Temo-Silika

©Marinda Louw

Tlhagiso ya silika e simologile kwa China. Kinane ke gore Kgosigadi Hsi Ling Shi, mohumagadi wa ga Kgositona Huang Ti, yo a neng a itsagale gape jaaka Kgositona e e Serolwana, o lemogile silika morago ga gore mokone wa sebokosei o wele mo komiking ya gagwe ya teye. Kgosigadi o ne a kgatlhwa ke silika mme o tlotlomaletswa go gaefatsa sebokosei le go tlhama sethathetsa-tlhale le selogelwa. 

China e ne e tshwere khupamarama ka tsela e silika e neng e tlhagisiwa ka teng sebaka se se ka dirang dingwagakete di le tharo, mme mongwe le mongwe yo a neng a leka go ntsha mae, mokone kgotsa dibokosei ka bokhukhuntshwane mo nageng o ne a bolawa. Bagwebi gape ba ne ba tshwanela ke go bolola mo tseleng e e kotsi ya Silk Route, e e neng e taologa go feta 6 500km miles gotswa Botlhaba jwa China goya Mediterranean go ralala ka sekaka sa Takla Makan le motseletsele wa thaba ya Pamir go reka silika, mme bontsi bo ne bo tsamaya fela dikarolo tse di rileng tsa loeto.  

Dikakanyo tse di farologaneng di teng ka ga gore sephiri sa silika se tswile jang. Nngwe ke gore kgosatsana ya kwa China e ntshitse mae ka bokhukhuntshwane a dirisa moriri-itirelo fa a ne a nyalwa ke kgosana gotswa kwa nageng e nngwe. E nngwe, ke gore bayamajakô ba China ba ntshitse mae ka bokhukhuntshwane fa ba ne baya kwa dinageng tse dingwe tsa Botlhaba. 

Dinaga tsa Bophirima di tseneletse fa e ka nna 550 C.E fa kgositona ya Byzantine eleng Justinian a ne a romela baitlami ba le babedi kwa Asia bogare, ba ba neng ba ntsha mae ka bokhukhuntshwane ka matlhaka.

Tlhagiso Boditšhabatšhaba

China e santse e na le bodirelo jwa temo-silika jo bogolo go gaisa, e salwa morago ke India. Dielo tse di potlana di tlhagisiwa gape kwa dinageng tse di jaaka Korea, Thailand le Brazil.

Tlhagiso Selegae

Fa e sale ka bo-1600, mefuta e e farologaneng ya setlhare sa memurubele e tlisitswe mo Afrika Borwa gotswa Thailand, Taiwan Le Indonesia. Ka 1726, dibokwanasei di ne tsa tliswa mo nageng ke Dutch East India Company. 

Silika e ne jaanong ya tlhagisiwa ke makgoba mme moragonyana, maiteko a ne a dirwa go tlhoma porojeke ya temo-silika ya makgoba e e sa duelelweng gaufi le Stellenbosch. 

Mo botharing jwa ngwagakgolo wa bo-19, baitseanape ba temo-silika gotswa Italy ba ne ba tla mo Afrika Borwa malebana le go simolola bodirelo jwa silika kwa Gouna, e e ipharileng gaufi le Knysna kwa Kapa Bophirima. Bathibeledi bano ba ne ba dumela gore ba tlile go thankgolola temo ya bona ka gangwe, fela, go ne go sena ditlhare tsa mmurubele kwa Gouna, mme seno se ne se raya gore bathibeledi ba ne ba tshwanelwa ke go dira temothuo le go sega dikgong gore ba itshedise. Ditlhare tsa mmurubele tse di neng kwa bofelong tsa jalwa di ne tsa senyaga ka ntata ya maemô a kgolo a a sa kgatlhiseng. 

Ka dingwaga tsa bo-1980, Lefapha la Temothuo le ne la simolola porojeke ya temo-silika kwa Mpumalanga. Ditekeletso di le di ntsi di ne tsa dirwa go leka mefuta ya setlhare sa mmurubele e e farologaneng le mekgwa-tiriso ya tlhagiso. Ka 1994, porojeke ya mmurubele e ne ya tsewa ke lephata la poraefete morago ga gore puso e emise go neelana ka matlole ka ntlha ya ditlhwatlhwa-tshenyegelo tse di kwa godimo le dipoelo tse di kwa tlase.

Tlhagiso

Nngwe ya dipolase tsa temo-silika tsa bofelo tse di setseng mo Afrika Borwa e kwa Mpumalanga gaufi le Graskop. Polase eno e ne e na le mo go ka dirang 6-ha ya ditlhare tsa mmurubele ka 2019. Ditlhare di keriwa dibeke dingwe le dingwe di le 6 goya go 8 go nna ditlhatshana ele go tlhofofatsa taolô ya tlhagiso. Ditlhare di sagelwa fatshe ka mariga mme di tlhogiswe sešwa ka dikgakologo. Ga go na ditlhare tse di ntšhwa tse di jadilweng mo polaseng fa e sale ka 1994 ka ntata ya seemô sa botseneledi sa ditlhare.

Setlha sa Tlhagiso

Fa dibokwanasei tse di ruiwang ke bana ba sekolo di na le go fitlha tiko-kgolo di le pedi, Africa Silk e dirisa matlhajana a tlhagiso gore e nne le tlamelo e e tsweletseng ya silika go ralala ngwaga. Goya ka Ronel Swart, mong wa setlamo, mae a rurufatswa go a letla go tlhagisa dithuthugo beke nngwe le nngwe ya bobedi. 

Diboko tsa sebokwanasei tse di sa tswang go thuthuga di bona fela matlhare a maša ka gore matlhaa a tsona ga ise a gole ka botlalo, mme seno se dira gore go nne thata go iphepa ka matlhare a bogologolo. Diboko di fepiwa go fitlha makgetho ale matlhano ka letsatsi, goya ka legato la tsona la kgolo. Diboko gantsi di simolola go dikolosa makone a tsona mo sebakeng se se ka dirang malatsi ale someamararo morago ga thuthugo. 

Go tsaya seelo sa sefepi se se ka dirang kilograma go godisa dibokwanasei di le 50, mme sebokwanasei se le esi se tlhagisa fela mo go ka dirang 0.2 kg ya silika. Seno se raya gore go tlhokega makone a a ka nnang 4761 go tlhagisa kilograma ya silika.

Mefuta

Silika e tlhagiswa ke Bombyx mori, se eleng sebokwanasei gotswa lolapeng lwa Bombycidae. Ditshenekegi tse dingwe le tsona di tlhagisa silika, tse di jaaka seboko sa Mopani mo Afrika, fela kutlotshwaro ya silika seno e farologane gotswa go e e tlhagiswang ke sebokwanasei. Bontsi jwa silika eno bo kotulwa gape kwa nageng.

Dithekiso

Africa Silk e rekisa silika e e phetotsweng ya bona fa gae le boditšhabatšhaba, segolo-thata go baYuropa.

Ditiriso

Silika e na le bokete jo bo kwa tlase, mme seno se e dira gore e siamele diaparo tse di botlhofo le tse di phuthulogileng. E na le bokganedi jo bo matsetseleko, ka go go tshola o thuthafetse ka mariga mme o rurufetse ka selemo, mme ke tlhale ya tlhagô e e tiileng go gaisa e e leng teng, mme ke ka fao e dirisetswang go dira ditlhagiswa tse di jaaka dipharatšhute le mathaere a baesekele.

Difilamente tsa silika di na le bolwantsatwatsi mme di diriswa ka go anama mo lephateng la tsa melemo go itirela arterial le dirwe tse dingwe tsa maitirelo le go alafa dintho le go fiswa ke molelo.

Translated by Nchema Rapoo