Taolô-Jalo ya Garlic

© Louise Brodie

Tikoloso ya Sejalo

Go botlhale go tsenya tirisong tikoloso ya sejalo ka ge seno se lekanyetsa kagegô ya disenyi. Brassicas (sekai, dikhabetšhe le mustard) kgotsa ditamati, di dira sentle, fela efoga go jala di-allium le dijalo tse dingwe tsa segwere tse di ka angwang ke disenyi kgotsa malwetse a a tshwanang le a a amang garlic. Fa tikoloso e sa kgonege, phepafatso ka khemikhake le tshireletso ya dijalo e e gagametseng di tshwanetse go ka tsenngwa tirisong.

Thôbô (di-tonne mo hekethareng)

E e lekaneng: 8 tonnes
E e magareng: 10 tonnes
E e siameng: 15 tonnes

Kotulo

Kotulo ya garlic gantsi ke dikgwedi di le tlhano goya go di le thataro morago ga jalô. Jaaka nako ya kotulo e atumela, matlhare a tla simolola go lepêlêla le go nna borokwa go tloga mo dintlhaneng mme a simolole go swaba. Fa diphesente di ka nna 50 tsa matlhare a swabile, garlic e ka kotulwa.
Kotulo e ka dirwa ka seatla kgotsa ka motšhine wa kotulo. Segwere sa garlic se tshwanetse go ka repiswa pele gotswa mmung. Mo lobakeng lwa tiriso-seatla, foroko e a diriswa go repisa mmu go dikaganyetsa segwere, mme segwere se gogwa ka kgololosego ntle le go kgaola kalana, ka ge go e kgaola go tlile go fokotsa botshelo jwa yona jwa pele ga tiriso le go senola segwere sa garlic mo malwetseng le go etegetsa gotswa metsi ga sona. Metšhine ya kotulo e diragatsa ka go tshwana fela ka bonako. Fa e sena go kotulwa garlic e tshwanetse go alafiwa ka go e beya mo ditshoding tse di nang le pulelomowa e e siameng kgotsa ka go anega dingatana mo mafelong a a fodileng a a nang le pulelomowa e e siameng. Morago ga malatsi ale mmalwa matlhare le medi di a fokotswa gotswa mo segwereng, mme garlic e romelwa kwa tshwaông-boleng le bobolokelong.

Poloko

Garlic e ka bolokwa sebaka se se fitlhang dikgwedi di le thataro mo phaposing e e botsididi jwa 0°C le bongôla jwa 60%. Ditshodi tse garlic e boloketsweng mo go tsona di tshwanetse go letla mowa go ka tsamaya ka kgololosego mo setlhagisweng se se bolokilweng.

Disenyi

Thrips, Nematodes, Cutworms, Pink stalk borer.

Malwetse

Downy mildew, Brown Rust, Fusarium rot, Penicillium mould, Pink Root rot le Leaf Blight.

Translated by Nchema Rapoo