Taolô-Jalô ya Brinjal

© Louise Brodie

Tikoloso ya Sejalo

Brinjal e tshwanetse go ka dikoloswa le dijalo dingwe le dingwe tse eseng di-solanaceous (lolapa lwa dijalo tse eseng tsa moriti wa bosigo) go samagana le kagegô ya disenyi le malwetse.

Thôbô (di-tonne mo hekethareng)

E e lekanetseng: 12 tonnes
E e magareng: 20 tonnes
E e siameng: 30 tonnes +
Balemi ba ba segang dijalo morago ga thôbô ya go sale gale mo dikgaolong tse di itemogelang bosa jo bo bothitho go tsenelela ka letlhabula ba ka bona sejalo sa bobedi mo ngwageng, mme seno se ka kgarameletsa ntshô-kungô go di-tonne tse di fetang 40 mo hekethareng.

Kotulo

Kotulo e simolola gotswa mo dibekeng di le 10 morago ga jalô mme e ka tswelela dikgwedikgwedi. Leungo le kotulwa ka dithipa kgotsa dikere. Fa mmala wa leungo o tsepame mme letlapi le simolola go phatsima, ke nako ya go simolola go le kotula. Go kgetlha ka tswelelô-pelê go rotloetsa leungo go tlhoga mo dithunyeng tsa morago mme maungo a a sa butswang a butswetsa ka bonako. Maungo a ka tlhatswetswa mo dijaneng tsa go tlhatswetsa, a omisetswe mo mabantengphetisi mme a pakelwe mo dikhereiting go ka rekiswa. Tlhokomelo e tshwanetse go ka dirwa gore letlapi le se senngwe ka ge seo se ka rotloetsa go bola ga morago ga kotulo.

Poloko

Brinjal e tshwanetse go bolokwa ka bontsi malatsi ale 14 mo themphoritšhareng ya 10°C, mo bongôleng jwa bo kwa godingwana.
Brinjal e senyega ka pele ka jalo e tshwanetse go ka rekiswa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga kotulo.

Disenyi le Malwetse

Disenyi tse kgolo: Root-knot Nematodes, Red spider mite, Cutworm, American bollworm, Tip-wilters, leaf-eating beetles, and Aphids.
Malwetse a magolo: Bacterial wilt, Verticillium wilt, Powdery mildew, Anthracnose and other fungal leafspot diseases, Tobaco Ring Spot Virus and Botrytis.
Mo taolông ya malwetse le disenyi maele ke gore o golagane le motlamedi wa gago wa dikhemikhale le motlhankedi wa boitseanape go bona thulaganyo e e maleba ya tshireletso kgatlhanong le disenyi le malwetse.

Translated by Nchema Rapoo