Matute a a sa tswang go gamolwa sešwa a humile ka mefuta e e farologaneng ya didirisiwa tsa go tlhotlheletsa masole a mmele, fela go baakanya jaaka go go tsididi, go tswaka le go bedisa go ka tlisa diphetogo mo go nang le dikotla, mmala le tatso le go fokotsa kwa bofelong mo maemong a kotla ya ntshokuno.
‘Kalafi ya Gerson’ ke kalafi e e tlhamilweng ke Ngaka Max Gerson ka 1930, lwa ntlha go alafa go opiwa ke tlhogo ga gagwe mme morago e dirisiwe go alafa balwetse ba kankere. Ke kalafi ya tlhago e e tsosang bokgoni jwa mmele jwa go fola ka dijo tsa matute a ma tala a ikaegileng ka dijalo, ditlaleletsi tsa tlhago dipeiti tsa kofi. Matute a tsewa ura ka ura go fitlhela dura tse di 13 ka letsatsi le go tlatsa mmele ka dibithamine le diensaeme tse di monolwang bonolo.
Dipatlisiso tse dingwe gape di tlhomamisitse maatla a go alafa a matute a foreše. Balwetsi ba mathata a diso tsa mala ba ne ba alafiwa ka matute a foreše a khabetšhe ao a nang le ntlha e e tlhokang seso sa mala. Ntlha eno (bithamine ya U) e amile kalafo ka malatsi a 7.3 fa go bapišiwa le malatsi a 42 a setlhopha sa taolo. Bithamine ya U e mowafala mo gare ga metsotso mme e tshwanetse go jewa ka bonako.
Dingaka tsa Ayurvedic di dirisa maungo, merogo le matute a setlama e kopantsweng le mašwi le tswine ya dinotshe go dira matute a melemo. Matute a namune le kalaka a kopanywa le letswai go thibela go lapa le matute a dipete kgotsa a terebe go dumelwa gore a ‘busetsa’ madi. Eiye le digwere di ratega thata mo ditlwaelong tsa phodiso ya Ayurvedic. Sekao, matute a segwere a dirisiwa go alafa mpa e botlhoko le go phepafatsa diphio go thibela go bopega ga makwate mo santlhokong.
Phepo mo matuteng e akaretsa metsi a a phepafaditsweng ke dijalo, dibithamine, diensaeme, diminerale, diproteine, setalafatsi le dilo tsa segompieno tsa setlogo sa sejalo jaaka kharotine le laesopene, bobedi dimalafatsi di fitlhelwa mo maungong le merogo ya mmala o mokhibidu le wa namune.
Matutu a thusa mmele go tsenya metsi - metsi a thusa mmele go tsamaisa dikhapohaetrete le go oketsa tshilego ya dijo. Matute a foreše a humile ka tlhale e e gakologang, eo e tshegetsang kgolo ya mogare o siameng wa tselatshilego le go nna le diedi tse di kgoreletsang oksitšene. Dithibela oksaete di sireletsa kgatlhanong le tshenyego e e tlhlolwang ke dimolekule tseo di sa tiiang tse di tlhagang ka tlhago mo mmeleng. Maungo le merogo ya mmala e e fifetseng - sekao, meretlwa ya mmala ya loapi le dipete - di na le diedi tse di kgoreletsang oksitšene.
Matute a a sa tswang go gamiwa, a nowa ka bonako ka moo go kgonegang morago ga go baakangwa, ke tlhopho ya botshelo bo bo itekanetseng mme e na le dibithamine tse di dintsi tse di oketsegileng, diminerale le metswako e mengwe ya phepo e e leng mo mabotlolong kgotsa le matute a maungo a phuthetsweng pele. Tse gantsi di na le disomaredi kgotsa di baakantswe ka mokgwa o o fokotsang mosola wa tlhago wa phepo ya matute.
Go ya ka Mokgatlho wa Matute a Maungo wa Aforika Borwa (SAFJA) diteng tsa sukiri ya tlhago ya leungo ke e leng mo gare ga 8% le 12% fela e ka farologana go ya ka mofuta wa leungo le go butswa. Leungo le le leng kwa godimo ka sukiri le akaretsa, difeiye, diterebe, dimenko le digarenate.
Gantsi sukiri ka sebopego sa sirapa ya sukrousu e ka oketswa go dira matute a maungo a nne botshe. Se se ka theko e e kwa tlase go feta go tswaka le sukiri ya tlhago jaaka apole, matute a pere kgotsa terebe. Frukthose ke sukiri ya tlhago e e fitlhelwang mo leungong mme e ka thusa go busetsa setlwaeding maemo a madi a sukiri.
Mo bathong ba ba amegang ka go tseweng ga sukiri, gantsi go sisinywa go timola matute a maungo ka metsi, mo bathong ba ba nang le bolwetsi ba sukiri ba tshwanetse go ikgolaganya le ngaka ya maphelo ya bona go bona keletso ka ga go nna mosola thata wa go tswa mo go tseweng ga maungo le matute a maungo.
Translated by Lawrence Ndou