Ka Moo o ka Tokafatsang Phopholego ya Mmu
© Colette Kessler (USDA, NRCS South Dakota)
Phopholego ya mmu e laolwa ke kopanyo ya motlhaba, seretse le dikarolwana tsa mmopa.
Mebu ya motlhaba e na le dikarolwana tse kgolo, e na le phopholego e magwata mme e boloka metsi le dikotla tse di nnye. Mo letlhakoreng le lengwe la tekanyo ke mmmu wa mmopa le dikarolwana tse nnye tsa mmopa. Mmu wa mmopa gantsi o boima, o matleputlepu le go nna thata go o lema, fela o ka o nnoneng ka phepo. Kwa gare ga mmu wa setlhaba le mmopa ke dikopantsho tsa mmu wa motlhaba-serokwa-mmopa, o tshwanelang thata ntshokuno ya dijalo.
Go atlenegisitswe go tlhopa dijalo tse di maleba go ya ka mofuta wa mmu wa gago. Sekao, ditlhare, dirosa, sepeneše, dipete, dieie le mabele di ka atlega mo mmung wa mmopa fa dijalo tse di jaaka diborotlolo, diradishe, ditapole, ditamati le mmidi di rata mmu a bofefo o wa motlhabana.
Balemirui ba mmalwa thata ba na le mofuta wa mmu o o maleba. Bontsi ba balemirui ba kgaratlhana le mebu e e bokoa e e omileng le go tlhoka monono ya motlhaba kgotsa o o matleputlepu le mmu o o boima wa mmopa. Ka lesego, go na le ditsela tsa go tokafatsa phopholego ya mmu le sebopego, gantsi ka go tsenya dibolang ka tsela ya mmutedi le go khupetsa dijalo.
Go ka Tokafatsa Jang Mebu ya Motlhaba
Go tokafatsa mmu wa motlhaba, mmu o tshwanetse go kgona go tshwara dikotla tse dintsi. Balemirui ba bangwe ba dirisa lerole la malatlha kgotsa ‘biochar’. Setswaki se se monola dikotla mme sa di golola ka go nanya mo mmung. E kopantswe le mmutele wa diphologolo o foreše le wa monola mme wa tlogelwa dibeke tse 2-3. ‘Biochar’ gape e ka kopanywa le monontsha wa seela le ona o tshwanetse go tlogelwa dibeke tše 2-3. Balemirui ba bangwe ba oketsa metswako ya dimaekropo tsa mmu kgotsa lerole la letlapa (fa go tlhokega) go lerole la malatlha pele o direla mo mmung.
Ka go dirisa mmutele wa dimela mo mmung wa motlhaba e ka nna kabo ya dikotla ka tsela ya go golola ka go nanya. Dirisa bontsi bo bo nnye gantsi, e seng sa go feta ka nako. Go atlenegisitswe go epa mmutele boteng mo mmung wa motlhaba go se o tlogele mo bokagodimong ba mmu. Le fa go ntse jalo, ka go dirisa khupetso mo bokagodimong ba mmu go ka thibela moyafalo wa metsi le go fokotsa kgogolego e e tlholwang ke phefo.
Thibela go fudiša go feta ka mebung ya motlhlaba. Bogolo o kgaole furu mme wa e fepa tse di fepiwang.
Ka Moo o ka Ka Tokafatsang Mebu ya Mmopa
©Jason Miller (USDA National Resources Conservation Service)
Mebu ya mmopa gantsi e humile ka dikotla, fela fa pH ya mmu e le kwa godimo that kgotsa e le kwa fatshe, dikotla di ka nna di se mo boemong ba go jewa ke medi ya dijalo go moniwa. Go ya ka ya dijalo tsa gago, fa pH e le kwa fatshe ga 6 - e esiti go feta - baakanya le tšipsamo kgotsa kalaka ya temothuo. pH ya mmu e e kwa godimo ga 7.5 e ka fokotswa ka sebabole sa mmu.
Go tokafatsa go eledisa metsi go tswa mebung ya mmopa, baakanyetsa malao a jalo a tlhatlositsweng.
Akaretsa dibolang tse di jaaka molatsa wa dijalo, matlakala, bojang bo bo pomilweng le mmutedi o bodileng. Se ga se tlo tlaleletsa dikotla fela mo mmung wa mmopa, fela gape se tla thusa go fedisa sebopego sa kitlano ya mmu se bokete. Go jala dijalo tse di sireletsang mmu go ka thusa gape go tokafatsa popego ya mebu ya mmopa.
Mmutedi wa Diphologolo le Phopholego ya Mmu
©Ron Nichols (USDA National Resources Conservation Service)
Dibokwana di thusa ka popego ya mmu ka go tlhokanya dibolang le dikarolwana tsa mmu. Gape di ja dikarolwana tsa mmu, tsa di bofelela kwa dipheding tsa dikarolwana tse di tlhamaketseng mme di a ntsha jaaka dilatlhwa tsa dibokwana. ‘Mmutedi o wa Dibokwana’ gape o bidiwa vermicast.
Mmutedi wa diphologolo o o bodileng sentle go tswa kwa dipereng, dikgomo le diruiwa tsa maphuka gongwe ke tokafatso e e tlwaelegileng ya phopholego ya mmu le boleng. Fa go kgonega, tlhopa dimmutedi tsa dijalo tse di rileng.
Mmutedi wa pere o humile ka dikotla mme ke wa maleba mo merogong e e golang ka lebelo, jaaka broccoli, kholifolawa le letšhisi.
Mmutedi wa kgomo o kwa godimo ka naetrojene mme o dirisiwa ka ntlha ya tse tala tsa matlakala tse di tlhokang naetrojene e ntsi jaaka sepenetšhe le letšhisi.
Mmutedi wa diruiwa tsa maphuka o matla mme o godimo ka naetrojene. Ke wa maleba ka go tswaka mo mmung wa motlhaba go tokafatsa poloko ya bongola wa tse tala tsa matlakala.
Translated by Lawrence Ndou