Parsley ka Kakaretso

© Louise Brodie

Leina la bonetetshi: Umbelliferae
Leina la tlwaelô: Parsley

Sejalo sa parsley se tlholegile kwa borwa jwa Yuropa le Afrika Bokone. Gompieno e jalwa go ralala lefatshe ka ntlha ya matlhare a yona a a foreshe le a a omisitsweng. Go na le mefuta ele mebedi e megolo ya parsley, parsley ya letlhare le le kgweleaneng (Crispum) e e leng sejalo se se thatanyana, le parsley ya letlhare-phaphathi ya Italy e e boleta (Neapolitanum).

Tlhalosô ya Sejalo

Sejalo sa parsley ke sejalo se se golang dingwaga di le pedi se se tlhagisang matlhare a a monkgo ale boleta ale tatsô mo ngwageng wa ntlha mme, fa se letlwa go golela pele mo ngwageng wa bobedi, se tlile go ntsha dipeo. E na le moditona o o tiileng o o tatsô fa o kotulwa mo ngwageng wa bobedi morago ga fa dipeo di setse di kotutswe. Setlhatsana sa parsley se golela kwa boleeleng jo bo ka nnang 40 cm, mme se tlhagisa dikutu di le mmalwa tse tshesane di le boleta, tse di nang le ngatana ya matlhare fa godimo.
Matlhare a botala jo bo setlhefetseng a a tshwanang le scallop a parsley ya letlhare-phaphathi ya Italy, a boleta le bosesane mme a ratwa ke bontsi jwa baapei. Matlhare a parsley ya letlhare le le kgweleaneng a thatanyana fela a tatsô le ona, mme a ka dirisetswa go kgabisa dijo jaaka pontsho ka ntlha ya gore a lebega boforeshe sebaka.
Bontsi jwa batlhagisi ba tla jala parsley jaaka sejalo sa ngwaga le ngwaga mme ba e jale seša ngwaga mongwe le mongwe.

Ditiriso

Parsley e lengwa ka ntlha ya matlhare a yona a a monkgo-monate, a a diriswang ale foreshe kgotsa a omisitswe mo dijong jaaka setsenya-tatsô kgotsa e jewa ele tala mo disalateng.
Parsley e itsagale ka seêlô sa yona se se kwa godimo sa vitamin C.

Ditlhokegô le Paakanyô tsa Mmu

Parsley e dira bontle mo mebung e e serokwa goya go e e serokwa se se motlhaba e e tswang metsi sentle mme ele kwa godimo ka botswa-tsheding. E gola bontle mo mebung ya pH ya 6 goya go 7.
Fa go baakanngwa mmu mo karolong ya jalô, go botlhokwa go tshela mosutele kgotsa motshotelo wa botswa-tsheding mo mmung. Seno se tshwanetse go lemelelwa mo kgweding ya pele ga jalô go neela motshotelo nako ya go tsepama le mefero mengwe le mengwe nako ya go mela. Mmu jaanong o tshwanetse go ka êgwa ka êge ya papetlatsheko mo bekeng ya pele ga jalô go tlhagola mefero gape le go rethefatsa karolo ya jalô. Ka bosesane petelela monontsha wa pele ga jalô le dielemente tsa tatediso letsatsi kgotsa ale mabedi pele o ka jala parsley.

Bosa

Parsley e tlhoga bontle mo dithemphoritšhareng tsa magareng ga 14°C le 26°C. E tlhoka themphoritšhara ya mmu ya mediso ya 15 goya go 20°C. Sejalo se kgonana go se nene le segagane.

Dijadi

Mo tlhagisetsong-kgwebo, dingwe tsa dijadi tsa parsley tse di tumileng ke: Banquet, Champion, Evergreen, Italian curled, Italian Flat, Moss, Pagoda le Triple Curl.
Go botlhokwa go senka kgakololô ya selegae ka ga mekgwa-tiriso ya mediso gotswa go setlamong sa peo se se tlotlegang gore ke mofuta ofe o o gaisang mo maêmông le mmaraka o o lepilweng.
Go tota go siame go itse mmaraka wa parsley pele go e tlhagisa.

Translated by Nchema Rapoo