Ka Fao Mogare wa Coronavirus O Anamang Ka Teng

Ke selo se le esi fela se o tlhokang go se tlhaloganya ka fao Mogare wa Coronavirus wa COVID-19 o anamang ka teng.

Megare ya Coronavirus ke lolapa lo lo golo lwa megare e e ka bakang ditshwaetsego-khemo tse di farologaneng gotswa go mofikela o o tlwaelegileng goya go malwetse a a masisi a a jaaka Middle East Respiratory Syndrome (MERS) le Severe Acute Respiratory Syndrome (SARS).

Mogare o anama fa marothodi ano (gotswa go motho yo o bobolang - a gotlhola kgotsa a ethimola), a tsena mo: Matlhong, nkong le mo molomong wa gago.

Ka jalo, fa o bona motho yo o bonalang a gotlhola / ethimola / lwala, o ka tlhopha go:
Nna sekgalanyana le ene. (0.5m goya go 2m e tlile go go tshola o babalesegile gotswa go marothodi a magolo).
Tila boidiidi. (Batho ba ba tshwaetsegileng ba ka se bontshe ditshupabolwetse dipe, fela ba santse ba ka tshwaetsa bangwe).

Nako dingwe mathe a mongwe yo o bobolang a ka fitlhelela go dilo tse dingwe - diatla, mabati, didiriswa, dikomiki, dipene, maitshwareletso le maswana.

Mme fa o kgoma sengwe sa dilo tse ka phosô, mme morago o ikgome sefatlhego, o iphorogotlhe matlho kgotsa sefatlhego sa moratiwa wa gago, botlhe le ka bobola.

Translated by Nchema Rapoo