Kwa Formation ke Richtersveld National Park

Botshwananosi le Go Se Lebatshege

©Jacques Marais
Tikologo ya Richtersveld e botshwanosi le go se lebatshege. Bontle jwa yone jo bo moopa bo ka tswa bo sa tabogela go kgatlhisa jaaka ditebego tse di setswerere tsa bophirima jwa Kapa kgotsa Garden Route, fela bogosi jwa yona jo bo ka se fosweng bo gatisitswe mo kakanyông ya moeti mongwe le mongwe. Ka malebo, thulaganyo eno ya felo-tshedisano e e rategang e le boiphemelo, ga jaana e a somarelwa mo dikgaolong di le mmalwa tsa tshomarelo-tlhagô.
Maiteko a ntlha a go sireletsa semmuso sekaka sa dithaba se se ditiragalo le dimela tsa sona tse di sa tlwaelegang, a simolotse ka 1975, fa National Parks Board ya motsi oo e dumela go batlisisa tlhomô ya serapa sa bosetšhaba kwa karolong ya Richtersveld e e kwa bokone. Fela, seno e ne ele lefatshe la morafe le le ka se kakeng la rekwa, la fetisetswa go mongwe kgotsa la thopiwa. Go tsere dingwaga tse di ka nnang 20 tsa dipuisano le kgotla ya selegae pele go ka fitlhelelwa tumalano.

Kgôbêlêlô e Kgolo

©David Fleminger
Ka 1989, kontraka e ne e kwadilwe. Mme, fela fa serapa se ne se le gaufi le go begwa semmuso, setlhopha gotswa kwa ‘Komiting ya Morafe’ se ne sa tsenya boipelaetso kgatlhanong le tsamaiso yotlhe. Goya ka bona, kgotla e ne ‘ese kemedi ya botlhe mme e ne e na le bokgokgontshi’, mme gape morafe o ne o sa neelwa tshono ya go latlhela la motlapitsong.
Go bua nnete, dipeelo tsa kontraka ya ntlha di ne di kgôbêlêla batho ba selegae. Tumalano ya khiriso ya dingwaga di le 99 e ne e kaya fa diruiwa tsotlhe di tshwanetse go ka ntshwa mo serapeng, didiriswa (dimela kgotsa metsi) ga di a tshwanela go ka diriswa mme go ne go sena netefaletso ya ditiro go baagi ba selegae. Ka mantswe a mangwe, go tlhongwa ga serapa go ne go tlile go kgaphela thoko baagi ba selegae ka gotlhelele, mo lefatsheng le ba tshetseng mo go lona dingwaga di feta 2,000. Go ne go bonagala ekete Parks Board e ne e batla go somarela lefatshe kgatlhanong le batho ba selegae go na le gore ba le somarelele batho ba selegae.

Karolo e e Botlhokwa ya Thulaganyo ya Tshedisano-Tlhagô

©David Fleminger
Moletlo wa tshaenô o ne wa busetswa morago mme motseletsele wa dikopano o ne wa tshwarwa ke maphata otlhe a a amegileng. Ka motsi wa ditherisanô tseno, Parks Board e ne ya tlelwa ke temogô e ntšhwa ya gore baagi ba selegae ke karolwana e e botlhokwa ya letsholo lengwe le lengwe la tshomarelo-tlhagô, mo lobakeng lwa taolo ya tikologo, go nna beng ba lefelo le tota jaaka baeti. Mo godimo ga fao, mo lobakeng lwa Richtersveld, batho ba selegae ba tota ele karolo e e botlhokwa ya thulaganyo ya tshedisano-tlhagô, mme botshelo jwa bona jwa segologolo bo ne bo le mo kotsing fela jaaka dihupametsi tse di sewelo.
Kontraka e ntšhwa e ne kwa bofelong ya kwalwa ka dipeelo tse di nang le tekatekanô. Tumalano ya khiriso e ne ya fokotswa go nna dingwaga di le 30, ditshwanelo tsa phudiso tsa baagi ba selegae di ne tsa amogelwa (fela ka phokoletso ya leruo la maloko a le 6600), go fitlhelela didiriswa tsa tlhagô mo serapeng go ne ga letlelelwa, mme palo e e rileng ya ditiro e ne ya beelwa batho ba selegae.
Ka tumelano eno mo tirisong, komiti e e kopanetsweng ya bolaodi e ne ya tlhongwa go tsamaisa serapa, mme kontraka e ne ya bewa monwana ka Phukwi 1991. Seno e ne ele kontraka ya ntlha ya serapa sa bosetšhaba mo Afrika Borwa (lefatshe la beng-nosi, le laolwa ka tshwaragano ke Parks Board le baagi ba selegae). Morago, sekai seno se ne sa diriswa mo go thuseng go rarabolola tema e e mebitlwa ya go batla pusetso ya lefatshe kwa dirapeng tse dingwe tsa bosetšhaba, jaaka kgaolo e e dipuopuo ya Maluleke e e mo Kruger National Park.

Tlhagô e e sa Kgoreletswang

©David Fleminger
Richtersveld National Park (RNP) ya bogolo jwa 162 000 hectares e e satswang go tlhongwa e ne e tota ele makokoma. Ditsela di ne di seyo, mafelo a dikampa a ne a sare sepe mme bonaga bo ne bo rena. Go segatlhamêlamasisi se se neng se batla go kgaogana le tsotlhe, e ne e tota ele legodimo. Ka go tlhoka lesego, mo lefelong le le neng le kgaogane thata le lefatshe la sešweng, go ne go na le dingongorego tsa se gompieno gotswa mo baaging ba selegae. Tseno gantsi e ne ele mabapi le kwadiso e e kailweng ya badisa (ke malapa fela ale 28 a a neng a letleletswe mo serapeng fa se tlhongwa) le go thapiwa ga badiri go go itlhophileng.
Fela gompieno, dilo di tsepame thata. Baagi ba amogetse serapa mo dikgorong tsa bona. Mafelo a dikampa a na le ditlamelo tse di ntle tsa boithusetso. Ditsela di tokafetse thata (le fa 4x4 e santse e rotloetswa). Ebile go na gape le dikampa tsa mantlwana-boroko a logong le mekgoro. Seno se baka tsebetsebe go matsopa a maloba a a tlhwaafalelang bonaga jwa serapa jo bo sa kgwabofalang, fela baeti ba le ba ntsi ba tseiswa maanya ke kopanyô ya ga jaana ya tlhagô e e sa kgoreletsegang le dinametsego tsa batho.

Translated by Nchema Rapoo