Batsomi le Batlhatlhobi-Naga ba Richtersveld
Tlhatlhoba, Kokoanya, Gweba
Ga se baYuropa botlhe ba ba neng ba tsena ka Namaqualand ba ba neng ba tsepamisitse tlhaloganyo mo go e thopeng. Ba le ba ntsi ba tsene mo kgaolong go tlhatlhoba, go kokoanya, go gweba le go tsoma. Johannes Rhenius, ka sekai, o tsere maeto-itlhomo ale mabedi a a sa atlegang a bogwebi goya kwa Garies ka 1721 le 1724. Ka bokgatlhanôthapong, Rhenius e ne ele mokgwenyana wa ga Olof Bergh, yo o simolotseng ka katlego ‘tsela-kgolo’ ya bokone ka 1682.
Batsomi ba ba farologaneng ba ba tsomileng go kgabaganya kgaolo ba thata go ka supiwa. Ba ne ba sa tshole dibukana tsa maeto mme gantsi ba ne ba bolola mo sephiring, ntle le tetla.
Le fa gole jalo, maloko a ditlhopha tseno tsa batsomi ka kakaretso ba kaiwa fa ele basweu ba ntlha go bona Noka ya Orange. Seno se ka tswa se diragetse ka bo gale jo bo etsang 1728, fa setlhopha sa balemirui gotswa Piketberg se ne se bolola ka bofitlha goya bokone mo loetong lwa tsomo lo lo atologileng.
Fano, ba ne ba kgatlhana le noka e e sephara e go batho ba selegae e itsagaleng jaaka !Gariep (Noka e Kgolo). Gatwe gape ba kgatlhane le monna mongwe wa mosweu mo dintshing tsa !Gariep, motsoma-tlou yo o bitswang Pieter de Bruyn.
Magatwegatwe ano fela a santse a sena bopaki.
Ka Ntlha ya Mabaka a a Phoso
Loeto-itlhomo lo longwe, ka 1739, lo ne lwa gatiswa semmuso, fela ka ntlha ya mabaka a a phoso. Setlhopha seno sa batsomi se tshetse Orange go tsena ka Great Namaqualand (Namibia) kwa ba ntseng kgwedi kwa lesakeng la Kgosi Gal. Fa ba tsamaya, ba ne ba tlhotlheletsa malata a bona go tlhasela lesaka le go utswa dikgomo, gore ba bone karolo ya dipoêlô.
Mme, fa ba bololela borwa go ralala Little Namaqualand, ba ne ba tswelela go tlhasela masaka fa ba ntse ba tsamaya, ba utswa go feta dikgomo di le 1000 le go bolaya basadi le bana ba le mmalwa. Tseno tsotlhe di tlile leseding morago ga gore baemedi gotswa kwa maphateng a a amegileng ba bololele kwa Kapa go ipelaetsa.
Tota le malata a a dirileng ditlhaselo ba ne ba ngongorega gore ga ba neelwa dikgomo jaaka ba ne ba solofeditswe. Ka go lebagana tshegetso e kgolo ya batsomi, Setlamo se sweeditse go amoga dikgomo le go itsholela tsona!
Ketelo ya ntlha ya ‘semmuso’ kwa !Gariep e rweswa Jacobus Jansz Coetse, yo a tsereng loeto ka 1760. E ne ele molemirui gotswa Piketberg yo o bolotseng goya go tsoma ditlou, a tlogela mohumagadi wa gagwe kwa morago gore a tlhokomele polase ya lolapa. Ka go tlhoka morwalo ka tshwanelo, Coetse o ne a bolola ka dikariki di le pedi le baKhoiKhoi ba le somepedi, a sasanka le Namaqualand go fitlha a fitlha kwa dintshing tsa !Gariep.
O kgabagantse noka kwa Ramansdrift gaufi le Gu-daos (tselana ya dinku). Se e ne ele makgabaganyo a noka a a neng a diriswa gantsi ke badisa ba Namaqua, mme ga jaana a itsagale ka leina le le sentsweng la ‘Goodhouse’. Mo mokgweng ono o o neng osa lemogwe, Coetse e nnile motho-mosweu wa ntlha go gatisa loeto lwa gagwe go kgabaganya Noka ya Orange e e kwa tlase go tsena ka naga ya Great Namaqua.
Loeto-itlhomo lwa Semmusonyana
Go latela loeto lwa ga Coetse, go ne gwa sweediwa gore loeto-itlhomo lwa semmusonyana lo tshwanetse go tsewa go tlhatlhoba kgaolo e e kwa bokone jwa !Gariep.
Lona lo ne lo eteletswepele ke Hendrik Hop, yo a bolotseng ka dikariki di le sometlhano ka 1761. Jacobus Coetse o ne a ba pata mo loetong jaaka mokaedi, mme Carel Brink o ne a dira jaaka mo mokwala-ditiragalo. Goya ka Brink, baNamaqua ba go kgatlhanweng le bona ba ne ba dila, ba na le dikgomo di le mmalwa mme ba ne ba tlhaselwa kgapetsa kgapetsa ke ‘Bosjesmans’.
Lekoko la ga Hop le kgabagantse noka kwa Gu-daos mme la tswelela goya bokone kwa kgaolong ya Keetmanshoop. Fano, ba ne ba pateletshega go boela morago ka ntlha ya maêmô a a mogote a a omeletseng a selemo.
Leloko lengwe la loeto lwa ga Hop, Dr. Carel Rykvoet, o ne a tsaya tshono go dira dipatlisiso ka ga diminerale fa a ntse ale mo kgaolong. O ne a sekaseka Thaba ya Koporo ya ga Van der Stel, mme a supa fa masaledi a koporo ale bokoa.
O ne gape a itelekela ka Richtersveld, bophirima jwa Gu-daos, kwa a fitlhetseng masaledi a a neng a ungwile thata – go fitlha go bongwe-tharong jwa koporo. Fela, o ne a lemoga fa majwe a tiile thata, lefatshe le le moôpa mme sekgala se le segolo thata go ka epiwa.
Translated by Nchema Rapoo