Transpiration ke fa sejalo se latlhegelwa ke metsi ka tsela ya mowametsi. Mo tsamaisong, metsi gotswa mo ditogweng tsa sejalo a latlhega mo lefaufaung. Seno se baka kgatelelô ya sammamorago mme se rotloetsa tsêô ya metsi gotswa mo mmung ka medi ya sejalo.
Transpiration ke maatla-kgweetso a a fa morago ga tsamao ya metsi ka mo gare ga sejalo. Jaaka metsi a mowafala gotswa mo matlhareng, metsi a gogwa gotswa mo mmung, go tsamaisa dikotla tse di tlhaolositsweng go tsenelela ka sejalo le go tsena mo diseleng tsa sejalo go itirelanjo. Itirelonjo ke tsamaiso e mo go yona dijalo di dirisang maatla a letsatsi, metsi le digase tse di jaaka carbon dioxide go tlhagisa motswedi o eleng wa tsona wa maatla, glucose. Mo tsamaisong e, oxygen e a tlhagisiwa.
Sabobedi, transpiration e tlhokelwa go rurufatsa sejalo, jaaka go fufulelwa ga batho mo malatsing a a bothitho.
Kwa bofelong, transpiration e tlhokelwa go tshola kgatelelô ya metsi sentle ka mo gare ga disele tsa sejalo. Kgatelelô eno ya metsi e bitswa kgatelelô ya turgor. E thusa go tshola disele di gagametse gore sejalo se tshegetsege.
Metsi le dikotla di tsewa ke medi le go tsamaisiwa mo sejalong. Mo mafelong a a mo magareng ga disele tsa sejalo, metsi a fetoga gotswa go boeleding goya go gase go bopa mowametsi. Mowametsi ono o tswa mo sejalong ka tiriso ya stomata, eleng diphatlhana tse di leng mo letlhareng la sejalo - jaaka masobana a mofufutso mo letlalong la motho. Bogolo jwa stomata bo laola tatlhegelô-bometsi ya sejalo.
Ke bontlhanyana fela jwa metsi a a tsewang ke medi jo bo diriswang ka mo gare ga sejalo. A a setseng a latlhega ka mokgwa wa transpiration.
Transpiration e ikaega ka themphoritšhara, phefo le pharologanyo-magareng ya kgatelelô ya mowametsi e e ka mo gare ga sejalo le e e kwa ntle ga sejalo.
Mabaka a a latelang ano le ona a ama seêlô sa transpiration:
Bosa. Mabaka a tsa bosa a a jaaka themphoritšhara ya mowa, bongôla jwa mowa le phefo. Sekai, mo maêmông a omileng a a diphefo, transpiration e tlile go nna lobelo go feta mo malatsing a a rurufetseng a a bometsi.
Mmu. Mabaka a a jaaka bometsi jwa mmu: Fa bometsi jwa mmu bo ya tlase, thebolelo ya metsi goya meding ya sejalo e nna bonya. Mo mmung wa mmopa, diphatlhana magareng ga dikarolwana tsa motlhaba, le mebu e e letswai, e e nang le letswai le le kwa godimo, seêlô sa transpiration se bonya.
Sejalo. Seêlô sa transpiration gape se rotloetswa ke mofuta wa sejalo le legato la kgolô ya sejalo. Dijalo tsa xerophytic, tse di kgonang go itshokela komelelô, di fokotsa seêlô sa transpiration, ka go bula stomata bosigo fela. Gantsi, dijalo tseno di na le moritshana mo matlhareng a tsona go fokotsa ditlamorago tsa letsatsi le phefo.
Dijalo dingwe ebile di ka tswala stomata ka fa tlase ga maêmô a a masisi a kgatelelô ya metsi.
Malwetse a dijalo. Malwetse a go bola ga modi a fokotsa bokgoni jwa medi go ka monyela metsi mme ka jalo a fokotse seêlô sa transpiration.
Tshireletso. Dijalo tse di ka mo tlase ga dikhurumetsi tsa letloa di latlha metsi ka bobotlana. Seno ke ka ntlha ya tshireletso e e botoka kgatlhanong le phefo le letsatsi ga mmogo le bongôla jo bo kwa godimo ka fa tlase ga matloa.
Seêlô sa transpiration sa dijalo se ka metwa ka go dirisa mekgwa e e farologaneng:
Mokgwa wa tlwaelô ke go meta dipharologano mo bometsing jwa mmu kwa meding ya sejalo ka go dirisa didiriswa tse di jaaka tensiometers, resistance blocks le neutron probes. Seêlô sa transpiration se ka metwa gape ka go gatisa motlhala wa diphetogo tsa bokete ka lysimeters mme boalô jwa mmu bo khurumeditswe ka kobelo go tlosa mowafalo ya mo mmung.
Ditsela tse di tokafaditsweng tsa go meta seêlô sa transpiration di akaretsa probes tse di beilweng ka leruri mo mmung ka digokaganyi, ka radio kgotsa cellphone, goya go di-computer ga mmogo le meto ya infra-red le ditshwantsho tsa satellite.
Go meta transpiration mo dijalong tsa ditlhare, jaaka maungo, ke go meta go elela ga matute mo kutung ka go elatlhoko dipharologano mo bomolagareng jwa kutu kgotsa ka go beya didiriswa tsa meto-potlana ka mo gare ga kutu kgotsa mo godimo ga yona.
Translated by Nchema Rapoo