Methokolo e Monate-Nate

© Marinda Louw

Mothokolo ke setlhatshana sa dikalana tse di mebitlwa sa matlhare a a phatsimang, ka dithunya tse tshweu tse di monkgo tsa sebopego sa naledi, le leungo le le hibidu la tatsô e e tswina, mme se tlholega kwa dikgaolong tsa lobopo tsa porofense ya KwaZulu-Natal ya Afrika Borwa.
Carissa macrocarpa e bitswa gape Natal plum, num-num e kgolo, grootnoemnoem (Afr.) kgotsa amatungulu (Zulu) fa leloko la tshika ya yona le le potlana eleng Carissa bispinosa le bitswa gape mothokolo wa Afrika Botlhaba. C. bispinosa ke sejalo se se nnye se se golelang kwa tlase fela se na le tatsô le sona, fela leungo ke le le nnye. Mothokolo wa Arabia (C. edulis) le ona o tlhagisa leungo le le nnye le le tswina.
Carissa e tswa go leina la se-India la dijalo tsa setlhopha seno, se se nang le karolwana e e botlha ebile ele botlhole mo lekwating e e bitswang carrisin. ‘Bispinosa’ e raya gore mutlwa-pedi, mme seno se kaya mebitlwa e e foroko ya sejalo. ‘Num num’ e ka tswa e kaya modumo wa monate fa go jewa maungo-nyana a a tatsô...
Methokolo e isitswe kwa Amerika ka dingwaga tsa bo-1880 kwa eleng sejalo sa dibetlwa se se tumileng kwa California le Florida. E ne morago ya iswa kwa dinageng tse dingwe tse di jaaka Israel, Puerto Rico, Philippines le India.
Leungo la mothokolo le kgolokwe wa lee mme bogolo jwa lona bo simolola mo go 1,5 goya go 5cm goya ka mofuta. Leungo le le nama le butswa go nna khibidu mme le ka kgetlwa go simolola ka Mopitlwe go fitlha Diphalane. Fa le kgetlwa mme le segwa, leungo le ntsha latex e tshweu e e kgomarelang (‘mašwi’).

Mothokolo o humile ka vitamin C, calcium (Ca), magnesium (Mg) le phosphorus (P) mme o na le pectin e e kwa godimo e e tlileng go thusa go dira di-jam tsa pectin e e kwa tlase tse di jaaka ya strawberry. Dithapô tse di boleta di a jega mme ga go tlhokege gore di latlhwe. Matlhare a sejalo seno a ratwa ke ditholo, fa dikgabo le dinonyane tse di rileng di itumelela leungo.
Ditiriso tsa tlwaelô tsa mothokolo di akaretsa go jewa ga leungo le le foreshe, gape le go dira jam le jelly. Medi e dirisetswa go alafa leino le le opang, fa batho ba Swati ba dirisa mothokolo mo medirong ya setso e mo go yona o neelwang poo go oketsa botlhaga jwa yona pele e bolawa ke batlhabani ba baSwati.
Ditiriso tsa sešweng gantsi ke tsa kapeo. Methokolo e monate fa e kopantswe le quince kgotsa piere tse di beikhilweng, o tsenya botšarara mo chutney le marmalade wa eiye, mme o ka apewa le go omiswa go se nene pele o beikhwa go dira di-muffin.
Mothokolo o tlhogiswa bonolo gotswa mo peong, mesegông kgotsa ka layering (layering ke ge kalana e bopa medi fa e santse e itshwareletse ka sejalo-segolo). Inela dipeo mo metsing a a bothitho go itlhagenedisa mediso. Methokolo e ka simolola go tlhagisa maungo fela fa morago ga dingwaga di le pedi. Sejalo sa motalafelaruri se se sonagang metsi se bopa ditlhare tse di kitlaneng mme se fitlhelwa kwa dikgaolong tsa bushveld, tsa lobopo kgotsa tse di dikgwa tsa diporofense tsotlhe tsa Afrika Borwa, ntle fela le kwa Kapa Bokone e e omeletseng.
Methokolo e e golelang ka bonako e dira dijalo tse di siameng tsa mokgabiso, kgotsa di ka jalwa ka katoganô ya 1m go dira magora, fela e tshwanetse go kerwa go e tshola ele mo sebopegong. E rata mmu o o motlhofo o o tswang metsi sentle, ka motshotelo o montsi, mme e ka mela mo letsatsing kgotsa mo moriting o monnye.
Methokolo a kgonana sentle le komelelô mme a ka itshokela diphefo tsa lewatle le mowa o o letswai, fela e tshaba segagane se se tseneletseng le mariga a a maruru. Gantsi a diriswa mo mafelong a botlhe jaaka maparego le maemela-janaga. Mothokolo gape ke setlhare se se tumileng sa bonsai.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo