SQLSTATE[HY000]: General error: 144 Table './aatc/tiger_page_view' is marked as crashed and last (automatic?) repair failedSetlhare sa Molaka: Semela sa Kalafi se se mo Kotsing

Setlhare sa Molaka: Semela sa Kalafi se se mo Kotsing

© Alice Notten of Kirstenbosch
Setlhare sa molaka se se mo kotsing sa borwa-botlhaba jwa Afrika, Warburgia salutarus, se mela mo Afrika Borwa, Swaziland, Mozambique le Zimbabwe. Leina ‘salutaris’ le raya gore kabelo-phôlô, go kaya ditiriso tsa kalafi tsa molaka. Mofuta o o tsalanang le sona, o o itsagaleng jaaka ‘Karambaki’, o ntse o diriswa ke bagwebi ba maArab le baagi ba kwa Afrika Botlhaba go tloga bogologolo tala. Molaka o bonwa ka sewelo kwa nageng mme o kwadisitswe jaaka setshedi se se mo kotsing sa Red Data Book.
Se kutulwa ka maatla ke dikgaka tsa setso ka ntlha ya lekwati la sona le le batlwang thata le le diriswang mo merianeng ya setso, go lekwa ka natla go rotloetsa jadisô ya setlhare seno. Se mela bonolo gotswa mo mesegông kgotsa mo dianya-moding mo mmung o o ntshitsweng metsi sentle o o humileng ka monontsha, mme se dira sejalo se se ntle sa tebego-tikologo.
Ke setlhare sa mafelo a a mogote a dipula, molaka o o mosesane wa setalafelaruri o gola boleele jwa 5-10m mme o baakanya nitrogen mo mmung fa matlhare a sona a dira kobelo e e humileng ka nitrogen. Malomo a mannye a a serolwana-tala a bopa meretlwa e e kgolokwe ya 30mm e e butswang go nna mmala o o phepôle. Matlhare, leungo le lekwati le le ka mo gare di na le tatso e e bogale ya pherefere, mme kotulo e kgoreletswa thata ke tumô ya leungo go dintsi tsa leungo le dikgabo. Ditlhare di golela ka bonya mme di ka kotulwa fela fa di le dingwaga tse di ka nnang 10, fela di tsaya dingwaga di le 20 go gola ka gotlhelele.
Lekwati le matlhare a molaka a na le ditswaki tse di farologaneng tse di nang le dimelô tsa tswantso-megare, tswantso-bouta (segolo thata kgatlhanong le Candida yeast infections), twantsho-seromo le twantso-moroto. Seresemela se a omomiswa, mme se tšhwatlwe go dira lorole lo lo diriswang mo metsing a a alafang vaginal thrush, ditshwaetsego tsa sehuba, malwetse a thobalano, ditlhabi tsa mmele, mathata a mala (letshololo, ditlhabi) le malaria. O diriswa jaaka motsoko go bula masoba a ka mo gare ga nko, fa lekwati le tlhafunwa kgotsa mosi wa lona o hemiwa, le fodisa matsapa a sehuba, o fodisa pofego ya mala, letshoromo le ditlhabi tsa mmele.
Metsi a go bediseditsweng matlhare mo go ona a thusa kgatlhanong le sekorotane le malwetse a letlalo, fa medi e e bedisitsweng e tlhakanngwa le sopo go phekola letshololo. Lekwati la dikutu le la medi ke molemô ya malaria, mme fa a sitswe le go tlhakanngwa le metsi, a phekola diso tsa mo molomong. Kwa Kenya, matlhare a diriswa go tsenya tatso mo dikhêring. Dipatlisiso tse di dirilweng go bapantsha ditswakwa tse di mo lekwating le tse di mo matlhareng di supile fa pharologanyo e sare sepe.
Go dirisa matlhare mo boêmông jwa lekwati mo tirisong ya melemô ya setso e tla letla kutulo e e tswelediswang ya semela se se mo kotsing seno.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo