Jalô ya Parsley

© Louise Brodie

Jadisô

Jadisô ya parsley ke gotswa mo peong.

Mokgwa wa Jadisô

Jalô ya matlhogela a parsley le jalô ka tlhamalalô ya peo di dirwa ka seatla le ka motšhine. Jala ka tlhamalalô dipeo di ka nna 50 mo moleng wa metara go netefatsa jalô e e tletseng ya parsley. Morago o ka fokotsa go nna bogolo jo bo eletswang fa go tlhokega.

Katoganô

Dijalo di tshwanetse go katogana ka 10 cm mo meleng e e katoganeng ka 20 cm goya go 30 cm. Seno e ka nna dijalo tsa parsley di le 300 000 goya go 450 000 mo hekethareng. Go tshwanetswe ga tlogela gape mela ya diterekere ga mmogo le didiriswa tsa nosetsô le kotulo.

Nako ya Jalô

Jala dipeo tsa parsley go sale gale ka dikgakologo mme o leke go efoga digagane tsa bofelo. Le fa parsley e kgonana le segagane, go botoka go se efoga fa e santse e simolola go gola. Mo Afrika Borwa, seno ke mo bogareng jwa Phatwe. Mo dikgaolong tsa mariga a a seng bogale, jalô tsa thari ka selemo kgotsa ya gale ka letlhabula di ka dirwa go tlhogisa go sale gale ka dikgakologo kgotsa le tota ka dikgwedi tsa mariga.

Nako ya Jalelelo

Dira matlhogela a parsley ka mo gare ga ntlwana ya dijalo ka Seetebosigo le Phukwi. Seno se tlile go iponela dibeke di le mmalwa mo nakong ya tlhagiso. Jalolola matlhogela fa ale boleele jo bo ka nnang 15 cm. Seno se ka dirwa gape mo bogareng jwa Phukwi.

Paka ya Kgolô

Go tloga ka nako e dipeo di jalwang ka yona go fitlha mo kotulong ya ntlha e ka dirwang, ke dibeke di ka nna somepedi. Morago ga fao parsley e ka kotulwa gape makgetho ale mararo goya go ale mane. Sega parsley 15 cm gotswa fa fatshe, go letla kutu e e lekaneng le letlhare kgotsa ale mabedi a kgolôsešwa. Nako ya pele ga kotulo e e latelang e tshwanetse go nna dibeke di ka nna tlhano le dibeke dingwe le dingwe di le tlhano mo selemong sotlhe.

Kumisô

Ungwisa goya ka ditshekatsheko tsa mmu tse di dirilweng mo mmung pele ga jalô. Dirisa go ka nna 200 kg ya 3:1:5 pele o jala mo mmung o o fa bogodimong jwa 10 cm. Seêlô se se tshwanang le seno sa 3:1:5 gape, se se gasagaswang go ikala le mela ya dijalo fa dijalo tsa parsley di le boleele jo bo ka nnang 20 cm, se tshwanetse go lekana go fitlha kwa kotulong ya ntlha. Tshela seêlô sona seno sa 3:1:5 morago ga kotulo nngwe le nngwe. Difepi tsa matlhare le tsona di siame go rotloetsa matlhare a a itekanetseng.

Nosetsô

Parsley e na le thulaganyo-modi e e seng boteng, mme ka jalô e tshaba kgatelelô ya bometsi. Ka jalo go botlhokwa thata go tshola mmu ole mo bometsing jo bo eletsegang mo mofuteng oo wa mmu. Lokela ditshupa-bometsi gore go lekolwe ka metlha. Kgatelelô e tlile go diegisa kgolô le go tlhagisa matlhare a palo e e kwa tlase go ka kotulwa.
Parsley e ka nosetswa ka segasi kgotsa serothisi. Serothisi fela se a gaisa ka ge se tshola matlhare a omile, mme digasi di ka senya dijalo tse di boleta. Matlhare a a metsi a ka baka kgolô ya mouta. Go ikaegile ka bosa le themphoritšhara, parsley e tlhoka nosetsô e e ka nnang 35 to 40 mm ka beke. Go botlhale go atolosa nosetsô enô go nna nosetsô di le pedi goya go tharo ka beke. Mo mebung e e motlhaba, nosetsô e ka tlhokega ka bokgapetsa jwa tsatsi lengwe le lengwe la bobedi. Kobelo e a tshitshinngwa ka ge e fokotsa mowafalo. E tlile gape go laola melô ya mefero. Kobelo ya polasetiki kgotsa ya botswa-tsheding e ka diriswa.

Translated by Nchema Rapoo