Sangiovese

© Vititec

Tlhaloso

Mefutapeo e e megolo ya Tuscany kwa Italy e ne e le moo diveine tse di tumileng tsa Chianti di tsweletswa. Sangiovese e ne e le setswaki se se kgolo mo diveineng tseno, di lemogwa ka mabotlolo a potokwe mo ntlheng e go tsenang letlhakana.
Ke mefuta ya bogologolo ya terebe ya ntlha e e umakilweng mo dikwalong tsa Sentadiana tsa 1590 mme jaanong e jetsweng kwa US, Argentina le Australia fela le dijalo tse di fokoditsweng mo Aforika Borwa. Sangiovese ke ‘lelapa’ le le kgolo, jaaka go supilwe ke mefuta e e kwa godimo ya boteng jwa setshedi sa diphetogo.

Tshimologo

Italy

Maina a Mangwe

Sangiovese e na le dingwaga tse fetang lesome tsa tse di tshwanang le yona le 86 ya makaelagongwe go le gantsi go kaya e e tshwanang le yona e e rileng. Bontsi jwa makaelagongwe a di kopanya mafelo a mangwe morago ga ‘Sangiovese’ sekao ‘dolce’ kgotsa ‘grosso’. E itsege gape jaaka Brunello, Lambrusco le Chiantino mme mo Aforika Borwa, ke Sangiovese fela e e dirisiwang.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Sangiovese e na e akanngwa e itsisiwe mo Aforika Borwa ka di1970’, fela dikwalo di bontsha (2016) terebe ya bogologolo go feta e ne ya jalwa mo polaseng ya Boplaas ka 1982. Mo Aforika Borwa, fela 69 ya diheketara tsa Sangiovese e ne ya jalwa. Tse di dirilweng go tshwana le tsona go tsweletsa boleng jo bo kwa godimo jwa wdiveine di ne tsa roapiwa ka 1991.

Dikgaolo tsa Tsweletso

Bontsi jwa dijalwa tsa Sangiovese di fitlhelwa kwa Stellenbosch (26ha), Swartland (19ha).

Kgolo

Sangiovese ke e e masisi go naga ya tlhago eo e ka golang mo go yona e bile e ka tshela mo mefuteng e e farologaneng ya mmu, mme e rata e e botlhofo mo dikgaolong tse di bollo. E kgaratlhegela go butswa mo mafelong a a kwa godimo - go feta dikgato tse 1500. Go e tsweletsa go feta tekano (diako tse dintsi thata mo terebeng e le nngwe) go ka tlisetsa diterebe go galaka go go kwa godimo le ditannin tse di sa butswang.
Go runya ga makukunya go sa le gale go ka tlisa tshenyo ka ntlha ya serame. Ke mofutapeo o o nang le thobo e e kwa godimo, Sangiovese e ka bona dipoelo go tswa go selemo go poma le go poma diako gore di nne tshesane go tokafatsa boleng le go fokotsa botrytis. E ne e le tlwaelo ya go nama ka jalo go e sekegediwa go a tlhokega go laola kgolo.

Go Butswa

Sangiovese ke terebe e e golang bonya gape e robiwa mafelelong a setlha sa go kotula.

Matlhare

Matlhare a a bogareng ka bogolo, e ka nna tharo- kgotsa tlhano ya mareto.

Borekhu

Borekhu bo mo magareng le go nna potokwe go ya go bolee le mafura a go thunya a a kwa godimo mo matlalong a masesane. (Bloom ke mafura a go thunya a a e khupetsang le go sireletsa kgatlhanong le mowafalo le tsenelelo mo seleng ya go una). Bogolo jwa seako sa Sangiovese bo farologana ka tse tshwanang le yonba tse di dirisitsweng.

Disenyi le Malwetse

Sangiovese e supa bogareng ba go fenya monyo o o boleta wa botlase le go nna bokoa go monyo wa lerole o o boleta le botrytis.

Tiriso

Mo Aforika Borwa, Sangiovese e dirisiwa go dira diveine tse di omileng. Mefutapeo ya botlha jo kwa godimo le mmala o o bofefo di thusa mo go tswakeng mme go na le kgolo ya tlwaelo go tsweletsa diveine tsa mefuta. Balekane ba ba siameng ba metswako e ka nna Cabernet Sauvignon (popego le mmala) le Merlot (boleta).

Tatso/Moutlwalo

Diveine tse di gaisang tsa Sangiovese di bontsha maemo a a siameng a botlha le popego ya tannic ka dithulaganyo tsa yona tsa dicherrie le diporeime go letlalo le legae la polasi. Meutlwalo e meng e e etsweng tlhoko e akaretsa motsoko, cinnamono le ditruffle le mmurubele. Mošwa wa Sangiovese a ka bontsha borekhu bo bo foreše, ka go nna votlhana kwa bofelong.

Translated by Lawrence Ndou