Kwa Richtersveld ke Community Conservancy

Kakanyô ya Pampiri

©Shem Compion
Kgaolo e nngwe e kgolo ya tshomarelo-tlhagô kwa Richtersveld ke Richtersveld Community Conservancy (RCC). Sekema seno se simolotse jaaka pampiri-kakanyô ka 1998 mme sa tswelapele ka kgolô go bapisana le tsamaiso ya go senka seêmô sa Ngwaô-Boswa ya Lefatshe. E ne e tshegetswa ke dikema tse di farologaneng tsa ngwaô-boswa gotswa mo gae le boditšhabatšhaba (jaaka NORAD – Norwegian Agency for Development Cooperation, Lefapha la Botaki le Setso la kwa Kapa Bokone le bagakolodi ba tsa tikologo ba Eco-Africa).
Ka ditlhatlhelelo le ditherisanô tse di tseneletseng, kakanyô ya bosomaredi e ne ya tia jaaka karolo ya tsamaiso e e atologileng ya Integrated Development Planning mo kgaolong. Baagi ka jalo ba ne ba tshegetsa kakanyô ya go tlhama kgaolo ya ngwaô-boswa kwa ditlabekelong tsa tlhagô le setso di tlileng go sireletswa teng ka fa tlase ga molawana wa tlhabololô e e tsweletseng. Maano a bolaodi a a farologaneng a ne a tlhangwa mme, ka 2004, komiti ya bolaodi e ne ya tlhophiwa e na le mookamedi wa leruri wa bosomaredi mmogo le motsamaisi. Dikantoro-kgolo tsa RCC di kwa Eksteenfontein.

Lefelo le le Kgatlhisang

©David Fleminger
Ka 2005, Lefapha la Merero ya Tikologo le Bojanala (DEAT) le ntshitse R6 million go thusa basomaredi go tlhabolola ditlamelô le marobalo. Puso ya porofense ya Kapa Bokone le yona e simolotse dipuisano tsa go neela basomaredi serapa se se mabapi (mme se se sa tlhabololwang gotlhele) sa Helskloof.
Gompieno, Richtersveld Community Conservancy (RCC) ke lefelo le le kgatlhisang. Ke serapa sa dithutô tsa ditshedi se se tsepamisitsweng mo go somareleng tshedisanô ya mefutafuta ya diphologolo le dimela, mme go na le maanô go tlhoma seteišane sa dipatlisiso tsa maranyane. Fela gape ke serapa sa setso, mo ditso tsa bogologolo tsa batho di sireleditswang teng le go rotloeletswa go tsweletswa ka nonofo ya maloba.

Tšhaka ya Matlhabô-pedi

©David Fleminger
Ka maswabi, bojanala ke tšhaka ya matlhabô-pedi. Thulaganyo ya felo-tshedisano kwa Richtersveld Community Conservancy le kwa Richtersveld National Park e senyega bonolo. E setse ele mo kotsing ka ntlha ya phulô e e tseneletseng le mabaka a tsa tikologo a mangwe, mme bojanala jo bo sa laolweng bo ka etegetsa maêmô. Kgang ke gore, bajanala (ka tlholego ya bona) ke disenyi. Dinao tsa bona di gataka dimela tse di bokoa, dijanaga tsa bona (fa di kgweetswa ka go tlhoka maikarabelo) di ka gobatsa tikologo, mme go nna teng fela ga bona mo motseng go ka bôdisa mekgwa ya setso e e ba ngôketseng teng kwa tshimologong.
Ka jalo, matsholô otlhe a mantšhwa a bojanala kwa Richtersveld a rulaganngwa ka kelotlhoko mme a bewa leitlho gore kgomo ya sedira-madi sa bojanala ese bolaye sehudi sa gauta sa kamanô ya ditshedi. Ka mantswe a mangwe, bannaleseabe botlhe mo kgaolong ba dira mmogo go netefatsa fa maanô a bojanala le tlhabololô a tsenngwa tirisong ka mokgwa o o maikarabelo o o nang le tswelelopele. Mme, morago ga go buisana le bangwe ba batho ba ba nang le seabe mo letsholong leno, ke na le bonnete jwa gore ba tlile go atlega mo maitlhomong a a mosola a bona.

Translated by Nchema Rapoo