Themphoritšhara ke Eng?

© Leonie Joubert

Themphoritšhara ke mmetô wa motheo wa seêmô sa maatla sa tikologo mme e rotloetswa ga golo ke kgotetso ya letsatsi.  

Themphoritšhara e bonolo go metwa mme e diriswa, mmogo le tshologo-pula ya kgaolo, go sweetsa gore ke dijalo dife tse di tla melang bontle mo kgaolong e e rileng. Fela, dilekanyetsi tsa themphoritšhara tse di jaaka dithemphoritšhara tsa mo bogareng tsa tsatsi le tsatsi le tsa setlha, dithemphoritšhara tse di kwa tlase le tse di kwa godimo, dithemphoritšhara tsa magareng tsa motshegare le tsa bosigo, tsotlhe tseno di tshwanetse go akanyetswa ka mo sejalo se tlileng go gola ka teng mo kgaolong eo. 

Themphoritšhara e na le seabe ka tlhamalalô mo mefuteng yotlhe ya botshelo mo lefatsheng. E bopa phuthologo ya motho kgotsa go tlhoka phuthologo (le tlhopho ya futhomatso kgotsa tsidifatso), e sweetsa tsibogô ya sejalo le ya diphologolo, go runya ga disenyi le malwetse ga mmogo le dielô tsa mowafalo le transpiration (tatlhegelô ya bometsi mo matlhareng). 

Themphoritšhara e Metwa Jang?

Themphoritšhara e e diriswang mo kgodisong ya dijalo le mo bolemiruing e metwa jaaka themphoritšhara ya mowa. Seno se metwa ka mo gare ga dikhurumetsi tse di bitswang ditshiro tsa Stevenson kgotsa disireletsi tsa kgotetso tse di nang le pulelomowa. Dikhurumetsi tseno di bewa 2 m fa godimo ga lefatshe, gaufi le bodilô jo bo lekalekanang le jwa matlhare a sejalo. 

Themphoritšhara ya mowa e ka farologana le themphoritšhara ya fa fatshe. Bosigo ka mariga, dithemphoritšhara tsa fa fatshe di kwa tlasenyana go feta themphoritšhara ya sesiro. Seno se ka isa kwa mouwaneng le fa diponelopele tsa themphoritšhara di sa bonelapele dithemphoritšhara tsa mowa tse di gatsetseng. Fela, dithemphoritšhara tsa fa fatshe di ka nna gape bothitho go feta themphoritšhara ya mowa motshegare goya ka mofuta wa boalô. 

Themphoritšhara ya mowa wa kwa ntle le yona e ka nna bothitho go feta themphoritšhara ya sesiro, segolobogolo ka selemo. 

Themphoritšhara ya matlhare a a mo letsatsing gantsi e kwa godimo ga themphoritšhara e e metilweng (ya sesiro) ka 3 - 4ºC. Pharologano e fokotsegela go se se ka nnang 1ºC ka fa tlase ga maêmô a moriti le fa dithemphoritšhara di feta 33ºC.

Matlhare a makima a a sa latlheng bometsi a ka nna bothitho go feta themphoritšhara ya mowa e e metilweng ka 10 - 15ºC.

Tsela ya go Fetolela Celsius go Fahrenheit

©David Eccles

Mo Afrika Borwa, themphoritšhara e metwa ka Digrata tsa Celsius (ºC). Metsi a swa bokgapetla ka 0ºC mme a bela ka 100ºC (mo seêlông sa lewatle). 

Kwa USA themphoritšhara e santse e begwa ka digrata tsa Fahrenheit. Mo sekaleng sa Fahrenheit, ntlha ya boswakgapetla jwa metsi ke 32ºF mme ntlha ya go bela ke 212ºF. 

Translated by Nchema Rapoo