BaKhoiKhoi ba Richtersveld
Setlhopha se Sešwa sa Batho
Dingwaga di ka nna 2000 tse di fetileng, setlhopha sa batho ba ba ntšhwa se tlhageletse. Ba ne ba tsalana thata le baBushmen, ka pharologano ele esi e kgolo. E ne ele barui; balemirui ba batlhotlhomi ba ba neng ba sasanka le naga ka metlhape dinku tsa megatla e mekima tse di godiseditsweng gae. Morago, ba ne gape ba lema dijalo, ba rua dikgomo mme, ka dinako tsa bokoloniale, ba tsentsha dipodi mo leruong la bona. Ba ne ba tsweletse go tsoma diphologolo tsa naga, ba itlhophela go dirisa leruo la bona mo medirong ya setso, fela kgorogo ya baKhoiKhoi e lerile mahube a paka e ntšhwa.
Tlholegô ya baKhoiKhoi ga e a totobala. Bakwadi ba koloniale ba pejana ba umaka fa ba tswa kwa Asia, mme ba hudugela borwa ka nako ya morwalela o mogolo. Bangwe ebile ba rile ba na le madi a boHamitic kgotsa boJuta. Ka kobego ya ngwagakgolo, borrahistori Stow le Cooke ba umakile fa ba tswa kwa sedikeng sa matsha a magolo kwa bogareng jwa Afrika, pele ba hudugela tlase le lobopo lwa bophirima lwa seka-kontinente. Fela borrahistori ba sešweng, jaaka Richard Elphick, ba dirile dipatlisiso tsa diteme tse di ikanyegang botoka ka ga baKhoiKhoi, mme ga jaana go amogelwa gore ba tlholegile kwa Zambezi Valley ya bokone jwa Botswana.
Phetogo
Fano, barui ba dirile phetogo gotswa mo go nneng setšhaba sa batsomi-bakokoanyi goya kwa setsong sa go rua diphologolo tse di godiseditsweng fa gae. Mokgwa ono wa ‘technology’ ya temôthuo o tlholegile kwa Botlhaba-gare dingwaga di ka nna 10 000 tse di fetileng. O fitlheletse bokone jwa Sahara dingwaga di ka nna 7000 tse di fetileng mme wa tswelela go anama goya tlase le kontinente ya Afrika, kwa o tserweng ke merafe ya Bantu ya Afrika Bophirima.
Batho bano, mo moragong, ba tshotse setso seno sa borui fa ba simolola go hudugela borwa, mme sa fitlhelela Afrika Botlhaba dingwaga di ka nna 4000 tse di fetileng le borwa jwa Afrika moragonyana. Go akanngwa fa baKhoikhoi ba tsere mokgwa ono wa borui gotswa mo merafeng eno ya Bantu. Fela, go na le baakanyi bangwe ba ba umakang fa baKhoiKhoi ba tlhamile setso sa borui ka bo bona, fela seno se santse se ngangisanelwa ke baithuti ba ba mafolofolo bao.
Legale, fa baKhoikhoi ba ne ba setse ba tlampuretse mokgwa o montšhwa ono wa temôthuo, ba tsere dinku tsa bona mme ba hudugela borwa, ba kgabaganya Noka ya Orange gaufi le makopanelo a yona le noka ya Lekwa magareng ga dingwaga di le 2000 le di le 1600 tse di fetileng. Go tloga fa ntlheng e, ba simolotse go phatlalala go tsena ka botlhaba, borwa le bophirima jwa Kapa. Merafe ya Bantu, mo lephateng la yona, e gorogile mo Borwa jwa Afrika nako e khutswane morago ga fao mme ya dula go ikala le lobopo lwa botlhaba le kwa naga-gareng.
Merafe e e Itlhaotseng
Mo tsamaong ya nako, baKhoiKhoi ba ne ba itlhoma jaaka merafe ele mmalwa e e itlhaotseng, mongwe le mongwe ka mafatshe le maleme a ona. Ditlhopha tseno tsa sepolotiki di ne di rulagantswe goya ka thulaganyo ya tatelano-maemo, e e itlhomileng ka dikgosi, matona le masika a lolapa. Ka jalo, ka sekai, ne o tla nna le Cochoqua le Guriqua kwa borwa bophirima, Chainoqua, Hessequa, Gouriqua, Attaqua le Houteniqua kwa botlhaba le Goringhaiqua, Gorachouqua le Goringhaikona go dikologa Cape Peninsula.
Kwa molomong wa Noka ya Orange, baKhoiKhoi ba kgaogane ka ditlhopha di le pedi. BaNamaqua e Kgolo ba dutse kwa bokone jwa noka mo go se se nnileng Namibia. BaNamaqua e Potlana ba tladitse kgaolo e e kwa borwa, go thaya masika ale matlhano magareng ga Noka ya Orange le Vanrhynsdorp ya gompieno. Batho bano ba neile kgaolo leina la yona la ga jaana, mme ke badimo ba baNama ba gompieno, ba ba santseng ba dula kwa Richtersveld.
Translated by Nchema Rapoo