Dipharologano Magareng Ga Bushmen le Khoikhoi
Thulano ya Ngwao
Le fa baKhoiKhoi le Bushmen ba tsalana, ka bomadi le ka diteme, go tshwanetse ga bo go na le thulano ya ngwao fa ditlhopha ka bobedi di ne di kgatlhana lantlha. BaKhoikhoi, ka fa karolong ya bona, ba ne ba tsholela metlhape ya bona kwa godimo, ba e kaya jaaka sesupo sa maemo le khumo. Diphologolo di ne di kaiwa fa ele dithoto tse eleng tsa gago, ka jalo malapa a a nang le diphologolo di le di ntsi a ne a kaiwa fa ele ‘bahumi’, fa ao a nang le di le mmalwa gantsi a ne a tsaya maemo a botlhanka go merafe e e maatla go feta. Seno e ne ele pharologano e kgolo gotswa go thulaganyo ya tshelo-bosemorafe ya ditlhopha tsa Bushmen, tse BaKhoikhoi ba di kayang fa ele boesengmang.
Le leina ‘Khoikhoi’ (le le rayang gore ‘banna ba banna’) le ne le dira go ba farologanya gotswa go Bushmen ba maêmô tlase, ba ba neng ba ba bitsa ‘Sonqua’ kgotsa ‘San’ (e e rayang gore ‘banna ba ba senang sepe’). Ka ntlha ya lobaka lono, bontsi jwa Bushmen ba gompieno ba ganana le lereo la ‘San’ ka ge ba le bona fa ele tlhapa.
Matshelo a a Farologaneng
Ka jalo, baKhoikhoi le Bushmen ba tshetse matshelo a a farologaneng, goya ka mekgwa-thulaganyo ya ekonomi e e farologaneng. Mme ka ntlha eo, dikgotlhang ka ga metsi, didiriswa le kgaolo ya lefatshe di ne di ka se efogwe.
Gape, baKhoiKhoi ba ne ba santse ba dira jaaka batsomi mme kgaisano go bona diphologolo tsa naga e tshwanetse ya bo ene ele masisi. Fela mo mabakeng ka bontsi, ditlhopha ka bobedi di lebega di ne di kgona go bona tsela ya go tshedisana, mme ba tshetse-mmogo jaaka ditlhopa tsa dingwao tse di itshupileng mo dingwageng di le 1500 - go fitlha baYuropa ba goroga le go kgotlhakgotlha metsi.
Ebile go na gape le mabaka a mo go ona Bushmen ba diretseng malapa a baKhoikhoi, ba disa metlhape ya bona, ba ba tlamela ka mamepe kgotsa ba neelana ka bokgoni jwa go nesa pula, mme ba duelwa ka dijo.
Fela kwa Richtersveld, Bushmen go bonagala ba nyeletse morago fela ga kgorogo ya baKhoikhoi (ntle fela le merafe ele mmalwa ya Strandloper e e tsweletseng go dula go ikala le lobopo). Seno e katswa ele ka ntlha ya khudugo kgotsa kopano le BaNamaqua. Se se salang, ga se kgaolo e e ka tshegetsang setšhaba se se golo.
Badisa le Batsomi
Richard Elphick, rrahistori wa sešweng, ka fa go le lengwe, o na le kakanyo ya gore kgaogano magareng ga badisa le batsumi e ne esa tia, mme e ikaegile ka lesego fela jaaka e ikaegile ka ekonomi.
Go Elphick, baKhoiKhoi le Bushmen sentle sentle e ne ele batho ba le bangwe. Ka jalo, morafe wa Khoikhoi o ne o ka latlhegelwa ke metlhape ya ona bonolo ka ntlha ya komelelô, bogodu kgotsa bolwetse, mme seno se dire gore ba boele kwa ekonoming ya botsomi-bokokoanyi ya Bushmen.
Ka ge seno se ne se kaiwa jaaka tsela ya botshelo ya boesengmang, morafe o o maitlhomo wa Khoikhoi o ne o tla leka go bopa sešwa metlhape ya ona ka tiriso ya bogodu, kgwebisano kgotsa bodiredi.
Seno se ne sa dira mokgwa wa bodikoloso wa phudiso vs tsomo. Fela, goya ka bopaki jwa archaeology, go bonala fa go ne go na le ditlhopha di le pedi tse di itshupileng mo setšhabeng sa Khoi-San.
Fela mokgwa wa ga Elphick o santse ole mosola fa o diragatswa mo pakeng ya bokoloniale, fa baYuropa ba ne ba tsenya kgatelelô mo matshelong a setso a batho ba selegae kwa Kapa.
Botshelo jwa Botlhotlhomi
Boepi jwa archaeology le bona bo supile kamanô magareng ga metlhape ya fa gae le ditsa-letsopa. Seno ke ka ntlha ya gore balemirui ba tlhoka go boloka dijo tsa tlaleletso, fa batsomi gantsi ba dirisa dilo ka gangwe. Go nna teng ga ditsa-letsopa go kaya gape gore baKhoiKhoi ba ne ba sa tsamaye thata go tshwana le Bushmen ba batlhotlhomi. Seno se fa tlhogo ka ge metlhape ya bona e ne e ba tlamela ka bosireletsa-dijo, ka jalo ba ne ba sa patelesege go tsamaya-tsamaya mme ba ne ba kgona go tsweletsa-pele matshwititshwiti a morafe. Le fa gole jalo, baKhoiKhoi ba ne ba tsweletse go diragatsa botshelo jwa batlhotlhomi, ba huduga goya ka ditlha go batlana le lefatshe le le siametseng phulô.
Morafe mongwe le mongwe, ka jalo, o ne o laola lefatshe le le tshwaileng mo go sa bonaleng sentle mme maloko a morafe ane a tsamaya go kgabaganya mafatshe ka phêthêne ya gole gale ya setlha ka setlha ya khuduso ya diphologolo go batlana le mafulo. Seno se isitse kwa tlhamong ya matjieshuise kgotsa |haru oms e e kgonang go rwalwa mme e ka tlhongwa kwa merakeng e e farologaneng le didiba tse go neng go dulwa kwa go tsona kgapetsa-kgapetsa mo ngwageng.
Gangwe le gape, batswantle ba ne ba letlwa go dirisa lefatshe la morafe mme bona ba neele kgosi tlotla kgotsa tuelo. Fela ga se ka motsi ope mo lefatshe le neng le letlwa go ka nna la motho ka boena. Ke ona mokgwa ono wa temôthuo ya batlhotlhomi o o santseng o diragatswa kwa Richtersveld World Heritage Site.
Translated by Nchema Rapoo