Ya Richtersveld

Etene e e sa Solofelwang

©Shem Compion
Richtersveld e kwa bokone-bophirima jo bo kgakala jwa Afrika Borwa. Ka ntlha eo, e kgakala thata le sengwe le sengwe, e tlhaotswe ke Lewatle la Atlantic kwa bophirima, Sekaka sa Namib kwa bokone le lebala la tlhaga e e omeletseng la Kgalagadi kwa botlhaba. Eno ke kgaolo e e omeletseng, ke seka-sekaka, ka tshologo magareng ya dipula e e kwa tlase ga 220 mm. Dithaba tsa majwe di ralala mabala a a mogote. Dimela tsa di hupametsi tsa matlhare a makima di ingaparela ka mafika le go iphitlha mo meriting. Dithemphoritšhara tsa selemo di ka ya kwa bogodimong jo bo fetang 50 degrees mme masigo a mariga a nna a a gatsetseng thata. Motswedi wa metlha yotlhe wa metsi ke Noka ya Orange fela, e e elelang e sena sepe go ralala tikologo e e loleya. Mme, go tsotlhe tseno, Richtersveld ke nngwe ya dikaka tse di mefutafuta ya maranyane a ditshedi go gaisa mo lefatsheng.
E na gape le ngwao ya setso e telele e e botlhokwa, e e itshupang ka balemirui ba setso sa baNama, ba ba ntseng ba fudisa dipodi tsa bona fano dingwaga di feta 2000. Bonnete jwa tlhagô le setso jwa kgaolo ka jalo ga bo na tlhwatlhwa, mme e katswa ele ka ntlha ya go itlhaola ga lefelo la kgaolo go go netefaditseng seemo se se sa kgotlhelegang. Ka mantswe a mangwe, ga go bonolo go e fitlhelela mo ebileng bakolone ba ba farologaneng (ba gantsi ba kgotlhelang dilo mo nageng yotlhe) ba reteletsweng ke bona tsela e ba ka iterelang lotseno ka Richtersveld.

Karolo e e Ikgethileng ya Afrika

©Shem Compion
Ka jalo, tseno tsotlhe di kaya eng go mongwe yo o batlang go itemogela Richtersveld gompieno? Fa go tliwa mo tlhabologong ya batho, go na le mebila ele mmalwa le batho ba le mmalwa thata. Ke ditorotswana di ka tlala seatla fela tse di neelanang ka ditlamelô tsa loago kgotsa bojanala. Madirelo a kgwebo a kwa tlase. Go na le temothuo ya kgwebisano e nnye mo dintshing tsa Noka ya Orange, fela madirelo a magolo mo kgaolong ke moepo wa taemane (o o bonagalang o laolwa ke dikema tse di maatla tse di dirang ka fa tlase ga lesira la khupamarama). Fela o se ntetle go inanatha ka tema eno. Richtersveld e a fitlhelega mme ga go thata go rulaganya loeo goya kwa karolong e e ikgethileng eno ya Afrika.
Fela, pele re tswelela pele, ke tshwanetse go kaya gore Richtersveld e ka se tlhaloganngwe kwa ntle ga borêô. Kgaolo eno e tshwana le eiye; ke motseletsele wa ditshekeletsa tse di kitlaneng ka ditshidi tsa dimela tse di farologaneng, dikgaolo tsa sepolotiki le ditlhopha tsa setso, mme tsotlhe tseno di a tshedisana. Se se botlhokwa thata, Richtersveld ke karolo ya kgaolo-kgolo ya Namaqualand, mme e nngwe e ka se sekasekwe ka poelo ntle le e nngwe.

Namaqualand

©David Fleminger
Fela jaaka Richtersveld, Namaqualand ke kgaolo e e omeletseng e e kgakajana. Metswedi mengwe e bua fa bontsi jwa baagi ba teng ele motho ale esi go square kilometre sengwe le sengwe, mme tsela ya ntlha ya sekontiri mo kgaolong e ne ya agwa ka bo-1960. Ka tshwanno, ditoropo ke tse potlana mme di atologile, di kgaogantswe ka lefatshe le le golo le le ka se dulweng bonolo. Fela, jaaka Richtersveld, ke lefelo le le kgatlhisang go ka etelwa mme le fitlhelega bonolo go baeti.
Go batho ba le ba ntsi, kgolaganô ya ntlha le Namaqualand ke malomo a ‘mooka’. Seno ke tshobokanyo ya matshetshe a ngwaga le ngwaga a malomo a naga fa di-million tsa dimela di thunya sebakanyana sa dibeke di le mmalwa ka dikgakologo dingwe le dingwe. Dipontsho tseno tsa ngwaga le ngwaga di tshwanetse go bonwa, mme kgaolo e gantsi eleng boroko ya Namaqualand e tlhanasela ka bajanala ka setlha sa malomo. Ka maswabi, malomo ga a sale morago nankolô ya dinakô, mme go etela lefelo le le siameng ka nako e e siameng go tlhôka botsipa.

Nako e e Siameng go ka Eta

Richtersveld ke sekaka ka jalo melao ya tlwaelo e tsenngwa tirisong. Dikgwedi tsa selemo (bogare jwa Diphalane goya kwa bogareng jwa Tlhakole) di mogote le go oma thata, mme dithemphoritšhara di ya setlhoeng se se gaufi le 50 degrees. Dikgwedi tsa mariga (Motsheganong-Phukwi) di ka nna tsididi le bongola, segolo thata mo maitseboweng le go sale gale mo mesong. Ka jalo, ditlha tse di mo magareng ke tse di go siametseng.
Ka keletso, leka go etela Richtersveld ka setlha sa malomo kwa tshimologong ya dikgakologo (bofelong jwa Phukwi goya bogareng jwa Lwetse). Dithemphoritšhara di a namatsa mme seemo sa bosa gantsi se siame. Go feta fao, eno ke paka ya ngwaga e mo go yona dimela di thunyang, di apesa tikologo ka mmala jaaka mopento wa ga Jackson Pollock.
Fela lemoga, gore ga go na netefaletso. Sekai, fa ke ne ke le kwa Eksteenfontein, pula e ne ya tshologa ka go sa kgaotse diura di le 24 mme phefo e e tsedidi e ne e foka gotswa lobopong. Re ne ebile ra tshwanela ke go bula phatlha kwa ntlong ya baeng go amogela setlhotshwana sa borradithuthu ba ba neng ba netswe ke pula mme ba pateletshega ke go batla maiphitlho gotswa mo seemong se se bosula sa bosa.

Translated by Nchema Rapoo