Potata

© Louise Brodie

Potata (lpomoea batatas) ga e tsalane ka gope le tapole e e tlwaelegileng. Potata e wela mo lolapeng lwa dimela lwa thagamosô mme e tlhagisa medi-polokelô e e jegang. Semela seno se tshameka karolo e e botlhokwa ya phepô mo dinageng tsa Borwa jwa Afrika, go akaretsa le Afrika Borwa. Potata ke sejalô se se botlhokwa fa go na le tlhokego ya dijo le mo leubeng mme e ka dirisetswa go lwantsha tlhaelô ya Vitamin A e e amang masôlê a mmele le boitekanelô jwa matlho.
Dijalô tse di farologaneng tsa potata di ka aroganngwa ka mefuta e mebedi e megolo
Tse di omileng ka fa teng fa di apeilwe.
Tse di metsi (boleta) ka fa teng fa di apeilwe.
Medi-polokelô e ka fitlhwela ka mebala e e farologaneng. Sekai, letlapi le ka nna tshweu, serolwana, pinki, mmala wa namune, phepôle kgotsa borokwakhibidu. Mmala wa mateng o farologane go tswa go tshweu le serolwana go ya go o o sa tsenelelang wa namune kgotsa o o tseneletseng wa namune. Dijalo tsa mateng a mmala wa namune di humile ka beta-carotene mme ka jalo di diriswa mo mananeong a phepô go lwantsha tlhaelô ya Vitamin A. Dipotata ke ditlhagisi tse di humileng tsa maatla mme gape di fana ka Vitamin C le dimenerale di tshwana le magnesium, kopôro, iron le zinc go phepông ya batho. Matlhare a fana ka tlaleletso ya diporoteine, divitamini le dimenerale.

Leina la Selegae: Potata e Tshweu

Sesotho: Potata e tshweu
Setswana: Potata e tshweu
isiXhosa: lbhatata emhlophe
isiZulu: Ubhatata omhlope
Xitsonga: Nhlata yotshoka
Sepedi: Potata e tshweu
lsiNdebele: lbhutata elimhlophe
Tshivenda: Murambo mutshena
Swati: Bhatata Lomhlop

Mmu: Dipotata di gola sentle mo mmung o o serokwa se se motlhaba, o o serokwa kgotsa o o serokwa se se bolokô. Sejalo seno se tlhoka keelô ya metsi e e siameng mme se tshaba go tama ga metsi, letswai le esiti. Boelo jo bo siameng jwa ph (H2O) ke 5.6 – 6.5. Mmu o o motlhaba kgotsa wa selôkô ga wa siama, ka ga o sa dumelele go mela ga medi-polokelô e e siameng.
Bosa: Potata ke sejalô sa setlha se se bothithô, seno se kaya gore matsatsi le masigo a a bothithô a botlhokwa go kgolô e e siameng. Dipotata di tshaba dithemphoritšhara tse di kwa tlase, segolo bogolo segagane. Dipotata di ka jalwa mo diporofenseng tsotlhe tsa Afrika Borwa fa nosetso ya tlaleletso e fiwa. Semela seno se kgona go itshokela komelelo fa medi-polokelô e setse e bopegile.
Dijalwa: Mateng a a mmala wa namune: lmpilo le W-119 (di ômile); Beauregard (e bongôla) Letlapi le le phepôle (fresh market): Blesbok, Bosbok (bongôla) Letlapi le le lôbebe: Ndou, Monate (e ômile).
Modikologo wa Dijalo: Modikologo wa dijalô o botlhokwa mo go thibeleng malwetse a dimela le kokoanô ya disenyi. Dipotata ga di a tshwanela go jalwa go feta gangwe mo dingwageng tse tharo mo mmung o le nosi.
Dijalô tse di siametseng tshomarelo ya mmu jaaka matlhodi, khabetšhe, dinawa le mmopo di tshwanetse go akarediwa mo modikologong, segolo bogolo fa go nang le bothata jwa go bopega ga legogo la mmu.
Jalô: Jalô e dirwa ka dikalana tse di segilweng. Dikalana tsa boleele jwa 20-30 cm di tshwanetse go segiwa. Matlhare a ka nne a tlosiwa mo dikalaneng tse di segilweng pele di jalwa, fela ga go tlhokege. Mesego e e fa godingwana e nonofile go feta mesego ya dikarolo tse dingwe tsa morara. Nako dingwe mesego e diriwa go tswa mo medi-polokelông: Jala medi-polokelô e apesitswe fela ke mmu. Fa matlhôgêla a nna boleele jwa 25-30 cm, a robe mme o a dirisetse go jala.
Sega dikalana tsa boleele jwa 20-30 cm tse di itekanetseng mme di se na ditshenyikegi le malwetse, o dirisa sekeresegolo se se phepa kgotsa thipa e e bogale. Di jale mo moalông o o baakantsweng wa mmu mme o khurumetse seripagare sa boleele jwa yone ka mmu o o metsi. Gatelela mmu o o mo matlhakoreng gore mmu o tshware kalana, e le go rotloetsa kgolô e e bonakô ya modi. Nosetsa dijalô ka gangwe fa o sena go di jala. Sega matlhôgêla go tswa fela mo dijalông tse di itekanetseng. O se dirise merara go tswa mo dipotateng tse di itlhogetseng ka botsona ka fa di ka tswa di tsamaisa disenyi le malwetse.
Paakanyo ya Mmu: Repisa mmu ka gotlhe ka go o lema kgotsa go o tlhabatlhaba ka foroko, mogoma wa matsogo kgotsa garawê. Repisa mmu go ya go boteng jwa 250-300 mm go dira gore medi e tsenwe sentle ke mowa, le go tsenelela mo mmung mme le gore metsi a elele sentle. Ntsha matlapa mme o thube mealô ya mmu e e thata go netefatsa tsenelelo e e siameng ya medi mo mmung. Makwêtê otlhe a tshwanetse go thubiwa ka haraka kgotsa petlwana go fitlha go nna le bôalô jo bo boteng bo le borethe. Dijalô tse di khurumetsang (mmutele o motala) di ka jalwa le go tsenywa mo mmung dikgwedi di le 3 go ya 4 pele ga go ka jalwa sejalô sa potata.
Mokgwa wa Jalô: 1. Mmotwana: Dimela di jalwa mo mebotwaneng kgotsa mo ditotomeng. Mebotwana e mosola thata mo dikarolong tse di ratiwang ke morwalela mme gape e nolofatsa kotulô. Dikalana di beiwa ka karoganyo ya 30 cm mo mmotong mme dithitô di jetswe mo mmung. Mesima ya selekano se se siameng e ya dirwa, merara e tsenyiwe mo mesimeng mme mmu o gatelelwe thata go dikologa dikalana. Dikalana di jalwa di emeletse ka dinôko tse 3-4 go tsenelela mo boalông jwa mmu.
2. Boalophaphathi: Balemi bangwe ba jala dipotata mo boalong jwa mmu o o motlhaba jo bo phaphathi mme dipoelo e nne tse di siameng.
Karologanyo: Potata e ka kaiwa jaaka sejalô sa kwa masimong mme eseng jaaka morogo wa tshingwana ya gae. Seno ke ka ntlha ya gore e monamo mme e tsaya manno a magolo.
Mo tshingwaneng ya gae (kwa manno a seng kalo) mola kgotsa e le mebedi e ka tswa e lekane. Baya dikalana ka karoganyô ya 25-35 cm (kgotsa boleele jwa tlhogo ya garawê) mo moleng. Gantsi go diriswa ditotoma kgotsa meboto ya karoganyô ya 1 m. Fela e ka nna karoganyo ya 90-150 cm mo ntshô-tlhagisong ya kwa masimong kgotsa 80-90 cm mo tshingwaneng ya gae, mme boleele e le 30-40 cm.
Nako ya Jalô: Dikgaolo tse di nang le segagane se se mo magareng se le botsatsa: Tshimologo ya Ngwanatsele go ya go bogare kwa Sedimonthole. Dikgaolo tse di nang le segagane ka bontsi: Bogare jwa Ngwanatsele go ya go tshimologo ya Sedimonthole. Dikgaolo tse di senang segagane: Phatwe go ya go Mopitlwe. Dikgaolo tse di rurufetseng: Phukwi go ya go Tlhakole. Dikgaolo tsa dipula tsa mariga: Bogare jwa Ngwanatsele go ya go tshimologo ya Sedimonthole; Ngwanatsele e ya ratega.
Nontsho: Disampole tsa mmu di tshwanetse go tseiwa dikgwedi di le mmalwa pele ga jalô gore mathata a monônô wa mmu a baakangwe. Mefuta e e farologaneng ya menôntsha e ka diriswa go ya ka mofuta wa mmu. Ammonium sulphate e na le go fokotsa pH ya mmu fa LAN e oketsa pH ya mmu.
Dikgakololo kakaretso: Potata ke seji se segolo sa nitrogen le potassium ka jalo seelô sa N le K se tshwantse go beiwa kwa godimo ka dinako tsotlhe. Motswako wa monôntsha wa seelô se se ka nnang 1000 kg/ha (100 g/m2) jaaka 2:3:4 (30) o ka gasiwa ka tlhamalalo pele ga jalô mme o berekelwe mo mmung pelenyana fa go ka diriwa meboto. Mo mebung e e motlhaba seelô se ka oketswa go ya go 1200 kg/ha. Tshela manyôrô a fa godimo a seelô sa 120-150 kg/ha LAN (12 g/m ya mola) kgotsa 200 kg/ha (20 g/m2) ammonium sulphate mo dibekeng tse tharo morago ga jalô le mo dibekeng tse 6 morago ga jalô fa go tlhokega. Mmu o o motlhaba o tlile go tlhoka ka bonnye pedi ya manyôrô a fa godimo. Nosetsa ka go utlwala morago ga go tshela monôntsha.
Motshotelô o ka diriswa go oketsa karolo ya monôntsha wa khemikhale. Fela, motshotelô o tshwanetse wa be o bedile sentle (6 months). Kgotsa o tsentswe mo mmung pelenyana ga jalô. 15-20 m3 (diatla di le 4 tse kgolo/m2) e ka gasiwa le go tlhakanywa pele ga jalô.
Nosetso: Potata e kgona go itshokela komelelô go lekane. Go kaya gore semela se santse se ka tlhagisa thôbô mo maemong a a ômileng. Fela tlhokegô ya metsi e tlile go fokotsa thôbô. Kgatelelô ka ntlha ya go tlhôka metsi mo bekeng tsa ntlha di le mmalwa morago ga jalô le nako ya go bopega ga modi-polokelo (matsatsi a le 30-60 morago ga jalô) e ya go baka thôbô e e kwa tlase. Ka sekaedi kakaretso, potata e tlhoka seelô se se mo magareng a 450 le 600 mm sa metsi mo setlheng sotlhe sa kgolô.
Kotulô: Go tse 5 (kwa dikgaolong tse di itekanyetseng) morago ga jalô. Mmu o tshwanetse go nna boleta ka nako ya kotulô go efoga go phatlhoga le tshenyego ya letlalo. Emisa go nosetsa matsatsi a ka nna 30 pele ga kotulô jaaka mokgwa wa go ômisa tshimo. Mo dikgaolong tse di bothithô, sega merara matsatsi a le 4-7 pele ga kotulô go ômisa.
Dirisa foroko ya letsogo go epolola medi-polokelô mme o e nope ka seatla. O seka wa dirisa mogoma kgotsa garawê. Netefatsa gore ga o senye medi-polokelô ka gope ka nako ya kotulô. Medi-polokelô e ka kotulwa ka gangwe kgotsa jaaka e tlhokega. Fa e tlogelwa sebaka, medi e nna mekima thata.
Tlhotlhora mmu ka seatla go tswa mo dipotateng, di tlhatswe mme o di beye mo letsatsing gore di ôme ura e le 1 go ya tse 2 fa dithemphoritšhara di le kwa godingwana. Ka 32°C, medi e e kotutsweng e ka fiswa ke letsatsi mo metsotsong e le 30. Fa e tlogetswe mo tshimong bosigo mo dithemphoritšhareng tse di kwa tlase ga 5°C, tshenyego ka ntlha ya maruru e ya diragala. Di boloke mo lefelong le le rurufetseng ebile le ômile (15°C).
Polokelo: Dipotata di ka bolokwa di le foreshe dibeke tse 3-6 morago ga kotulô. O seka wa boloka medi e e senyegileng.
Dipotata gape di ka tlogelwa mo mmung go fitlha ka nako e o di tlhokang ka yona. Go botoka gore o oketse nako ya kotulô ka go jala gabedi mo bekeng ka setlha sa jalô.
Gopola: O seka wa nosetsa mo nakong e. Mo dikgaolong tse di maruru dithemphoritšhara tse di kwa tlase di tlile go senya medi-polokelô mo mmung. Mme fa dithemphoritšhara di santse di ratega, dipotata di nna kima thata. Polokelo e e tlhwatlhwa-tlase e ka dirwa mo mosimeng o o boteng mo mmung. Baya bôalô jwa bojang jo bo ômileng mo mosimeng. Paka dipotata tse di itekanetseng ka bôalô jwa boteng jwa 40-50 cm. Khurumetsa ka bojang le mmu o o ômileng. Tswalela ka borulelô jwa tlhaga. Potata e ka dula go fitlha dikgwedi di le 4. O seka wa dirisa mokgwa ono mo dikgaolong tsa dipula tsa mariga.
Ditiriso: Dipotata di ka diriswa ka mekgwa e e farologaneng
Medi-polokelô e ka jewa e le tala, e bedisitswe, e bakilwe kgotsa e apeilwe
Dintlha tsa matlhôgêla (petioles) le matlhare a maša a ka jewa jaaka morogo
Magweregwere a semela a ka diriswa jaaka phepô ya diruiwa
Medi-polokelô e ka diriswa go dira senkgwe, dikungô tsa go baka, ditšhipisi, jeme le senômatute

Disenyi le Malwetse

Disenyi

Tshupa ya potata
Ditshupa tse di kgolo di iphepa ka matlhare. Diboko di tsenelela mo medi-polokelông le mo dikaleng.
Taolo:
Modikologo wa dimela o ka thusa go fokotsa ditshupa.
Go jala mo mebotong gantsi go fokotsa go tsenelelwa ke disenyi.
Fisa dijalô tsotlhe tse di tseneletsweng ke disenyi fa o fetsa go kotula.
Dirisa dikalana tse di senang ditshupa kgotsa diboko.
O seka wa jala dikalana fa thoko ga dimela tsa dipotata tsa kgale.
Ntsha medi-polokelô yotlhe ka nako ya kotulô mme o seka wa dirisa dikalana go tswa mo dimeleng tse di itlhogetseng ka botsona (dijalo tse di melang mo tshimong e dipotata di neng di jetswe mo go yona setlha se se fetileng).
Fokotsa go phatlhoga ga mmu.
Baakanya nako ya jalô gore medi-polokelô e se nne teng ka setlha se se ômileng.
Go kotula ka nako, ka ntlha ya gore polokelo ya mo mmung ka setlha se se ômileng e rotloetsa tshenyego.
Monakamongwe wa potata
Ke seboko se segolo sa mmala o motala go ya go borokwa ka “lenaka” le le nnye fa godimo mo mokokotlong. Se iphepa ka matlhare maitsebowa.
Taolo:
Go ntsha diboko ka seatla gantsi go lekane fa di se dintsi thata.

Malwetse a Tshimo

Fusarium wilt
E tlholwa ke Fusarium oxysporum, bolwetse jo bo ka baka tatlhegelo e kgolô ya thôbô. Fa go segiwa kala ya semela se se nang le bolwetse jono, mmalanyana o o borokwa jo bohibitswana o ka bonwa mo ditogweng tsa kala. Matlhare a fetogela go mmala o o serolwana, a fifale mme a swe. Dijalô tse di nang le bolwetse di bo fetisetsa le mo mmung.
Taolo:
Jala mefuta e e kgonang go itshoka.
Dirisa dijadi tse di senang malwetse.
Dikolosa jalô ka dimela tse di sa tshwareng dijo.
Fokotsa ka mokgwa o o kgonang kgatelelo nngwe le nngwe jaaka ya tlhaelô ya metsi le dithemphoritšhara tse di kwa godimo ka setlha sa kgolô.
Malwetse A Mannye
Alternaria Leaf Spot, Soft Rot, Sclerotium Wilt, Scurf le Foot Rot.
Taolo: jaaka ya Fusarium Wilt.
Malwetse a Bobolokelo
Ka motsi wa go boloka, go bôla go go nnye, go bôla ga mo bôalông le go bôla ga komelelô go ka diragala.
Taolo:
O seka wa kotula fa mmu o le metsi.
O seka wa senya medi fa o kotula. Tlhatswa mmu mo meding mme o e ômise.
O seka wa boloka dipotata tse di senyegileng le tse di bontshang matshwao a bolwetse.
Ômisa dipotata pele o di boloka.
Malwetse a Megare
Mogare wa feathery mottle wa potata (SPFMV) ke mogare o o tlwaelegileng o o tsenelelang dipotata. O fitlhelwa nako dingwe o tswakane le megare e mengwe. Le fa nako dingwe matshwao a mogare a bonwa mo matlhareng, thôbô e fokotsega go utlwala mme go phatlhoga ga medi go a direga. Fa o le teng, matshwao gantsi a ka bonwa mo matlhareng a magologolo ka fa a tswa dipatso tsa botala jo bo tswapogileng le phethene ya matlhôgêla a a tswang mmala. Dijalo tse di amegileng thata di nna dikhutshwane mme matlhare a tsone a nne mannye.
Tshwaelano:
SPFMV e tshwaediswa ke lotso lwa tshitshiri ya aphids lo lo tsayang mogare mo dijalông tse di amegileng ka fa tlase ga motsotso, mme di o fitisetse ka gangwe go dijalô tse di itekanetseng.
Taolo:
Jala go tswa mo dijalong tse di senang mogare – dirisa dijalô tse di tswang kwa bajading ba merara ba ba kwadisitsweng kgotsa go tswa kwa ARC-VOPI.
Laola mofero mo tshimong le godikologa tshimo, thata thata lotso lo lo tlhaga lwa Ipomoea.
Dirisa dijadi tse di nonofileng mme di lebega di itekanetse.
Ntsha dijalô tsa dipotata tse di itlhogetseng ka bo tsona, masaledi le mofero wa setlha se se fetileng pele o ka jala.
Ntšhafatsa dijadi ngwaga dingwe le dingwe di le 2 go ya go 3.
Tlhatswa didiriswa tsotlhe tsa go sega ka motswako o o bogale wa Jik.

Taolo ya Dijalo

Go ntsha mofero go botlhokwa thata mo kgweding ya ntlha morago ga jalô. Go ntsha mofero go ka dirwa mo gare ga dijalo ka go dirisa mogongwana kgotsa diatla. Ela tlhoko gore o se senye merara. Go ntsha mofero go ka se tlhokege fa matlhare a sena go khurumetsa mmu. Dipotata di ka lengwa ka bonosi kgotsa di kopane le mabêlê, mmopo, cassava, jalo le jalo.

Translated by Lawrence Ndou