Malwetse mo Dipoding

© Marinda Louw

Phepô e e siameng le thibelo-malwetse e e jaaka meêntô le taolô-motlhampepe di bopa motheo o o netefatsang boitekanelo jwa dipodi, le fa go le jalo, diphologolo di phela di le mo kotsing ya malwetse, bomotlhampepe, makoa a metabolism le botlhole. Le fa gole jalo, barui ba ka dira go le gontsi go thibela kgotsa go fokotsa malwetse mo dipoding tsa bona.
Fa loso lo diragala, go botlhokwa gore ngaka ya diphologolo e dire dipatlisiso tsa morago ga loso go upolola sebaki sa loso. Seno se ka thibela go anama ga malwetse mme se thuse go tokafatsa taolô ya boitekanelo mo polaseng.

Dikotla tse di Netefatsang Itekanelo ya Dipodi

©Marinda Louw
Thebolo-dikotla e e siameng e botlhokwa go aga masole a mmele mo dipoding.
Nako dingwe sefepi sa tlaleletso se a tlhokega fa maêmô a phulô ele a seemo se se kwa tlase kgotsa se se sa lekanang. Seno se ka nna le ditlamorago tse di kgolo mo dipoding tsa gago, segolo thata fa phulô ele bokoa.
Dipaka tse di botlhokwa tsa phepô ya tlaleletso ke:
Phepô-kgobelo: Dibeke di le 2 pele ga tsadisano le dibeke tsa ntlha di le tharo ka paka ya tsadisano. Dinamagadi tsa meno-pedi (tsa bogolo jwa dikgwedi di le 12 - 18) di tshwanetse go newa matlho otlhe. Mo mabakeng a mo go ona sefepi se leng tlhwatlhwa-godimo, fepa ka tshwanelo mo pakeng e khutshwane, o seke wa fepa ka bonnye nako e telele.
Boimana: Neela sefepi sa tlaleletso go simolola ka tsatsi la bo-90 la go dusa. Seno se botlhokwa le mo maêmông a phulô a a siameng. Dinamagadi tseno di tlhoka maatla (go fepa potsanyana e e mo mpeng) a a fetang a dinamagadi tse di sa duseng gabedi goya go le gararo.
Ntshô-Mašwi: Sefepi sa tlaleletso se a tlhokega mo dibekeng tsa ntlha di le thataro tsa ntshô-maswi.
Dipotsane tse di kgwesitsweng: Neelana ‘creep feed’ pele ga kgweso gore dipotsane di tlwaele sefepi. Kgatelelô-maikutlo ya go kgwa letswele e na le seabe se se golo mo kgolông ya dipotsane.
Go neela sefepi sa dikotla sa tlaleletso go dinamagadi le dipotsane mo magatong a a botlhokwa anô go fokotsa kotsi ya bothuba-mpa, tsalô ya potsane e e suleng le dipotsane tse di bokoa. Percentage ya tsalô-potsane (palô ya dipotsane tse di tsalwang ke namagadi ka ngwaga), boitekanelo, seelo sa kgolô mmogo le tlhagiso ya mohair ya dipodi tsa Angora di ka tokafatswa ka go neela phepô ya tlaleletso.
Dipodi ke difudi tsa kwa tshimong mme dimela tsa tshimo (tse di bitswang gape dimela tsa phulô) gantsi di na le toô e e kwa godimo ya diminerale go feta mafulo. Dipodi ka jalo ga se gantsi di ka nna le ditlhaelô tsa minerale fa go bapiswa le dinku, fela di-vitamin le diminerale di tshwanetse go nna teng dibeke di le 4 - 6 pele ga tsalô-potsane le mo dinakong tsa komelelô.

Taolô-Motlhampepe mo Thuong ya Dipiso

©Marinda Louw
Wireworm le seboko se se borokwa sa mala (ka bobedi ke mefuta ya dibokokgolokwe) ke matshosetsi a magolo go gaisa a bolwetse go dipodi. Coccidiosis ke mongwe wa metlhampepe ya ka fa gare o o tlwaelegileng o gantsi o amang dipotsane go tloga fa di le dibeke di le 4 goya go dikgwedi di le 5, mme o tlholega fa ‘mae’ a coccidia a tsena mo thulaganyong ya tshilodijo. O fitlhelwa mo mafulong, mo metsing mme nako dingwe mo dithobeng tsa tami ya dinamagadi tse di ntshang mašwi. Matshwao a tshwaetsego a akaretsa letshololo, madi mo morotong le bokoa.
Kgatelelô-maikutlo (jaaka go kgweswa letswele kgotsa go tsamaiswa) e dira gore dipotsane di tshabelelwe ke coccidia le tshwaetsego ya dibokokgolokwe. Palô ya diboko mo poding e tsalana le bontsi jwa diboko mo mafulong le bokoa jwa masole a mmele wa podi.
Kgwetlho e kgolo go barui ba dipodi ke go tlamela tikologo e e babalesegileng go dipodi tsa bona fa ba ntse ba isa tlase palelô-melemô ya metlhampepe. Seno se dirwa ka go abela molemô go diphologolo fela tse di tlhokang go ka alafiwa. Seno se bitswa ‘kalafo e e tlhophiwang ka nepô’ mme e dirwa go ka tshola sentle ‘refugia’. Refugia ke tlhokomelo ya diboko tse di tshabang diritibatsi mme ke lenaane la taolô le le botlhokwa.
Mefutafuta ya dikgofa e fitlhelwa mo dikarolong tse dipodi di bewang mo go tsona. Dikgofa ke dinwamadi fela gape di fetisa malwetse a a jaaka heartwater, di baka ditshwaetsego (abscesses), dintho tsa go longwa ke kgofa, tshenyego ya letlalo le toxicosis tse di jaaka go bolawa mhama ke kgofa.
Dinta tse khibidu le tsa mmala wa loapi ke metlhampepe e mengwe e e botlhokwa e e tlhokang go ka laolwa. Dinta tseno di baka go baba go go golo ga letlalo mme di tlile go dira gore podi e ingwae, e ikgotlhe ka dilo le go tlhanoga ga seêmô sa mmele wa yona. Mo dipoding tsa Angora, seno se isa kwa go koafaleng, go nna magwatata le go latlhegelwa ke mmala ga boboa.

Meêntô mo Thuong ya Dipodi

Fa dipodi di godisetswa mo maêmông a tshimo, meêntô kgatlhanong le pulpy kidney (Clostridium perfringens D) le Pasteurella (e e bakwang ke Pasteurella haemolytica le Manhaemia haemolytica) e a rotloetswa. Ka fa tlase ga maêmô a a tseneletseng mo dipodi di bewang mo mafulong kgotsa ntlo-phepô, meêntô ya multi-clostridial e e kopantsweng le Pasteurella e a rotloetswa. Botsa ngaka ya gago ya diphologolo.
Fa dipodi di entwa lekgetlho la lantlha, êntô ya bobedi e tshwanetse go rebolwa jaaka go kailwe, buisa ditaelo tsa molemô ka kelôtlhokô. Êntô ya bobedi gantsi ke dibeke di le 4 morago ga ya ntlha. Go sa ênte lekgetlho la bobedi go ka baka masole a mmele a a sa siamang mme seno se dire gore êntô ya ntlha le tsa ngwaga le ngwaga tsa isago di seke tsa dira ka tshwanelo.

Acidosis mo Dipoding

Malwetse a metabolism ga a tlwaelega mo dipoding fa go bapiswa le mo dinkung, fela acidosis e a direga. Acidosis e bakwa ke phepô e e feteletseng ya carbohydrate mo lobakeng lwa fibre ya boleng jo bo siameng. Seno se ka diragala ka dinako tsa komelelô, phepô-kgobelo, boimana le ntshô-mašwi. Tseô e e fokoditsweng ya fibre le dipaka tsa tlala le tsona di ka isa kwa maêmông a a sa siamang a pH mo leleng la rumen la podi.

Botlhole mo Dipoding

©Dr Mackie Hobson
Bogolo jwa go tsenwa ke botlhole ga cardiac glycoside (setswaka se se botlhole se gantsi se fitlhelwang mo dimeleng) ke ka ntlha ya ‘krimpsiekte’. Dipodi tsa Angora di mo kotsing ya botlhole go feta dipodi tsa Boer. ‘Krimpsiekte’ e bakwa ke dimela tsa dihumapametsi tsa Cotyledon, tse ka tlwaelô di bitswang plakkies kgotsa nenta. Go tsenwa ke botlhole ga maruo a mannye gantsi go diragala kwa dikarolong tsa Karoo e e potlana le kwa dikarolong tsa borwa tsa Great Karoo. Matshwao a tshwaetsego gantsi a mo thulaganyo-tshikeng, fela diphologolo di ka bontsha gape matshwao a setlhabi sa mo mpeng.

Translated by Nchema Rapoo