa lwa gagwe ba hudugetse bokone goya kwa Kamiesberg, kwa batho ba gagwe ba ntseng bagokaganyi mo kgwebong magareng ga baYuropa, baNamaqua le Batswana ba borwa. Ka bo-1780, maloko mangwe a lolapa ba hudugile gape goya kwa Nokeng ya Orange, kwa ba dutseng kwa kgaolong ya Kimberly, pele ba huduga gape go batlana le lefatshe le eleng la bona. Dikhudugo tseno tsa kgapetsa kgapetsa di katswa e ne ele ka ntlha ya kgorogo ya trekboers ba ba ba tseetseng lefatshe.

Bosluis Basters

Bosluis Basters ba bona leina la bona gotswa go legae la bona la kwa tshimologong, eleng polase ya Bo-Sluis (kwa godimo ga mosele), mme eseng gotswa mo lefokong la Afrikaans ‘bosluis’, le le kayang kgofa ya motlhampepe ya naga kgotsa nta. Go tshwanelwa gape go ka elwatlhoko gore lereo le le seng monate la ‘baster’, le le tserweng gotswa mo lefokong la segolosegolo la ‘bastaard’, le tsholwa ka boipelo jo bo rileng ke ditlhopha di le mmalwa (go akaretsa basters ba Rehoboth kwa Namibia). Bomotlapitsong ba le mmalwa ba kwadile gore lebaka la matlha ano le boela morago kwa dingwageng tsa bo-1800, fa seêmô sa bona jaaka ‘half-castes’ se ba tlhaotse ka le le reng ba tshela sentle go phala ‘Hottentots’ le merafe ya selegae e mengwe.
Mo tiragalong nngwe le nngwe, kgorogo ya Bosluis Basters e supile fa e sulafeditse baKhoiKhoi ba selegae. Ke ne ka bolelelwa gore, kwa ntlheng, ditlhopha tseno ka bobedi ne di sa nosane metsi mme, ka bojaanong jo bo jaaka dingwaga tsa bo-1980, lenyalo magareng ga moNama le Baster le ne le tla tlatsa dipuopuo kwa Eksteenfontein. Gompieno, fela, ditlhopha tse di farologaneng kwa Richtersveld di kopane jaaka morafe mme di dira mmogo mo bomolemông jwa botlhe.

Translated by Nchema Rapoo