Thekô ya Dikgomo tsa Mašwi
Go Rekwa Kae Dikgomo tsa Mašwi?
Morago ga go sweetsa gore ke letsopa la mašwi lefe le le tlileng go rekwa, diphologolo di tshwanetse go rekwa. Dikgomo tse di mo logatong lwa ntshô-mašwi di tshwanetse go ka rekwa pele, ka ntlha ya fa go tlile go nna le thebolô ya mašwi ka gangwe, mme ka jalo lotseno lwa madi lwa ka gangwe. Dikgomo tsa mašwi di mo magatong a tlhagiso ale mabedi, lwa mašwi (ntshô-mašwi) kgotsa lwa komelelô (fa di se mo ntshông-mašwi). Fa di omeletse, dikgomo di tshwanetse go dusa mme di le mo sebakeng sa malatsi ale 60 a tsalô e e latelang.
‘Meroba’ e nna ‘dikgomo’ ka motsi wa tsalô ya ntlha; morago ga fao, dingwaga tsa dikgomo di supiwa ka palô ya ntshô-mašwi go latela ditsamaiso tsa morago tsa tsalô. Sekai, ntshô-mašwi ya ntlha morago ga go tsala lwantlha, ntshô-mašwi ya bobedi morago ga go tsala lwabobedi. Nako dingwe dikgomo di tlhaloswa gape jaaka ‘ditsadi tsa ntlha’ kgotsa ‘ditsadi tsa bobedi’.
Go botoka go reka dikgomo kgotsa meroba gotswa go polase e e itlhomileng kgotsa ya kgwebisano. Gantsi balemirui bano ba kgatlhegela go aroganya kitso ya bona ka ga thuo ya dikgomo tsa mašwi le balemirui ba baša. Seno se ka nna mosola fa tlhagiso e sena go simolola. Ka fa go le lengwe, go reka meroba e e dusang pele, go neela balemirui ba baša tshono ya go tlwaela go fepa le go laola diphologolo ka tsatsi le tsatsi pele ga tsamaiso ya nnete ya tlhagiso ya mašwi e ka simolola.
Dikgomo tsa mašwi di ka rekwa gape kwa dikgaisanelong-tlhwatlhwa. Go tsenela dikgaisanelo-tlhwatlhwa pele ga nako go neelana ka tshupo ya ditlhwatlhwa tsa thekiso le boleng jwa diphologolo tse di rekiswang. Gantsi ngaka ya diphologolo kwa kgaisanelong-tlhwatlhwa e tlile go rebola setlankana tsa boitekanelo go diphologolo tsotlhe tse di rekiswang mme morekisi o tlile go supa matsapa mangwe le mangwe ka phologolo e e rileng. Fa o na le pelaelo ka itekanelo ya phologolo, o seke wa e reka.
Ke Eng Boleng jwa Semadi jwa Kgomo ya Mašwi?
Boleng jwa bosemadi jwa dikgomo bo sweetswa ke ditona tse di dirisitsweng mo motlhapeng wa tsa mašwi. Seno se raya gore boleng jwa kgomo bo sweetswa ke batsadi ba yona. Go itse tshedimosetso ka ga bomadi jwa kgomo go tlile go go thusa go tlhopha kgomo e e gaisang go ka rekwa. Nopola palo ya dikgomo e e fetang palo e e tlhokwang ya motlhape o moša gore o nne le tlhopho e e botoka. Tiragatso ya kgomo mo tlhagisong e rotloetswa ke batsadi ba yona (bomadi) mmogo le phepô, marobalo le taolô. Direkoto tsa tlhagiso tsa dikgomo tse di tlhophilweng di tshwanetse go nna teng. Botsa ka ga tshidimosetso ya tshika mmogo le direkoto tsa tlhagiso tsa mmaago phologolo le boleng jwa semadi jwa rraayona.
Go tlile go nna botlhale go reka gotswa go molemiruing wa dikgomo tsa mašwi yo eleng karolo ya sekema sa bosetšhaba sa dikgatiso tsa mašwi. Thulaganyo enô e tlamela ka tshedimosetso ya bosemadi le ya tlhagiso ya dikgomo le meroba yotlhe mo motlhapeng wa tsa mašwi. Ka fa tlase ga sekema seno, disampole tsa mašwi tsa kgomo nngwe le nngwe di a kokoanngwa le go sekasekelwa mafura, protein, lactose, somatic cell count (SCC) le milk urea nitrogen (MUN) ke laborathori ya bogareng.
Palogotlhe ya dintshô-mašwi (di-litre tsa mašwi a a tlhagisitsweng) e a balwa mo pakeng ya malatsi ale 305. SCC e neelana ka tshupo ya kgotelô le kgotelô ya mastitis e e ka runyang mo dithobeng kgotso mo theleng.
Dimelo tsa tsadisiso le nolofatsolô-tsalô (gore namane e tsalwa bonolo jang) tsa dikgomo le dipoo di sekasekwa ka direkoto tsa kgwedisô le dikitso tsa tsalô.
Ga go rotloetswe gore go rekwe dikgomo tse go senang tshedimosetso ka ga tsona.
Translated by
Nchema Rapoo