Setlôdi se se Humileng ka Oli ya Marula

Setlhare sa morula (Sclerocarya birrea) sa ditiriso di le di ntsi se phasaladitswe go ralala Afrika ka ntata ya dikhudugo mme se tlholega mo borwa jwa Afrika (Afrika Borwa, Botswana, Zimbabwe, Swaziland, Namibia, Angola), Afrika Bophirima (Niger, Gambia, Democratic Republic of Congo) mmogo le kwa Zambia, Sudan, Ethiopia, Kenya, Tanzania (go akaretsa Zanzibar) le Uganda. E isitswe kwa Mauritius, Reunion mme e jalwa kwa Israel, Australia le India.
Morula o tshaba segagane, o kgona go itshokela mebu e e bokoa mme o ithatela dikgaolo tse di omeletseng tse di bothitho tsa Afrika Borwa, ka go itshupa kwa Mpumalanga le go dikologa Phalaborwa kwa poforenseng ya Limpopo. Setlhare se ka ntsha go fitlha 3 tonnes1 ya leungo le le monkgo la bogolo jwa plum. Leungo le le boduleng le na le letlapi le le serolwana se se setlha, ka leungokobolwa le le sweu le le matute, le tatso e e itshupileng ya turpentine. Leungo, manôkô, lekwati, matlhare le kutu di a diriswa.
Setlhare sa morula se ka jalwa bonolo gotswa mo peong (e e inetsweng bosigo jotlhe mo metsing a a bothitho), fela gape le ka mesegô le ka mokgwa wa grafting. (Grafting ke fa letlhogela la karolo e e fa godimo ya sejalo le golaganngwa le medi ya sejalo se sengwe gore di gole mmogo.). Leungo le simolola go wela fatshe gotswa mo setlhareng ka Tlhakole le Mopitlwe, mme morago le butswetse fa fatshe (Mopitlwe go fitlha Moranang). Maungo a selwa fa fatshe, a tlhatswe ka seatla, a obolwe le go gamolwa matute.
Matute a leungo la morula a bediswa mme a diriswe mo dinong (dinomaphodi le bojalwa), mme a na le Vitamin C e e fetang ya matute a namune makgetlho ale mane - 100g ya leungo la morula e tla ka 194mg ya Vitamin C. Matlapi a ka dirisetswa go dira sesepa, sekgomaretsi kgotsa achar. Matlhare a morula a siametse go fepa leruo, lekwati le dirisetswa go dira sefetolammala se se borokwa mme logong lo dira dibetlwa tse di siameng.
Dikgeru (tse nako dingwe di beswang le go jewa) di tshola manôkô kgotsa dithapo tse di nang le oli e e ka dirang 65%, sengwe se se botlhokwa thata. Badira-bojalwa ba latlha bontsi jwa dikgeru kgotsa ba di tshuba jaaka leokwane, ka gonne go tšwatla dikgeru go ntsha manôkô go senya nako. Babonetetshi kwa Everpix ba dirile tsamaiso ya dikgatokgato ya tšwatlô ya dikgeru tsa morula go ntsha oli3 e e thata go bonwa ya morula.
Oli e humile ka diesiti tse di mafura tse di botlhokwa, mme popego ya yona e tshesane ya molecular e botlhokwa mo botswerereng jwa yona jaaka setlôtsa-letlalo le sesireletsa-letlalo, go e dira e e siametseng mefuta ka bontsi ya letlalo, segolo thata matlalo a a tsofalang le a a tlhaelang dikotla. Oli ya morula e na le Vitamin C le E tse di kwa godimo, mme e humile ka diesiti tse di mafura tse di loileng ka bontlhabongwe, tse di dirang oli go tsepama le go tsoga kgatlhanong le oxidation. Oli e e humileng e na le ‘boreledi’ jo bo gaisang, go e dira e e siametse tshidilo ya mmele.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo