Komiso Ya Maungo Le Merogo

©At Source

Bontsi jwa maungo a Afrika Borwa, jaaka diterebe, diapolekosi, diperekisi, diapole, dipiere, mango le dipanana a omiswa. Komiso e ntsha bometsi, jo bo rotloetsang mouta, tlhabego le kgolo ya bacteria, mme ka jalo e oketsa tshelo-poloko ya maungo. Gape e fokotsa bokete le bogolo jwa maungo, go a dira tlhwatlhwa-tlase le bonolo go ka thothwa. 

Mefuta e e Matshwanedi

Leungo lengwe le lengwe le morogo mongwe le mongwe ka setegeniki e ka omiswa, fela mefuta mengwe e tshwanetse go ka omiswa gona le e mengwe. Jaaka go kailwe ke Anton Erwee, motlhankedi-mogolo wa tsa tsamaiso wa At Source Handmade Foods, mofuta o o sa siamang o tlile go isa kwa setlhagisweng sa bofelo sa mmele o monnye kgotsa leungokobolwa le le potlana. 

Maungo le merogo tse di lepileng mmaraka wa komiso, fela jaaka mofuta mongwe le mongwe, e lebagana le ditlhatlhobo tse di tseneletseng pele e ka rebolelwa kgwebo-tlhagiso. Mefuta ga e a tshwanela fela go ka siamela komiso le go tshola mmala wa yona morago ga komiso, fela e tshwanelwa ke go tlhagisa thobo e e lekaneng ka nako e e tshwanetseng ya ngwaga ka bodiredi jo bo botlana le ditsenyo tse dingwe. 

Leungo Le Le Boleta Kgotsa Le Le Tiileng

©At Source

Leungo le ka lokelwa metsi gale morago ga go omiswa kgotsa la rekiswa ntle le go tsenngwa dipheko-tlaleletso. Maungo a a loketsweng metsi gape a boleta le go jega bonolo go feta maungo a a sa tsenngwang dikhemikhale, fela a na le tshelo-poloko e khutswanyane. Maungo a a jaaka meretlwa a ka tshelwa ka motswako wa sukiri, o o jaaka matute a terebe, pele a omiswa go a thibela gore a se tie mo ebileng a ka se jege. 

Mefuta Ya Komiso

©At Source

Bontsi jwa maungo a a omisitsweng a Afrika Borwa a omiswa ka mo makiding mo letsatsing gangwe fela morago ga go kgetlwa, ka ntlha ya bonolo jwa tlhagiso le tlhwatlhwa-tshenyegelo e e kwa tlase e e amanang le tlhagiso. Ka ge maemô a bosa a a sa siamang a ka baka kgolo ya mouta le tatlhegelo-mmala ya maungo, bontsi jwa maungo bo omisetswa kwa dikarolong tsa tshologo-pula ya mariga kwa dikgaolong tse di jaaka Boland, Ceres Valley le Klein Karoo kwa Kapa Bophirima le go ikala le Kgophu ya Noka ya Orange kwa Kapa Bokone. 

Poelo-morago e kgolo go gaisa ka komiso ya letsatsi ke gore batlhagisi ba na le taolô e e potlana ka maemô a bosa, mme ka jalo, le ka tsamaiso ya komiso. Go tlhagisa leungo la boleng jo bo botoka, palo e potlana ya batlhagisi ba ile kwa tirisong ya megôgôrô ya komiso go fokotsa bokotsi jwa bosa le go netefatsa leungo le le omisitsweng la boleng jo bo kwa godimo. Motlakase o tlhwatlhwa-godimo, ka jalo balemi ba dirisa metswedi ya tlhagô, e e jaaka biomass kgotsa maatlatsatsi, go neela tsamaiso ya komiso maatla. 

Ka Sulphur Dioxide

Anton are bontsi jwa maungo a a omisitsweng a tlhatswiwa ka sulphur dioxide pele ga legato la komiso, go thuga matha a sele ya leungo le go tlhofofatsa tsamaiso ya komiso. Sulphur dioxide gape e thusa go thibela ditsamaiso tsa leungo tse di senang motlhodi tse di le dirang gore le nne le mmala o o borokwa. Seno se thusa leungo gore ke tshole mmala wa lona, mme se dira jaaka sesomaredi sa botshedinnyennye se se thusang go netefatsa fa leungo le boloketshegile go ka jewa le fa le tlogetswe kwa ntle sebaka sa malatsi ale mmalwa gore le ome. 

Maungo a a nang le bontsho, a a jaaka mehawa, moretlwa o o omisitsweng, prune le dates gantsi ga a tlhatswe ka sulphur dioxide. 

Dithekiso

Maungo a a omisitsweng a Afrika Borwa a na le letlhoko le le golo fa gae le boditšhabatšhaba. 

Tiriso

Maungo a a omisitsweng a ka itumelelwa jaaka dijo-iketlo kgotsa a diriswa mo kapeong le jaaka dessert. Maungo a a omisitsweng a na le fibre le di-antioxidant tse di kwa godimo, mme a neelana ka boitekanelo jo bo kwa godimo. Lenathwana le le esi la leungo le le omisitsweng go begwa fa le na le boleng-kotla jo bo tshwanang le jwa leungo le le foreshe. Fela go na le botlhaodi, ka ge dikotla dingwe tse di jaaka vitamin C, di ka latlhega mo tsamaisong ya komiso. 

Translated by Nchema Rapoo