Haru Oms kwa Richtersveld

Matlo a a Dirisegang

©Shem Compion
Ntlo ya ka gale ya baKhoiKhoi e ne ele mekgoro ya sebopego sa dome e e bitswang |haru oms. Yona e ne e dirwa ka go aga kagotheo e e tshekeletsa ya dikala tse di tala tse di tlhometsweng mo mmung, di kobiwe le go bofelelwa mmogo ka megala e mesesane ya letlalo. Seno morago se ne se apeswa ka meseme e e dirilweng ka seatla, ya lotlhaka lo lo logilweng. E ne ele tiro ya monna go dira kagotheo, fa basadi ba ne ba dira meseme.
|haru oms di ne di dirisega bonolo. Didiriswa tse di mo mokgweng wa tlholegô tsa kagô di ne di bonwa ntle le tuelo go ralala kgaolo. Ka selemo, meseme ya lotlhaka e ne e letla mowa go ka tsamaya, mme e fana ka moriti gotswa go letsatsi le le mogote. Ka mariga, matlalo kgotsa meseme ya tlaleletso e ne e bewa mo godimo ga kagô go tshola mekgoro ele bothitho. Mo godimo ga fao, fa pula e na, matlhaka a ne a kukumologa go tshola metsi ale kwa ntle ga mokgoro, mme sebopego se se kgolokwe sa mekgoro se ne se neelana ka tshireletso kgatlhanong le diphefo tse di maatla. Ka gotlhegotlhe, e ne ele sekai se se sewelo sa popego e e kgatlhanang le tiro.

E Siametse Tikologo

©Shem Compion
|Haru oms gape di ne di rwalega. Ka jalo, fa e ne ele nako ya go tloga, meseme e ne e menwa ka bonolo le go rwalelwa kwa lefelo-boyong le le latelang. Dikagotheo gantsi di ne di tlogelwa kwa morago gore di dirisiwe mo setlheng se se latelang. Fela, gase maloko otlhe a lolapa a a neng a kgona go tsaya karolo mo dikhudugong tsa ngwaga le ngwaga. Bana le bagodi gantsi ba ne ba dula mo metseng ya leruri, e e ka akaretsang go feta batho ba le 100.
Mafelo-bodulo ano le ona ane a dirisa |haru oms jaaka matlo, le fa mekgoro e ne esa tlhatlhamololwe ntle fela le fa ba ne ba gakegile. Mo bonneteng, |haru oms e ne e siametse tikologo mo ebileng e neng ya diriswa gape ke bathibeledi ba basweu ba ba hudugetseng mo kgaolong, mme ya sala ele mokgwa o o tlwaelegileng thata wa ntlo kwa Namaqualand go fitlha go tsenelela mo dingwageng tsa bo-1900.
Gompieno, Richtersveld ke lona fela lefelo mo lefatsheng le o santseng o ka fitlhela |haru oms mo go lona. E diriswa ke barui ba batlhotlhomi ba ba dulang mo Richtersveld Community Conservancy, ebile o ka bona ele mmalwa mo mafelong-bodulo a sešweng, e itlhomile ka go itlhaola mo setsheng fa thoko ga matlo a setena. Ka kamogelo, dikai tseno tsa sešweng di ka tlaleletswa ka didiro tsa segompieno, tse di jaaka moalô wa polasetiki, fela e santse ele bopaki jwa setso se se tsweletseng sa botshwantshômatlo se se atologelang morago dingwaga di le makgolo tse di fetileng.

Bokotsi jwa Go Lebalwa

Fela ka maswabi, botaki jwa go aga |haru oms bo mo kotsing ya go ka lebalwa mme ke fela batho ba baNama ba le mmalwa ba ba tshelang kwa Richtersveld ba ba santseng ba tshotse bokgoni jo bo tlhokegang. Fela seno ke mokgwa wa kitso ya selegae e e tshwanetseng ke go somarelwa, mme go na le maiteko a a tsweletseng a go fetisetsa kitso eno go tshika e ntšhwa. Ka sekai, mo nakong e e sa tswang go feta, setlhopha sa baNama gotswa Richtersveld se tsamaile go kgabaganya molelwane goya kwa morafeng wa //Gamaseb kwa Namibia go rutasešwa bomorwarrabona ka ga go aga mekgoro eno ya setso ya lotlhoka. Bašwa ba kwa Richtersveld le bona ba ntse ba rotloetswa gore ba ithute ka botaki jono, mme go solofelwa fa tsogo ya bojanala le go neelwa maêmô a lefelo la Ngwao ya Lefatshe (bontlhabongwe ka ntata ya haru oms) di tlile go neela lenaane leno mafolofolo a tlaleletso.

Translated by Nchema Rapoo