Taolô-Jalô ya Parsley

© Louise Brodie

Tikoloso-Jalô

Dikolosa le semela sengwe le sengwe gotswa kwa lolapeng lo lo farologaneng mme o leke go dikolosa dingwaga di le pedi goya go tharo mo tshimong ele nngwe.

Thôbô - Di-tonne mo Hekethareng

E e lekanen
Foreshe: 4 tonnes
Omeletseng: 0.5 tonnes
E e bogareng
Foreshe: 10 tonnes
Omeletseng: 2 tonnes
E e siamen
Foreshe: 15+ tonnes
Omeletseng: 5+ tonnes

Kotulo

Goya ka bogolo jwa bodirelo, kotulo ya parsley e dirwa ka seatla le ka motšhine wa kotulo. Dikotulo di le tharo goya go tlhano di ka dirwa gotswa mo sejalong se le nosi.
Fa go kotulwa parsley e e foreshe go botlhokwa go kotula mo rurufalong ya me song go thibela tshwabô, mme matlhare a iswe kwa lefelong la phetolo le le rurufetseng ka gangwe fela morago ga kotulo.
Kotula parsley e e tlileng go omiswa mo mesong e e bothitho, mme o netefatse fa matlhare a omile. Sega kutu mo boleeleng jwa 10 goya go 15 cm gotswa fa fatshe, mme o tlogele matlhare mangwe mo sejalong go potlakisa kgolôsešwa.

Poloko

Poloko ya parsley e e foreshe e tshwanetse go nna mo 1°C goya go 2°C, le bongôla jo bo kwa godimo ga 90%, mo sebakeng sa poloko se se sa feteng dibeke di le robedi.
Poloko ya parsley e e omileng e tshwanetse go nna ka mo gare ga ditshodi tse di tswalegileng, mme di tsholwe mo lefelong la poloko le le omileng mme le rurufetse.

Disenyi

Disenyi tsa parsley tse di tlwaelegileng ke aphids, army worms, nematodes, slugs, snails, snout beetles, thrips le weevils.

Malwetse

Downey mildew, leaf spot, powdery mildew.
Go siame thata go bona kgakololô ya boitseanape ya maêmô a selegae, le mekgwa-tiriso ya tshireletso-jalô ya parsley gotswa go motlhankedi wa selegae wa tsa peo kgotsa go moitseanape wa dijalo.

Translated by Nchema Rapoo