Lippia Javanica Kgatlhanong le Ditshenekegi
© Alice Notten of Kirstenbosch
Setlhare se se monkgo sa letshoromo se se welang mo lolapeng lwa Verbena Lippia javanica - ke setlhatshana se se logong sa boleele jo bo ka nnang 1m goya go 2m, mme ke semela se se tumileng sa kalafi le sa tshingwama. Se mela ka tlhagô kwa Borweng, Bogareng le Botlhabeng jwa Afrika. Se bitswa gape lemonbush kgotsa ‘mosukudu’ (Setswana), ‘umsuzwane’ (ka SeZulu), ‘koorsbossie’ (SeAfrikaans) le ‘momara’ ka Sesotho.
Dipatlisiso tsa bonetetshi ka ga oli ya L. javanica di supa gore motseletsele wa yona wa tsa molemô o akaretsa tswantsho-kankere, twantsho ya bolwetse jwa sukiri, twantsho-malaria, antimicrobial le ditlamorago tsa antioxidant. Matlhare, dithupana le medi di diriswa ke baXhosa mo merianeng ya setso (ba ba e bitsang ‘inzinziniba’) jaaka molemô-kakaretso o o nowang kgotsa, jaaka titielo e e bogale, go alafa mogotlhwane le ditshwaetsego tsa kgokgotso.
Go tshasa tee e e bogale jaaka setlôdi, go ka fodisa diso le mengapô le go alafa dinta le melongô. E diriswa mo medirong ya go tlhatswa sefifi fa mongwe a kile a tshwara setopo, go dumelwa gape fa e fana ka tshireletso kgatlhanong le dikwena, tladi le dintša. Fa e tswakantswe le Artemisia afra (Lengana), lippia e thusa go alafa letshoromo le le bakilweng ke mofikela, malaria le mmoko, mme e ka thibela tshwaetsegô ya mafatlha.
Go hemiwa mosi gotswa mo go fisweng ga dikutu, mme dikutu di ka tswa di dira sentle kgatlhanong le asthma le megotlholo e e tsayang sebaka. Mosi gape o koba menang, matlhare a a tšhwatlilweng fa a tlhakanngwa le metsi a diriswa go koba dikgofa, mme dithupana fa di diriswa jaaka boalo mo dikagông tsa thuonong di koba matsêtsê le motlhwa. Matlhare a tshaswa mo letlalong, go dikaganyetsa dikgoro tsa mannô kgotsa a latlhelwa mo molelong go koba menang.
“Imbiza,” eleng motswako o o tumileng o o dirwang gotswa mo L. javanica le Knysna lily, e diriswa ke baZulu jaaka setiisa masole a mmele mme gape le mo kalafong ya kankere, bolwetse jwa sukiri, matshwao a HIV/AIDS le TB. E humile ka oli e e mowafalang ka bonako, ka monkgo o o kareng wa ratsuru, e koba ditshenekegi le borotwe. E jalelwa kgwebo ya tlhagiso-oli e e botlhokwa mo Afrika Borwa, kerese ya sekoba-monang e e dirisang oli e e botlhokwa e tlhagisitswe ke CSIR goya ka kitso ya setso. Matlhare a na le masobana a oli mo matlhakoreng mme a fana ka monkgo o o bogale fa a forogotlhwa.
Matlhare le malomo a obolwa gotswa mo semeleng mme se gamolwe ka mosi wa metsi a a mogote go ntsha oli e e botlhokwa. Nako dingwe go thata go fitlhelela tatso e e tsepameng jaaka tatso ya yona e farologana gotswa go ratsuru, cinnamon, eucalyptus le mint mo mofuteng o le mongwe. Mo tirisong ya mo dikobeng-menang, batlhagisi gantsi ba tlhoka go fetofetola tatso ka go tsenya lemongrass kgotsa dioli tse dingwe tse di botlhokwa go fitlhelela monkgo o o nepagatseng wa sekobi.
Setlhare sa letshoromo se mela bonolo gotswa mo dipeong le mesegông. Ke segolela-bonako, se rata seêmô se se letsatsi mme se itumelela mofuta mongwe le mongwe wa mmu, nako dingwe o thopa dikarolo tse di lemilweng. E a lengwa ebile e kutulwa kwa nageng kwa diporofenseng tsa Mpumalanga le Limpopo.
Boitatolô jwa tsa Phôlô
Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.
Translated by
Nchema Rapoo