Pinot Gris and Pinot Blanc

Tlhaloso

Pinot gris le Pinot blanc ke tsa go fetogela ka mmala mutati tse di tsweletswang go tswa go Pinot noir. Pharologano e kgolo fa gare ga mefuta e e farologaneng ke gore borekhu ba Pinot noir ke bonstho jwa letlalo, fa Pinot blanc e le ya letlalo le le tshweu le borekhu ba Pinot gris bo ka nna le letlalo le le bosetlhana botala ba loapi kgotsa borokwana bopinki, ka dinako dingwe le mo seakong se le sengwe.
Ka bobedi Pinot gris le Pinot blanc di dirisiwa go tsweletsa diveine tse di tshweu tsa go ema le tsa go lakasela.

Tshimologo

Pinot gris le Pinot blanc di na le medi kwa Burgundy Fora, fao ka bobedi di tlhagisitswe ka dingwagasome tse dintsi.

Maina a Mangwe

Maelathoko a a itsegeng botoka a Pinot gris ke Pinot Grigio kwa Italy, Petit gris kwa Fora, Szukerbarat, kwa Hungary, se se rayang gore Monk e e tshetlha ka Seesimane, le Grauburgunder kgotsa Rulander kwa Jeremane.
Pinot Grigio ka kakaretso e ne e tlhaloswa ka e bofefo veine e e bonolo ya go nwa, e tshwanetse gore e ka newa go sa le gale, fa go sa le jalo Pinot Gris, e beetswe diveine tse di mmele o o tletseng le go nna na le bokgoni jo bo kwa godimo ba go tsofala.
Pinot blanc itsege gape jaaka Clevner kgotsa Klevner kwa Fora, Weisburgunder kgotsa Weisser Burgunder kwa Jeremane, Pinot Bianco kwa Italy le Beli Pinot kwa slovania.

Tsweletso mo Aforika Borwa

Diveine tsa ntlha mo Aforika Borwa tsa Pinot Gris di na raopiwa go tsweng Jeremane Bophirima, kwa e neng ya tsweletswa go tloga ka ngwagakgolo wa 14, ka 1963. E ne ya gololwa mo tsweletsong ya bogwebi ka 1977, mme e dirisiwa bogolo jaaka veine e e tswakiwang le lefelo la diveine tse di lakaselang.
L Ormarins e tsweleditswe mo Aforika Borwa ya bong e mefuta e e farologaneng ya Pinot gris ka dingwaga tsa bo 1980, e e neng e rekisiwa jaaka Pinot Grigio ka fa tlase ga letshwao la tsona la Terra del Capo.
Direkoto tsa diveine tsa Pinot blanc ya ntlha mo Aforika Borwa e bontsha sa tsamaelane pele, le ba bangwe ba dumelana ka gore e raopilwe go tswa kwa California ka 1967 mme ya gololwa go tswa go di sekasekwa ka 1971, fa direkoto tse dingwe di bua gore nnile teng mo tsweletsong ya bogwebi ka dingwaga tsa bo 1990.

Dikgaolo tsa Stweletso

Mefuta e e farologaneng e mela sentle ka bobedi ka fa tlase ga maemo a loapi a tsiditsana. Ka fa feta fela 350 heketara e e ka fa tlase ga tsweletso, tsweletso ya Pinot gris e sa ntse e le nnye mo Aforika Borwa. Le fa go ntse jalo, e nna ya mmamoratwa e ne e le veine e tshweu ya bolesome ya tse di farologaneng ya tse di jetsweng mo nageng ka 2016.
Mefuta e e farologaneng e ne ya jalwa mo dikgaolong tsotlhe tsa tsweletso ya veine mo Aforika Borwa, kwa ntle ga Karro e nnye le Kapa Bokone. Worcester, Breedekloof, Stellenbosch, Robertson le mo kgaolong ya Swartland ke dikgaolo tse di dikgolo go gaisa tse di ka fa tlase ga malapa a diveine.
Tsweletso ya Pinot blanc ga e ya kay a atlega mo Aforika Borwa, le ka fa tlase ga 10 ya diheketara e ne ya begwa ka fa tlase ga mefuta e e farologaneng ka ngwaga wa 2016. Go feta halofo ya malapa a diveine a mo tikologong ya Paarl.

Kgolo

Ka bobedi Pinot gris le Pinot blanc ke badogi ba ba bogareng, ka tsweletso e e nang le bokgoni bo bo ka nnang gare ga 9t/ha go ya go 12t/ha.

Go Butswa

Diterebe di butswa ka bonako mo magareng a setlha – Pinot gris go tswa mo go ntlha ya halofo ya Tlhakole le Pinot blanc, halofo ya bobedi.

Borekhu

Borekhu ba Pinot noir, Pinot gris le Pinot blanc ka maemo di batlile di tshwana ka ponalo le bogolo, e nnye le go ya bolleng.
Pinot noir, le gale, ke ya letlalo le le ntsho, fa Pinot blanc ke ya letlalo le sweu le Pinot gris e simolola ka mmala wa botala bo bo phatsimang mo letlalong e fetogela go bosetlha botala ba loapi kgotsa borokwa bopinki, ka dinako dingwe le borekhu ba mebala e e farologaneng mo seakong es le nosi. Letlalo la mefuta e e bobedi ke le le sesane le bothata, ka boteng jo bo boleta, sukiri le matute.

Matlhare

Pinot noir, Pinot gris le Pinot blanc matlhare batla a tshwana sentle; mmala o o botala jo bontsho, Bogolo jo bogareng, le le potokwe le loreto ka bojotlhe kgotsa boraro.

Disenyi le Malwetse

Ka bobedi ba mefuta e e farologaneng bo kotsing ya go bolawa ke monyo o o bolete jwa botlase le go bola ka Botrytis. Tshenyo ya dinonyane gantsi e na le mathata ka gore go na le mefuta e e farologaneng ya go butswa go sa le gale mo setlheng.

Tiriso

Balemi ba diterebe ba bantsi mo Aforika Borwa ba itekotse ka Pinot blanc jaaka e le veine e e farologanseng ya bong, mme go e dirisa tota k emo metswakong. Pinot gris e dirisiwa jaaka veine e e farologaneng ya bong le molekanbe wa motswako le tse dingwe tsa mefuta e e farologaneng.

Tatso

Veine ya Pinot blanc e na le mmala o o serolwane go ya botala bo bo fifetseng, ka botoro ya monamune ya menko le meutlwalo. Diveine tsa Pinot gris di ka farologana go tswa go kabo go ya ka mmala wa taemane le gauta ka go phatsima, go ikaegilwe ka mefuta ya diveine, le meutlwalo e e bonagalang thata ya perekisi le poreime.

Translated by Lawrence Ndou