Lerotho: Sesireletsi sa Dijo le Dijalo

© Ton Rulkens

Go Ja Lerotho

Go ralala Afrika, matlhogela a a boleta, matlhare (le nako dingwe dithunya) a jewa, a bediswa jaaka setšhuu, seshabo kgotsa sejo sa mo letlhakoreng. Matlhare ka nako dingwe a bonwa fa a le botlha mme a apewa ka mašwi, a tshelwa mo dijong tse dingwe kgotsa a kopanngwa le merogo e e matlhare e mengwe jaaka matlhare a cowpea, lethotho le lentsho kgotsa thepe. Kwa Zambia, groundnuts tse di sitsweng (kgotsa botoro ya matokomane) di a tshelwa go neelana ka tatso.
Matlhare gape a bediswa go se nene, a potokwe go dira dikgwele mme a omiswe ka letsatsi le go bolokwa sebaka se se fitlhang go dingwaga di le pedi, fela, seno se fokotsa boleng jwa dikotla go utlwala. Fa matlhare a a omisitsweng a tlhokiwa, metsi a tshelwa go a metsifatsa gape pele a ka apewa. Go bedisa matlhare go ka fokotsa vitamin C ka go fitlha go 81% mme vitamin A ka 95%.
Oli e e jegang e gamolwa ka go gatelela dithôtsê tsa lerotho. Oli e na gape le oli e e mowafalang bonolo, go tshwana le oli ya mustard. Oli enô e e botlhokwa e teng gape mo matlhareng mme e rwala maikarabelo a monkgo le tatso ya morogo. Masaledi a thôtsê a ka dirisetswa sefepi sa diphologolo. Dithôtsê tse di feletseng di fepa dikgogo le dinonyane tse dingwe. Dikgomo, dipitse le diphologolo tse di tlhaga di fula lerotho le le melang kwa nageng mme matlhare go ka fepiwa leruo ka ona jaaka phulô.
Kitso ya selegae e kaya fa lerotho le na le boleng jwa kalafo - motswako wa matlhare o ka alafa bolwetse jwa tlhaelô ya dikotla. Mo ditsong tse dingwe, go ja matlhare a lerotho go kaiwa fa go oketsa maatla le go tokafatsa pônô, mme go a pateletshega mo phepông ya basadi ba ba imileng.
Metsi a go bediseditsweng modi mo go ona a dirisetswa go alafa letshoromo, fa matute a modi a ka ritibatsa melongô ya phepheng. Matlhare a a tšwetlilweng a diriswa jaaka setlodi mo dirweng tse di botlhoko (ka ntlha ya sekorotane) le mo kgelesweng. Matute gotswa mo matlhareng a kaiwa fa a alafa go opiwa ke tsebe, malaria a a runtseng gape le mototwane.

Lerotho jaaka Sesireletsi sa Sejalo

Jaaka sesireletsi sa sejalo, go ne ga lemogwa fa go sena dikgofa tse di fitlhetsweng mo go nang le lerotho, fa kgamolo ya ethanol ya lerotho ele botlhole go disenyi tse di jaaka mmôtô wa diamondback (mmôtô wa khabetšhe) le khukhwane ya Bagrada.
Kgamolo ya matlhare a lerotho e koba di-aphid le di-thrip, fa jalô-mmogo ya lerotho le khabetšhe go itsagale fa e fokotsa go tlhaselwa ke mmôtô wa diamondback le thrip. Ka go tshwana, dinawa tsa French tse di jadilweng mmogo le lerotho ga di angwe go le gonnye ke di-thrip tsa sethunya. Lerotho le jalwa nako dingwe go fokotsa motlhwa wa segokgo se se hibidu mo mantlwaneng-jalô a dithunya tsa rose kwa Kenya.

Boitatolô jwa tsa Phôlô

Tshedimosetso ke ya thuto le go fana lesedi fela, mme e seke ya tseya jaaka kgakololô ya tsa phôlô. Maikaelelo a tshedimosetso ga se go nna mo maêmông a kgakololô ya tsa phôlô kgotsa mo kalafong e e neelwang ke ba tsa phôlô.

Translated by Nchema Rapoo