Memurubele

©Glenneis Kriel

Mmurubele go akanngwa fa e tlholegile kwa China, Japan le kwa Himalayan Foothills. Ditlhare ka bogolo di golaganngwa le temo-silika (tlhagiso ya silika), mme China fa e sale e dikolosa silika gotswa mo makoneng goya kwa bomoragong jwa dingwaga di le 4 500 tse di fetileng. Buisa go le gontsi ka temo-silika fa.  

Ditlhare tsa mmurubele gape ke kgale di ntse di ratiwa ka ntata ya leungo le le matute la tsona le boalafi ba tsona. Kwa Asia, balemi fa e sale ba dirisa matlhare a tsona jaaka sefepi sa diphologolo, mokgwa-tiriso o o anametseng kwa Afrika, Latin Amerika le Amerika Bogare le Caribbean fa e sale ka bothari jwa bo-1980.

Logong lo dirisetswa go dira fenetšhara, ditlatlana tse di logilweng le didiriswa tsa metshameko tota kwa dinageng tse di jaaka India ka lekwati la mefuta mengwe. Mefuta mengwe e ka diriswa gape go dira pampiri. 

Tlhagiso Boditšhabatšhaba

China e na le kgaolo e kgolo go gaisa e e ka fa tlase ga tlhagiso ya mmurubele, e selwe morago ke India. Dielô tse di potlana di tlhagisiwa gape kwa dinageng di etsa Thailand le Brazil.

Tlhagiso Selegae

©Glenneis Kriel

Mefuta e e farologaneng e tlisitswe mo Afrika Borwa gotswa Indonesia, Thailand le Taiwan fa e sale ka dingwaga tsa bo-1600. Maiteko a go simolola bodirelo jwa silika a simolotse ka 1726 fa Dutch East India Company e tlisa dibokwanasei mo nageng. Kwa ntlheng, silika e ne e tlhagisiwa ke makgoba mme go ne ebile go na le maiteko a go tlhoma porojeke ya temo-silika ya makgoba e e sa duelelweng gaufi le Stellenbosch. 

Ka 1881 setlhopha sa baitseanape ba temo-silika ba ba ka nnang someamararo gotswa Italy ba ne ba tla mo Afrika Borwa malebana le go simolola bodirelo jwa silika kwa Gouna, e e ipharileng gaufi le Knysna kwa Kapa Bophirima. Bathibeledi bano ba ne ba dumela gore ba tlile go thankgolola temo ya bona ka gangwe, fela, go ne go sena ditlhare tsa mmurubele kwa Gouna, mme seno se ne se raya gore bathibeledi ba ne ba tshwanelwa ke go dira temothuo le go sega dikgong gore ba itshedise. Ditlhare tsa mmurubele tse di neng kwa bofelong tsa jalwa di ne tsa senyaga ka ntata ya maemô a kgolo a a sa kgatlhiseng. 

Sešweng ka dingwaga tsa bo-1980, Lefapha la Temothuo le ne la simolola porojeke ya temo-silika kwa Mpumalanga. Ditekeletso di le di ntsi di ne tsa dirwa go leka mefuta ya setlhare sa mmurubele e e farologaneng le mekgwa-tiriso ya tlhagiso. Ka 1994, porojeke ya mmurubele e ne ya tsewa ke lephata la poraefete morago ga gore puso e emise go neelana ka matlole ka ntlha ya ditlhwatlhwa-tshenyegelo tse di kwa godimo le dipoelo tse di kwa tlase. 

Moporofesara Kas Holtzhuasen, yo a thankgolotseng gaefatso le tokafatso ya setlhare sa Morula, o lejwa gape jaaka mongwe wa bathankgolodi ba porojeke eno. 

Tlhagiso

Memurubele e gola bontle mo dikgaolong tse go senang diphetophetogo tse di kgolo tsa themphoritšhara mo go tsona. E tlhoka gape metsi a mantsi, ka jalo e siame tota fa e jalwa mo dikgaolong tsa tshologo-pula e e kwa godimo. 

Mmurubele o mosweu o tsenelela botlhaswa mme ga o sa tlhole o jalwa ntle le lekwalotetla. Tlhagiso ya mmurubele gape e tlhoka bodiredi jo bo tseneletseng thata ka ge meretlwa yotlhe e tshwanelwa ke go kgetlwa ka nako e e maleba. Tlhagiso sentle sentle ga e sale teng, mme bontsi jwa ditlhagiswa tse di bonwang kwa mabenkeleng di lerwe gotswa kwa dinageng-ntle kgotsa di tswa kwa ditlhareng di le mmalwa tse di ka tswang di santse di falola kwa dipolaseng tsa fa gae. 

Nngwe ya dipolase tsa temo-silika tsa bofelo tse di santseng di le teng mo nageng e kwa Limpopo gaufi le Hoedspruit. Polase eno e ne e na le mo go ka dirang 6-ha ka fa tlase ga tlhagiso ka 2019, fela ditlhare tseno tsotlhe di a keriwa go nna ditlhatshana, jaaka mo pineng “Here We Go Round The Mulberry Bush” go tlhofofatsa taolô le kotulo. Ditlhare ka jalo di tlhagisa fela dielo tse di potlana tsa leungo le le nnye. Matlhare ga a diriswe fela jaaka sefepi sa dibokwanasei, mme fela le go fepa dikolobe. 

Jaaka go kailwe ke mong wa Africa Silk, Ronel Swart, ga gona ditlhare tse di ntšhwa tse di jadilweng fa e sale polase e tlhongwa ka 1994 ka ntata ya seemô sa botseneledi sa ditlhare.

Setlha sa Tlhagiso

©Glenneis Kriel

Memurubele ke maungo a selemo, mme leungo le butswa go simolola thari ka dikgakologo.

Mefuta

Motseletsele wa mefuta o teng. Mefuta megolo e e tlhagisiwang kwa Africa Silk ke Noi le Thai Sang, e e tserweng gotswa kwa Thailand fela e mela gape le kwa Taiwan. Bontle jwa mefuta eno ke gore ga e tlhagise dithunya le meretlwa ka bontsi, ka jalo ga e na matshosetsi go dimela tsa selegae. 

Ba tlhagisa gape mofuta wa Waterkloof, o o ka diriswang go tlhagisa meretlwa, fela e tlhagisa fela maungo a mannye ka ntlha ya gore ditlhare di a keriwa go nonotsha tlhagiso ya letlhare mme eseng ya moretlwa.

Dithekiso

©Glenneis Kriel

Memurubele ele mmalwa e rekiswa mo Afrika Borwa, mme bontsi jwa e e leng teng e tliswa gotswa dinageng-ntle kgotsa e kotulwa gotswa mo ditlhareng tse di sa lengweng semmuso. 

Ditiriso

Memurubele ke dijo tse di maatla, tse di humileng ka di-vitamin, diminerale, fibre, dilwantsha-kgotelo le di-antioxidant. 

E ka itumelelwa ele foreshe, ya diriswa mo ditlhagisweng tse di beikhilweng, e ka gatsetswa kgotsa ya phetolwa go ka diriswa mo dessert, dinomatuteng, diteyeng, yoghurt le jeme. Protein ya silika e diriswa gape mo madirelong a melemo, a dirwe tsa mmele tsa maitirelo le a ditlotsa-letlalo. 

Translated by Nchema Rapoo