Tebelelo-Bolwetse mo Bolemiruing jwa Tlhapi ya Metsi a a Foreshe

© Dr David Crosby, VSU
Seêmô sa itekanelo sa tlhapi se rotloetswa ke mabaka ale mararo: tlhapi (serwadi), pathogen (sebaka-bolwetse) le tikologo (metsi).
Le fa go runya ga malwetse go sa tlwaelega mo dithulaganyong tsa bolemirui jwa tlhapi ya metsi a a foreshe (temôwatle), pathogens tse di ka bakang go bobola le malwetse di phela di le teng mo tikologong ya metsi. Balemirui ba tshwanetse go tshola seêmô sa itekanelo se se siameng mo tlhaping ya bona ka go netefatsa boleng jwa metsi jo bo siameng (tikologo) le go lekola ka metlha go nna teng ga ditlhapi tse di suleng.
Se se botlhokwa thata, taolô-itekanelo e e siameng e simolola ka go reka ditlhapi tse di itekanetseng gotswa go batlamedi ba ba kwadisitsweng.

Dibaki tsa Mathata a Itekanelo mo Bolemiruing jwa Tlhapi

Mo dithulaganyong tsa bolemirui jwa metsi a a foreshe, go na le mabaka ale mmalwa a gore ke goreng mathata a itekanelo ya ditlhapi le malwetse di tlholega. Seno se ka akaretsa malwetse a a tshelanang (a a bakilweng ke metlhampepe le bacteria), seabe sa tikologo (boleng jwa metsi jo bo kwa tlase), mekgwa-tiriso e e bokoa ya taolô le tiragalo nngwe le nngwe e e ka bakang kgatelelô. Kgatô nngwe le nngwe e e kgonagalang e tshwanelwa ke go tsewa go lekanyetsa kgatelelô mo ditlhaping. Tlhokomelo e tshwanelwa ke go tsewa mo tsamaisong le mo motsamaong wa ditlhapi, go tshwarwa le go tlhaolwa ga mmogo le mo phepông le kotulong ya tlhapi.

Tsela ya go Lebelela Malwetse mo Tlhaping

Tebelelo ya itekanelo le botsogô jwa ditlhapi ke tiro ya bolaodi ya ka metlha. Tlhatlhobo le tebelelo ka leitlho di tshwanetse go dirwa tsatsi le tsatsi fa ditlhapi di fepiwa. Tshekatsheko e e atologileng ya itekanelo e tshwanelwa ke go dirwa kgwedi le kgwedi, mme patlisiso e e tseneletseng e tshwanelwa ke go dirwa ka gangwe fa bolwetse bo lemogwa.
Tebelelo-bolwetse e akaretse tse di latelang:
Tsibogelo phepô: A ditlhapi di ja go le gonnye?
Boitshwaro: Boitshwaro bongwe le bongwe jo bo sa tlwaelegang bo tshwanelwa ke go elwatlhoko.
Motsamao wa thumo: A ditlhapi di eme fela mo metsing?
Tebegô: Lebelela mmala wa letlalo, phopholego le matshwao mangwe le mangwe a a bonalang kgotsa diso.
Tikologo ya metsi: Dira ditekô tsa ponagalo ya metsi, oxygen, themphoritšhara, pH le dielô tsa ammonia.

Botlhokwa jwa Tebelelo-Bolwetse mo Temôwatleng?

Thibelo e phala kalafo. Tebelelo ya ka metlha e tla thusa go supa mathata a bolwetse jwa tlhapi ka bonako jo a tlholegang ka jona, fa go tshola boleng jwa metsi jo bo siameng (tikologo e e eletsegang) go le botlhokwa go itekanelo e e siameng. Ke botlhale jwa madi go thibela malwetse go ka runya go na le gore o leke go alafa bothata. Santlha, dikalafi gantsi di tlhwatlhwa-godimo (motseletsele o o lekanyeditsweng wa ditlhagiswa tse di dirisetswang tlhapi). Sabobedi, kalafo ya bolwetse gape e senya nako mme e ka diegisa thekiso ya ditlhapi ka ntlha ya dipaka-tlogelo tse di pateletshegang. (Paka-tlogelo ke nako e molemô o e tsayang go ka nyelela mo mmeleng go netefatsa fa nama e bolokesegile go ka jewa ke batho).

Matshwao a Bolwetse mo Tlhaping

©Dr David Crosby, VSU
Ditlhapi tse di lwalang ga di gole sentle mme di tlile go bontsha phetolo-phepô e e bokoa. (Phetolo-phepô e e bokoa ke fa sefepi se se ntsi se tlhokwa gore tlhapi e oketse bokete jwa mmele).

Lebelela matshwao a a tlwaelegileng ano a itekanelo e e bokoa kgotsa bolwetse:
Tatlhegelô ya keletso-dijo.
Ditlhapi di boitsapo, di thumela ka bonya kgotsa di ema fela mo metsing.
Boitshwaro jo bo sa tlwaelegang jaaka ikgotlho kgotsa go tlolaka. (Ikgotlho ke fa tlhapi e iphorogotlha kgatlhanong le boalô go ikentsha metlhampepe).
Phetogo mo tebegông – mmala o a nyelela, tlhapi e a ntshofala, marere a a feteletseng.
Matshwao a a bonagalang bonolo mo mmeleng kgotsa diphukeng, tshenyego, diso kgotsa go bôla ga diphuka.
Koketsego ya dintshu (ditlhapi tse di suleng di fitlhelwa kgapetsa kgapetsa).

Go Thibela Malwetse a Ditlhapi

Boleng jwa metsi jo bo siameng mo temôwatleng bo botlhokwa go itekanelo ya tlhapi e e siameng. Metsi a a phepa a a itekanetseng a tlile go tshegetsa tsibogô e e siameng ya masole a mmele mo tlhaping mo lobakeng lo bolwetse bo ka runyang.
Boleng jwa metsi jo bo siameng bo akaretsa dielô tsa themphoritšhara tsa magareng ga 8 le 20°C, pH e e tsamaelang mo bogareng (pH 5 goya go 8), dielô tse di kwa tlase tsa ammonia (tse di kwa tlase ga 1 mg/litre) le dielô tse di kwa godimo tsa oxygen (tse di kwa godimo ga 7 mg/L).

Translated by Nchema Rapoo