Sida !hub Communal Property Association

© Roger de la Harpe

Morafe wa Richtersveld

Kwa Richtersveld, Sida !hub Communal Property Association (CPA) e tlhamilwe go dira kopo ya pusetso-lefatshe mo lefatsheng la Alexcor, le le neng le atologile bogolo jwa 85 000 hectares go ikala le lobopo lwa Porr Nolloth le Alexander Bay. Kopo eno e tsentswe pele ga letlha le le beilweng la 31 Sedimonthole 1998, mme e ne ya reetswa ke Kgotlatshekelo ya Pusetso-Lefatshe ka 2000.
Bangongoregi mo kgetseng eno ba ne ba akaretsa merafe ya selegae le batsaya-karolo, eleng morafe wa Richtersveld, morafe wa Kuboes, morafe wa Sanddrift, morafe wa Lekkersing, morafe wa Eksteenfontein le maloko a bagolo ba morafe wa Richtersveld. Ka ntlha ya botlhwatlhwa jwa kopo, e ne ya ganetsa ka maatla ke Alexcor Limited le puso ya Afrika Borwa. Basekiswa (Alexcor le puso) ba latlhetse sengwe le sengwe se ba nang le sona mo bathong ba Richtersveld.
Go ne go umakiwa fa ese morafe wa boammaaruri; le gore ba ne ba sa dule ka ‘bomosola’ mo lefatsheng ka ntlha ya fa e ne ele batlhotlhomi; le gore ba kganeditswe lefatshe ka ntlha ya tshwaraganyo-fatshe ya 1847 ya Namaqualand, e e welang kwa ntle ga letlha la bofelo le le supilweng la 1913. Le fa bontsi jwa matlhale ano a reteletswe ke go gapa tshegetso ya baatlhodi, katlholo ya 2001 e laotse gore kopo ya pusetso-lefatshe ga se yona. Seno ka bogolo e ne ele ka ntlha ya gore kgotlatshekelo e fitlhetse fa morafe o sa sutisiwa mo lefatsheng ka ntlha ya ‘melawana ya kgethololo ya bosemorafe’ efe kgotsa efe, ka ge balemirui ba basweu le badupi le bona ba sutisitswe ka tsamaiso e e tshwanang.

Mo Bomolemông jwa Morafe

Katlholo eno e ne ya direlwa boikuelo mme Kgotlatshekelo-Kgolo ya Bokuelo e ne ya busetsa morago tshweetso ya Kgotlatshekelo ya Mafatshe, ka go fitlhelela gore “tseelo-lefatshe ya bona e ne ele ka ntlha ya kgethololo ya bosemorafe ka gore e ne e ikaegile le go tsweletswa gotswa mo kakanyong e e reng ka ntlha ya fa ba tlhoka tlhabologo, batho ba Richtersveld ba ne ba sena ditshwanelo mo temeng ya lefatshe”. Legato la bobedi le ya go Richtersvelders.
Fela Alexcor le puso ba dira boikuelo go boikuelo mme ba isa kgetse kwa Kgotlatshekelo ya Molaotheo. Kgotlatshekelo ya Molaotheo le yona e atlhotse mo bomolemông jwa morafe mme lefatshe le ne kwa bofelong la abelwa batho ba Richtersveld ntle le malabe ka 2003. Dingwaga di le mmalwa tsa dipuisano di ne tsa latela go fitlha, ka Moranang 2007, fa tumalano e ne e fitlhelelwa magareng ga Alexcor le morafe wa Richtersveld.
Morago, dibeke fela pele tumalano yotlhe e ya kwa Kgotlatshekelo ya Pusetso-lefatshe gore e mametlelelwe la bofelo, setlhopha sa bagogela-thoko ba Richtersvelders se ne sa ipelaetsa kgatlhanong le konteraka e e setseng e beilwe monwana. Gatwe, go ne go na le melawanapotlana e e dipotsopotso, mme go ne go begwa fa morafe ka kakaretso o ne osa reriswa ka ga dintlha tsa tumalano.

Motlha o o Gaisang

Mo dibekeng di le mmalwa tse di tseisang manya, go ne go bonala ekete tsotlhe di tla tswa taolong. Fela dipuisano tsa metsotso ya bofelo di ne tsa rarabolola matsapa ka katlego, mme ka di-9 tsa Diphalane 2007, Moatlhodi Antonie Gildenhuys wa Kgotlatshekelo ya Pusetso-lefatshe o ne a netefatsa tumalano e e mametleletsweng. Ntwa ya tsa molao e tsere dingwaga di le 10 mme e jele puso go feta R50 million, fela batho ba Richtersveld ba fentse.
Ka di-1 tsa Sedimonthole 2007, Letona la Dithoto tsa Setšhaba Alec Erwin (eleng ene monna yo a neng a rwele maikarabelo a go gwetlha pusetso-lefatshe) le Letona la Merero ya Mafatshe Lulu Xingwana, ba ne ba rebola semmuso title deeds tsa lefatshe go baeteledipele ba Richtersveld.

Tharabololo ya Bofelo

Tharabololo ya bofelo, ya boleng jo bo fetang R440 million, e itlhoma go tlamela morafe ka katso go ditaemane tsotlhe tse di kileng tsa epiwa gotswa mo lefatsheng la bona. E leba gape kwa bokamosong ka go tlhoma sekema sa tlhabololo ya isago. Se se botlhokwa thata, gongwe, e amogela ditshwanelo tsa lefatshe tsa batho ba Richtersveld lekgetlo lantlha mo historing ya sešweng. Ka ga seno, ntwa ya tsa molao e ne e feta lebaka la madi. E ne ele ka ga go neela Richtersvelders maikutlo a maša a boipelo mo boitshupong jwa ngwao ya bona, mme seno se setse se isitse kwa ntšhwafatsong ya ditso tse di kileng tsa ikekelogwa.
Ka bokhutshwane, mabaka-magolo a tumalano ya Alexcor ke a a latelang: Mmuso o tlile go busetsa go feta 194 600 ha ya lefatshe, go akaretsa 80 000 ha e e botlhokwa ya lefatshe la taemane go ikala le lobopo ga mmogo le bontlha jwa lefatshe le le ungwileng go ikala Noka ya Orange, le ga jaana le tshegetsang dipolase tsa maungo a a botsarara, tsa oyster le tsa mantšhwe. E tlile gape go neela morafe ‘katso e e sa tlwaelegang’ ya R190 million ga mmogo le tuelo ya tlhabololo ya R50 million.
Mo godimo ga fao, Richtersvelders le Alexcor ba tlile go tshwaraganela kgwebo ya moepo, e mo go yona morafe o tlileng go tshwara morokotso wa 49%. Karolo eno ya tumalano ga e ntle jaaka e utlwala ka gonne Alexcor e ntse e latlhegelwa ke madi sebaka sa dingwaga di le mmalwa. Fela, tsepamo ya tharabololo e tlile go letlelela mmuso go ka beeletsa go fitlha go R200 billion mo lenaaneng le le tlhokagalang thata la kagosešwa ya sekema.

Diphetogo

Mme go na le go gongwe! Toropo e e leng ya Alexcor ya Alexander Bay e tlile go fetisetswa kwa morafeng, mme Alexcor e tlile go duela R45-million go letlelela badiri ba yona go ka dula fao dingwaga di le 10 tse di latelang. Mo godimo ga seo, ka ditebogo go maiteko a maloko ale a morafe a a neng a ‘gogela-thoko’, maitlamo otlhe a Alexcor ga jaana a sireleditswe ke mmuso, segolo thata mo lebakeng la go tsosolosa tikologo morago ga dingwagasome tsa go epiwa (selo se se ka jang di-million di le di ntsi tsa tlaleletso).
Ka jalo, ke dikgang tse di ntle ka kakaretso. Fela sentle sentle ke mang ‘morafe’ ono sentle sentle o o tlileng go kotula dipoelo tsotshe? Tshupothuo ya lefatshe e tshwanetse lantlha ya netefatsa goya ka ‘molawana wa Transformation of Certain Rural Areas wa 1998’. Ka fa tlase ga molawana ono, morafe o ka sweetsa fa ele gore thuofatshe ya lefatshe la maloba le le neng le ‘beetswe batho ba mmala’ e ka tsentshwa le Communal Property Association (CPA), ya neelwa masepala wa selegae, kgotsa ya kgaoganngwa le go rebololelwa beng ka bongwe.

Bokamoso jo bo Phatsimang

Ka 2002, merafe e e farologaneng mo Richtersveld ba tlhophilwe go fetisetsa thuofatshe ya lefatshe goya go CPA, e e tla ruang le go laola lefatshe mo boemong jwa batho. Sekema seno se ne se setse se tlhamilwe ngwaga wa go feta jaaka Sida !Hub CPA. Se akaretsa leloko lengwe le lengwe la bagolo ba ditoropo tsa Richtersveld di le nne tsa Eksteenfontein, Kuboes, Lekkersing le Sanddrif, mme maloko a bagolo ke batho ba dingwaga tse di fetang 18 ba ba dutseng mo nngwe le nngwe ya ditoropo tseno sebaka sa dingwaga di le tlhano kgotsa go feta. Maitlhomo a CPA a akaretsa ‘tokafatso ya dipopegotheo, tswelotsopele ya temôthuo, bojanala, le ditšhono tsa ekonomi go tshegetsa tlhamo ya ditiro, le maatlafatso ya bokgoni jwa maloko a komiti gore ba kgone go dira ditshweetso tse di matshwanedi mo boemong jwa morafe’.
Go fitlhelela tseno tsotlhe, CPA e theile ditlamo tsa kgwebo di le 4 go tsamaisa dikgatlhegelo ka bontsi tsa yona. Go na le setlamo sa temôthuo se se tlileng go tsweletsapele dipolase tse di ikadileng le Noka ya Orange. Setlamo sa tsosoloso ya tikologo se tlile go busetsa morago tshenyô e e dirilweng dingwagangwaga ke moepo. Setlamo se se tsholang dithoto se tlile go rwala maikarabelo a go hirisa matlo kwa Alexander Bay. Mme go na le setlamo sa moepo se se tlileng go laola karolwana ya morafe ya 49% e e mo go Alexcor.
Lotseno lo lo tswang mo ditlamong di le 4 tseno di tsenngwa go setlamo sa tsweletsapele le lotlole lwa trust ya morafe. Lephata lengwe le lengwe la CPA le na le bakaedi gotswa mo morafeng, ale mongwe gotswa mo toropong nngwe le nngwe, ga mmogo le bakaedi ba ba ikemetseng ba ba thapiwang ke CPA kgotsa trustees tsa yona. Richtersveld Community Conservancy le yona e tlhomilwe go lebana le ditiro tsa CPA tsa bojanala le tikologo. Ka jalo, bokamoso bo lebega bo phatsimela Richtersvelders.

Ditswelotsopele di le Mmalwa

Go na ditswelotsopele di le mmalwa tse di letileng kwa Richtersveld. Alexcor e e bokoa e tlile go ntšhwafatswa go saye kae, mme dipuisano di setse di tshwerwe le De Beers ga mmogo le Transhex go ka tshwaraganya le/kgotsa go tlhoma bodirelo jo bo tshwaraganetsweng jwa tshegô le phetolô ya taemane, jo bo tlileng go tlhama ditiro. Sida !Hub CPA e mo letsholong gape la diporojeke tse di ntšhwa tsa tsweletsopele. Tsona di akaretsa tokafatso ya popegotheo le ditirelo tsa setšhaba, dikadimo-madi go dikgwebo-potlana, le sekolo sa temôthuo.
Le tota, matsholo a bojanala a kwa godimo ka seêmô mo maitlhomong, mme Conservancy e mo tirong ya go tlhabolola mafelo a baeti, di-museum le mokoa wa didirwa tse di kgatlhisang tsa bojanala. Ka jalo, emelela mme o etele Richtersveld. Ga se fela maitemogelo a a namatsang a loeto, ke go nna le seabe mo tsalong-sešwa ya morafe o o kgalwang thata.

Translated by Nchema Rapoo