Jalô ya Brinjal

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô etswa mo peong.

Mokgwa wa Jalô

Jalô ya Brinjal nako dingwe e dirwa ka go jala peo ka tlhamalalô mo mmung, fela batlhagisi ba le ba ntsi ba jalelela matlhogela a a jadilweng mo makiding fa ale boleele jo bo ka nnang 10 goya go 15 centimetres. Jalô e dirwa ka seatla mmogo le ka metšhine e e jalang. Mo mebung ya motlhaba e e ntshitsweng metsi sentle, jalô ya brinjal e dirwa ka tlhamalalô mo mmung, mme mo dikgaolong tse ntshô ya metsi eleng bothata teng, balemi ba jala mo mealông ya mmu e e kukegileng.
Go lwantsha mofero, go tshola metsi mo mmung le go dira tikologo ya mmu e e bothitho, balemi ba dirisa kobelo ya polasetiki e ntsho.

Katoganô

Dijalo tsa brinjal gantsi di katogantshwa ka 50 centimetres mo meleng e e katoganeng ka 75 centimetres. Go tlolatlodiswa gape mela go dira ditselana gore didiriswa le badiri ba kgone go tsamaya mo magareng a mela. Ke dijalo tse di ka nnang 250 000 mo hekethareng.

Nako ya Jalô

Dipeo tsa brinjal di jalwa mo magareng a bofelo jwa Phatwe jaaka dithemphoritšhara di simolola go tlhatlhoga le Diphalane. Dipeo di ka jalwa mo dikagông tse di sireditsweng tsa dijalo go simolola ka Phukwi, gore matlhogela a direge go ka jalelelwa mo bofelong jwa Phatwe.

Nako ya Jalelelô

Jala matlhogela a brinjal go simolola ka Phatwe go fitlha ka Sedimonthole. Jalô tsa morago di ka dirwa mo dikgaolong tse di bothitho tse di sa itemogeleng botsitsidi jwa go sale gale jwa Letlhabula.

Paka ya Kgolô

Brinjal e ka rojwa ka bogaufi jwa dibeke di le lesome morago ga jalô mo maêmông a bosa a a kgatlhisang, kwa dithemphoritšhara tsa mmu di ntseng di kgatlhisa teng. Kotulo ya ka metlha e e tsweletseng e tswelelapele go tloga mo bekeng ya bo-12 mme e ka tswelela go fitlha ka beke ya bo-20 morago ga jalô. Balemi bangwe ba ba itemogelang mariga thari kgotsa ba ba kwa mafelonh a a mogote a le dipula ba ka kera dijalo morago ga seno mme ba bone sejalo sa bobedi ka Letlhabula.

Kumiso

Fa o jala dipapetlatsheko tsa matlhogela, lemelela magareng a 500 le 1000 kilograms ya 2:3:4 (30) (motswako wa Nitrogen, Phosphates le Potassium) mo hekethareng mo mmung o o fa godimo ka 20 centimetres pele o ka jala. Selekanyô sa nnete se tlile goya ka dipholô disampole tsa mmu wa gago. Dibeke di ka nna tlhano goya go thataro morago ga jalô, tsentsho ya tlaleletsô ya nitrogen ka sebopego sa LAN e e ka nnang 250 goya go 400 e tshwanetse go ka dirwa. Seno se tla fitlhisa sejalo le tshimo ya gago kwa kotulong. Tsentsho eno ya bobedi e ka kgaoganngwa ka bobedi, ka beke ya botlhano le ya borobedi morago ga jalô.
Fa monontsha wa seeledi o diriswa, selo se eleng mokgwa-tirisô wa setlwaedi wa mela ya marothodi ka fa tlase ga kobelo ya polasetiki, tsentsho eno e dirwa ka seelo sa magareng a kilogram di ke nne le di le tlhano tsa nitrogen ka beke mo metsing. Go botlhale go bona maele ka ga ditlhokegô tsa nnete tsa tshimo ya gago gotswa kwa motlhankeding wa selegae wa boitseanape.

Nosetsô

Go phela go le matshwanedi go nna le dilemosi tsa metsi mo mmung go ralala karolo e e jadilweng, go elatlhoko seelo sa kgatelelô ya metsi mo mmung ka metlha. Setlhatlhobi sa mmu le sona se ka diriswa go lekola seelo sa metsi mo mmung. Kgatelelô ka motsi wa thunyô le go tlhoga ga leungo e kotsi go kgolô ya sejalo.
Seelo se se siameng sa nosetsô ke magareng ga 20 le 35 mm ya metsi ka beke. Ka motsi wa bosa jo bo bothitho thata le bongôla jo bo kwa tlase, nosetsô e ka nna go feta 40 mm ka beke.
Kgatelelô ya metsi mo mmung o o bogodimo jwa 50 cm, mo bontsi jwa medi e e hupang metsi le dikotla e leng fa teng, e tshwanetse go ka efogwa.

Translated by Nchema Rapoo